Jalô ya Swiss Chard

© Louise Brodie

Jadisô

Jadisô ke gotswa peong.

Mokgwa wa Jalô

Jalô ya peo ka tlhamalalô mo mmung e a diriswa mme phokotso e ka diragatswa go netefatsa katoganô e e nepagatseng. Jalô ka metšhine le yona e a dirwa go netefatsa katoganô e e nepagatseng ka motsi wa jalô. Dipeo di tshwanetse go ka jalelwa kwa boteng jwa 20cm. Matlhogela le ona a ka jalwa mo makiding mme a jalololwa fa a goletse mo boleeleng jwa di-centimeter di le lesome.

Katoganô

Dijalo di tshwanetse go ka katoganngwa ka sekgala sa 20cm mo meleng e e katoganeng ka 30 goya go 40cm. Seno ke dijalo di le 16 goya go 30 mo m². Ka jalo ke dijalo di le 160 000 goya go 300 000+ mo hekethareng.

Nako ya Jalô

Le fa sejalo seno se ka jalwa mo ngwageng otlhe fela fa bosa ele jo bo siameng, mo Afrika Borwa go na le dinako tse pedi tse di kgolo tsa jalô tse di diriswang. Ferikgong go fitlha ka Moranang fa mariga a se tsididi thata le Phatwe go fitlha Sedimonthole.

Paka ya Kgolô

Kotulo ya matlhare a kwa ntle a ntlha e ka simolola malatsi ale 70 goya go 80 morago ga jalô. Go netefatsa paka tse telele tsa tlhagiso mme ka jalo thôbô e e kwa godimo, Swiss chard e tlhoka motswedi wa Nitrogen wa ka metlha mo mmung.

Kumiso

Pele ga jalô fa mmu o santse o baakanngwa, o phepafatswa le go nontshwa, tshêlô ya ntlha ya magareng ga 700kg le 1000kg ya motswako o o siameng wa Nitrogen, Phosphates le Potassium jaaka 2:3:2 e tshwanetse go ka tswakanngwa mo mmung o o fa godimo. Morago ga fao, 250kg ya LAN e tshwanetse go ka tshelwa mo dibekeng di le nne le gape di le robedi pele ga jalô. Tiriso ya mosutele wa dikgogo o o nang le Nitrogen ele ntsi le yona e okeditse dithôbô thata goya kwa bogolong jo bo ka nna 70 tons mo hekethareng.

Nosetsô

Mo kgweding ya ntlha ya kgolô ya sejalo mmu o tshwanetse go lekolwa tsatsi ka tsatsi go netefatsa fa sejalo se sa bolawe ke kgatelelô ya metsi mo mmung ka ge sejalo se koafatswa ke seno. Mo dithemphoritšhareng tse di kwa godimo mo mebung e omelelang ka bonako, dinosetsô tsa beke le beke kgotsa ebile tsa gabedi mo bekeng di tshwanetse go ka dirwa. Mo dikgaolong tse di rurufetseng nosetsô e ka taoloswa go malatsi a le 14 mo magareng mo mebung e e bokete. Gopola ka metlha gore Swiss chard ka modithulaganyo wa yona o o seng boteng e koafatswa ke kgatelelô ya metsi mo mmung. Go botlhokwa go tlhola kgatelelô ya metsi mo mmung gabedi mo bekeng.

Translated by Nchema Rapoo