Taolô-Jalo ya Swiss Chard

© Louise Brodie

Tikoloso ya Sejalo

Ke mokgwa-tiriso o o siameng go dikolosa dijalo fa o tlhagisa Swiss chard go thibela kagegô ya disenyi le malwetse. Dikolosa ka lephutshe, dinawa, dinawa tse tala, lettuce, ditamati, ditapole le khabetšhe.

Thôbô (di-tonne mo hekethareng)

E e lekaneng: 20 tonnes
E e magareng: 30 tonnes
E e siameng: 50+ tonnes

Kotulo

Kotulo gantsi e dirwa ka seatla ka go dirisa dithipa tse di bogale kgotsa dikere tse di nnye mo ditshimong tse di nnye kgotsa madirelo a temothuo. Seno se letla balemi go kotula ka paka e e atologileng mme ka jalo thôbô e ya oketsega. Kgaola fela matlhare a a kwa ntle mo boleeleng jwa 40mm gotswa fa fatshe. Seno se tshwanetse go dirwa ka metlha go rotloetsa kgolô mme ka jalo go oketsa thôbô. Mo madirelong a magolo a temô ya kgwebo seno ka nako dingwe se dirwa ka metšhine. Mo madirelong ano a magolo bontsi jwa sejalo gantsi bo kwa godimo.

Poloko

Swiss chard ga e bolokege sentle mme e tshwanetse go bewa mo motlaaganeng o o rurufetseng ka bonako jo bo kgonagalang morago ga kotulo. Dipholô tse di gaisang di mo themphoritšhareng e e magareng ga 2°C le 4°C le bongôla jo bo kwa godimo ga 85%. Swiss chard e tshwanetse go tsholwa mo setsidifatsing sebaka se se fitlhang malatsi a le 7 pele e ka jewa go netefatsa setlhagiswa se se boleng. Ka jalo setlhagiswa se tshwanetse go goroga kwa moreking ka bonako jo bo kgonagalang morago ga kotulo.

Disenyi

Nematodes, Cutworm, Aphids, Hawaiian Beet Worm, Loopers, Leaf Miners le maritshe.

Malwetse

Leaf spot, Downy Mildew, Curly top le phori.

Translated by Nchema Rapoo