Souzao

© Silvaspoons

Tlhaloso

Souzão ke veine e khibidu ya mefuta e e farologaneng go tswa kgaolong ya Minho e e kwa Portugal Bokone gantsi e dirisiwa go dira diveine tsa mofuta wa port (mogorogoro wa Duoro) le Vinho Verde (‘diveine tse di šwa’) kwa Portugal Bokone. Souzão gape e ya jetswe kwa Australia, California, Spain le Aforika Borwa.

Tshimologo

Kwa Portugal

Maina a Mangwe

Souzão gape e peletwa ‘Sousao’ kgotsa Souson fela jaaka go tshwanetse Vinhao. Mo kagolong ya Galicia kwa Spain mo Souzão e jetsweng gona, e bidiwa Tinta Pais. Mo Aforika Borwa, mofuta o kwadisitswe jaaka Souzão. Makaelagongwe a mangwe a akaretsa: Tinto Nacional, Tinto Antigo, Tinto da Parada, Negrao, Negrao Pe de Perdiz, Espadeiro da Tinta, Espadeiro Basto, Espadeiro Preto le Pinta Femea.

Tweletso mo Aforika Borwa

Souzão e tlile mo Aforika Borwa ka bo1920 fela ka go nna le 44ha e e jetsweng mo teng - bontsi jwa magae a diterebe (24ha) a fitlhelwa mo kgaolong ya Swartland. Magae a diterebe a bogologolo go feta otlhe – a a jetsweng ka 1976 – a fitlhelwa mo polaseng ya Allesverloren kwa Mogoroogorong wa Riebeek. Polase e tumile ya tiriso ya yone ya setso ya diveine tsa mefuta ya port tsa mefutapeo ya tse khibidu.

Kgolo

Souzão e mo magareng, emelela o ka thobo ya palogare ya ditono tse 10 – 12 ka heketara mme bantshakuno ba bangwe ba tlhopha go fokotsa bokana ba kumo go -10 ditono tse 6 ka heketara. Ke go bonolo go gola, o o o nonneng e le copes le mogote.

Go Butswa

Souzão e tsaya nako e telele go butswa e ka kotulwa morago ga nako bogareng jwa setlha (morago ga nako ka Tlhakole go ya go bogareng jwa Mopitlwe) kwa maemong a sukiri a ka nnang 24 - 26° ge e gomolotswe.

Borekhu

Borekhu jwa botala jwa loapi-bontsho di tletseng sentle ka diako tsa bolee mo le go nna le letlalo le le thata le mafurana a go thunya. Ka bobedi letlalo le matute di tsenya mmala mo veineng.

Matlhare

Souzão e na le matlhare a bosetlha botala a bogolo jo bo golwane, mareto a tharo go ya go botlhano e na le mokgwa wa go busetsa morago go tswa mathokong.

Disenyi le Malwetse

Souzão e na le kgono e e kwa godimo ga palogare ya kemokgatlhanong le botrytis le monyo wa lerole o o bofefo wa kwa tlase.

Dirisa

Mo Aforika Borwa Souzão e dirisiwa mo metswakong ya veine e khibidu mo boemong jwa setaele sa diveine tsa lebopong. Kabelo ya yona e kgolo mo diveining ke yona mmala o o siameng thata- mmala o tshwana go ya go sebalafatsi se se ntsho. Mo godimo ga bojalwa le botlha jwa tlhago, terebe ya Souzão gape e tlaleletsa go matlafatsa tatso. Ga e sa tlhole e atlenegiswa go tsofala go feta dingwaga di le tlhano.

Tatso/Moutlwalo

Dintlha tsa tatso ya meutlwalo e jaana e akaretsa go nna jalo jaaka ‘blackcurrant’, e tlhaga,’ liquorice’, seloki le ge e le letlalo mme ba bangwe ba balatswi ba tlhalositse tatso ya Souzão e le magelejwa le go nna bomoretlwa. Veine e etswang mo diterebeng tsa mo dikgaolong tse bollo di ka nna le tatso e e 'bojeme’.

Translated by Lawrence Ndou