Sengaparile se Dirisetswa Arthritis

© Olga Ernst
Sengaparile ke semela se se tshelang sebaka se se hupelang dijo ka fa tlase ga mmu, se se falolang mo dikgaolong tse di omeletseng tsa Kgalagadi ka go boloka metsi le dikotla mo digwereng tsa ka fa tlase ga mmu tsa boleele jo bo ka fitlhang 25cm le bophara jwa 6cm. Mefuta ele mebedi - Harpagophytum procumbens le Harpagophytum zeyheri e fitlhelwa kwa Namibia, Botswana le Afrika Borwa, mmogo le kwa Angola, Zambia, Zimbabwe le Mozambique (H. zeyheri).
Semela se na le dikalana tse di petlekang mme se tlhagisa sethunya se se phepôle-pinki sa sebopego sa torompeta, se se thunyang letsatsi le le lengwe fela ka selemo - Ngwanatsele go fitlha Moranang. Leina le kaya tebego ya huku ya leungo (‘mebitlwa’).
Basarwa le merafe ya Bantu ya Borwa jwa Afrika ba diriseditse sengaparile pipêlô, malwetse a madi, matshoromo, methinyô le kgeleswa. Ditiriso tse di gaisang e ne ele go se nwa jaaka tee kgotsa go ja modi o o dirilweng lorole, fela se ne gape se tshaswa mo letlalong. Gompieno, molemô o bonwa jaaka dipilisi, di-capsule, ditee, tinctures le dikhirimi.
Motswa-Bophirima wa ntlha go ithuta ka sengaparile e ne ele Mojeremane, G.H. Mehnert, yo o ithutileng ka semela seno gotswa go Basarwa le BaNama kwa Namibia ka 1904. (Gompieno Germany e itemogela thomelo-gare e kgolo ya more ono.)
Tlhale e ntsho ya sengaparile e diriswa mo go logweng ga ditlatlana mme dithapo tse di omisitsweng di ka obolwa le go jewa. Leungo le leša le ka apewa jaaka morogo o o tshwanang le okra.
Ditiriso tsa sešweng tsa semela di akaretsa jaaka sethibela-kgotelo se se senang steroid le seritibatsa setlhabi sa arthritis - se dira ka mokgwa o o tshwanang le wa cortisone fela ntle le ditlamorago tse di sa siamang. Fela, go na le pharologanyô dingwe - ka sekai, sengaparile se kganeditswe go diriswa mo bolwetseng jwa sukiri le ke batho ba ba nang le seromo.
Ka 2002, dijalô tsa ntlha tse di atlegileng mo Afrika Borwa le Namibia di ne tsa dirwa mme matlhogela ale 250 000 ka 2003 a ntshitse 40-ton ya thôbô ka 2004. Ga jaana Namibia e tlhagisa bontsi (90%) jwa ntshô-ntle. Mo Afrika Borwa, sengaparile se fitlhelwa kwa diporofenseng tsa Limpopo, Kapa Bokone (kotulo e e lekanyeditsweng) le Bokone Bophirima (kotulo ya kgwebo).
Sengaparile se ka bontsi kwa dinageng tsa tlhaga kwa se ithatelang mebu e e boteng ya motlhaba e e tswang metsi sentle, kwa dikarolong tse kwa go tsona dimela tsa tlhagô di ntshitsweng, jaaka fa thoko ga tsela kgotsa mafatshe a a phuagantsweng. Sejalo se mediswa ka peo kgotsa ka go jalelela digwere tse dingwe. Se gola ka bonaga, sejalo se siamela kotulo morago ga dingwaga di le nne.
Kotulo e akaretsa go epa (boteng jwa 1-2m), go ntsha, go segelela le go omisa digwere. Sengaparile ke semela se se sireleditsweng mo Afrika Borwa, Botswana le Namibia. Se no se raya gore ga go ka fa molaong go epolola kgotsa go kotula le fa e ka nna sejalo se le sengwe, ntle le lekwalo-tetla gotswa kwa mafapheng a a farologaneng a tshomarelo-tlhagô.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo