Sceletium Tortuosum - Sekaonafatsa-Maikutko sa Setso

© Alice Notten of Kirstenbosch
Semela seno sa go pagama kgotsa go gagaba - Sceletium tortuosum - se ntse se itswe le go diriswa mo Afrika Borwa dingwaga-kgolo di le di ntsi. Basarwa ba dirisitse semela le go itsise ditlamorago tsa sona tsa bokaonafatsa-maikutlo go bakoloniale ba pejana ka bo 1662. Se itsagale jaaka tortuose fig marigold, ‘kanna’ kgotsa ‘kougoed’ (lereo la seAfrikaans le le kayang ‘sengwe sa go tlhafunwa’), sediro sa semela se se omisitsweng se ne se tlhafunwa, segogwa kgotsa se sunetswa jaaka motsoko. Se tlhagisitse matlhagatlhaga le botsibogô mme ka bonolo sa repisa maikutlo. Sene se diriswa gape ke badisa le batsumi go gatelela keletsô ya dijo fa ba le kwa nageng.
Tee e e dirilweng gotswa go kanna gantsi e diriswa go kgwisa matagwa bojalwa mme loswana lo lo nnye lwa yona mo mašing a letsele lo ka alafa colic mo maseeng - e santse e diriswa mo merafeng e mengwe ya kwa magaeng.
Tsela e e tlwaelegileng ya go dira ‘kanna’ ke go tšhwetla, go bedisa le go omisa. Semela se a kotulwa (nako dingwe se feletse, fela medi e ntshitswe), mme se tšhwetlwe, se tsenngwe mo kgetseng (ka setso matlalo a diphologolo a ne a diriswa) mme se tlogelwe malatsi ale mmalwa gore se bele. Mme morago se anegwe mo letsatsing gore se ome, mme morago se dirwe molora le go gogwa, go tlhafunwa kgotsa go dirwa tee. Tšhwetlô le pediso di botlhokwa mo go fokotseng dielo tse di ka nnang kotsi tsa esiti ya oxalic. Thôbô e e ka nnang 4g e solofelwa gotswa go 100g ya sediro se se foreshe.
Mediriso ya sešeng e akareditse Sceletium tortuosum mo melemong ya e e kgatlhanong le tshwenyegô-maikutlo le kgatelegô-maikutlo. E na le mesembrine le metswako e e amanang le yona e e itsagaleng ka ditlamorago tsa yona mo thulaganyong-methapo ya bogareng. Metswako eno gape e dira jaaka didiegisa tsewô ya serotonin, e diriswa mo kalafong ya kgatelelô ya maikutlo e e kwa tlase goya go e e bogareng, ikaegô mo bojalweng le diritibatsing, bulimia nervosa le Obsesive-Compulsive Disorders.
Zembrin® e e tlhagisitsweng le go kwadiswa semmuso mo Afrika Borwa, ke setswa mo Sceletium tortousum. Zembrin® e dirilwe dipatlisiso le go tlhanngwa sebaka se se fetang ngwagasome mme e bonwa mo Afrika Borwa le kwa USA jaaka moriana o o rekwang kwa lebenkeleng o o kaonafatsang maikutlo, o fokotsa tshwenyego-maikutlo le kgatelegô-maikutlo.
E diriswa gape jaaka setlaleletsi go thusa go alafa tenegô ka motsi wa menopause, tokafatso ya libido (fa ele ka ntlha ya tshwenyegô-maikutlo) mme e thusa mo matsading a kgatelelô ya morago ga letshogô, jaaka karolo ya lenaneo la tshegetso. ‘Kanna’ ga se hallucinogenic.
Tulo ya sona ya tlhagô ke kwa Succulent Karoo kwa e ithatelang mmu o o humileng ka quartz mme e golela mo meriting ya ditlhatsana. Se bonolo go jalwa, se mela gotswa mo mesegông kgotsa peong mme se ka medisetswa mo dipitseng tsa dijalo. Se ikhutsa ka selemo mme ga se a tshwanela go nosetswa. Sejalo se tshaba segagane thata.
Ka ntlha ya kotulo e e botlhaswa, Sceletium e sewelo mo tikologong ya yona ya tlhagô. Dijalo ka bontsi di fitlhelwa kwa Nelspruit le Tzaneen, fela semela se mela ka tlhagô kwa Namaqualand goya Montagu (Kapa Bophirima) le Aberdeen (Kapa Botlhaba).

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo