Go Roba le go Butswa ga Diabokado

© Photo courtesy of the California Avocado Commission

Go botlhokwa go itse gore diabokado ga di butswe fa di le mo setlhareng, mme di tshwanetse go nopolwa go di thusa go butswa.

Go Nopolwa Neng Diabokado

©Subtrop

Maungo a tshwanetse go nopolwa fa a budule gotlhelele mme maungo a tla butswa fela morago ga go nopola. Fa di nopolwa di santse di le tala, maungo ga a kitla a butswa mme bogolo a tla swaba.

Ka boleng bo bo siameng ba go ja, diabokado di tshwanetse go nna le diteng tsa oli ka bonnye diperesente di le 10. Diteko tsa monola di a dirwa pele ga go simololwa go roba go dirisiwa didiriswa tse di kgethegileng tse di bidiwang ditshekatsheko tsa monola di a dirwa kgotsa ka go omisa dikao mo ontong kgotsa onto ya mmakeroweife.

Thobo ya Afokado

Go ikaega ka kgaolo ya ntshokuno gammogo le setlhare - mefuta ya kwa pele kgotsa kwa morago mo setlheng - thobo ya diabokado mo Aforika Borwa e ka simolola ka Tlhakole le Fuerte mme e khutla ka Diphalane/Ngwanatsele ka Lamb Hass le Ryan. Mefuta e mešwa e a tlhabololwa le go jalwa gto oketsa setlha sa thobo ya abokado.

Diabokado di nopolwa ka seatla mme da isiwa kwa lefelong la phuthelo fao di sekisekiwang go bona dikgobalo le dilabe. Di tlhaolwa go ya ka bokana e be di tlhatswiwa ka tlhatso ya tlhaolo ya thibela mouta. Diabokado di phuthelwa mo gareng ga mabokoso, diterei, dikgetsana tsa letloa kgotsa dikgetsana tsa ditšhekase, go ya fela ka mmaraka.

Mo tsamaong ya go roba, mo thulaganyong ya go tlhopha le go phuthela tlhokomelo e a tsewa e seng go baka tshenyo ya manala le thurugo ya maungo; badiri ba apare ditlelafo go sireletsa leungo mo tshenyegong.

Poloko le Go Butswa ga Diabokado

©Westfalia Fruit

Diabokado tsa mo Aforika Borwa di romelwa ntle ka ga dithoto tsa lewatle go tswa kwa Kapa go ya kwa Yuropa. Leeto la lewatle le le tsayang magareng ga malatsi a le 14 go ya go 18 le go fitlhela mo malatsing a le 25 go fitlhelela kwa lebenkeleng kwa Yuropa le go fokotsa thulaganyo ya go butswa, diabokado di tsholwa di le tsiditsana le go tsenywa mo ditshelong tsa setsidifatsi kw atlase ga mamemo a a laolwang (CA).

Fa poloko e leng e e tsididitsana le themphereitšha ya tsamaiso, thulaganyo ya go butswa e nna bonya, mme kelo tlhoko e tshwanetse go tila kgobalo ya serame tlhabang. Doabokado tsa tshimologo ya setlha jaaka Fuerte di mo kotsing ka go kgethega mo polokong ya dithemphereitšha tse di kwa tlase ga 5 °C mme di ka tlhola tatlhego ya mmala mo teng ga setheo go nna bosetlha kgotsa o o borokwa le dipatso tse di ntsho tse di bopegang mo letlalong. 

Mokgatlho wa Bajadi ba Diaboka ba Aforika Borwa (SAAGA) e atlenegisa themphereitšha ya 6 - 7 °C le bongola bo bo rileng ba 85 - 95%. Themphereitšha ya 7.5 °C mo leungong la mo tshimologong ya setlha ke e siameng. Go tsibosa go nna boleta ga leungo, diabokado di tsholwa letsatsi le le lengwe kgotsa a mabedi ka 20 - 25 °C kwa bongola bo bo ka nnang.

Diabokado ga di a tshwanela go bolokwa nako e telele le dikuno tse di ntshang ethylene jaaka dibanana, diapole kgotsa khabetšhe jaaka gase ya ethylene e ka tlhola tatlhego ya mmala mo teng ga setheo. Le gale, go thusa go butswa ka bonako kwa gae, diabokado di ka beiwa le dibanana mo kgetsaneng e borokwa malatsi a mmalwa.

Translated by Lawrence Ndou