Kotulo ya Ditlhapi sa Metsi a a Foreshe

© Louise Brodie

Mokgwa o o tshwanetseng wa go kotula le tlhokomelo ya kgolagano-tsididi gotswa mo lefelong-tlhagiso goya kwa bodirelong jwa tlhapi di botlhokwa go boleng jwa tlhapi. ‘Kgolagano-tsididi’ e kaya go tshola dithemphoritšhara di le kwa tlase gotswa kwa letamong goya kwa bodirelong le go fitlha kwa lebenkeleng le tlhapi e rekisetswang mo go lona.

Tsela ya go Kotula Tlhapi ya Metsi a a Foreshe

Netefatsa fa ditlhapi di tlhaolwa goya ka bogolo jo bo lekalekanang pele ga kotulo mme o bolaise ditlhapi tlala malatsi ale 3-5 pele ga kotulo, nako dingwe sebaka se se telelenyana fa themphoritšhara ya metsi ele kwa tlase, go gakolola Henk Stander, eleng molaodi-mogolo wa setegeniki wa Aquaculture: Department of Animal Sciences at Stellenbosch University. Go bolaisa tlala pele ga kotulo go tlile go ntsha se se mo maleng. Seno ga se tlile fela go thibela tatsô e e maswe le kgotlhelego ya microbial, fela go tlile go netefatsa bophepa jo bo botoka ka kakaretso le boleng ka motsi wa tlhabô. 

Kotulo ya trout gantsi e dirwa mo dikgweding tsa go sale gale tsa selemo mme e tshwanetse, ka jalo, ya simolola go sale gale mo mesong fa dithemphoritšhara di santse di rurufetse. Tilapia le catfish di kotulwa ngwaga otlhe.

Efoga go kgoma-kgoma tlhapi go go sa tlhokagaleng go go ka e tsenyang kgatelelô le go bakela tlhapi dikgobalo le tatlhegelô ya makakaba, mme ka jalo ga ama boleng jwa setlhagiswa.

Polao e e Botho ya Tlhapi

Tlhapi e ka bolawa ka go tshela setshwarisa-bogatsu mo metsing a a mo tankeng ya kotulo, jaaka sebolaya-bogatsu sa seêledi se se tswakanyegang le metsi sa ditlhapi, crustacea le abalone. Ga sena paka ya itharabologelo mme se ka diriswa go retibatsa ditlhapi fa di tsamaiswa (dikarolo di le 1 - 5 go million) kgotsa mo lobakeng lwa “kotulo e e ikhutsisitsweng’ (15 -20 ppm). Seno se raya gore ditlhapi di tshwariswa bogatsu mme ga di utlwe setlhabi sepe.

Morago ga kotulo, boloka ditlhapi ka fa tlase ga 5℃ ka go di apesa ka moalô wa mogatsela wa dikgapetlana. Dikgapetlana di tshwanetse go baakanngwa pele ga kotulo; reka dikgapetlana kgotsa itirele tsa gago.

Romela bontsi jo bo tshwanetseng jwa ditlhapi mo metemeng e e phepa kwa bodirelong ka nako le letlha tse go dumelwaneng ka tsona, fela ke mokgwa-tiriso o montle go romela sampole ya 50-80 kg ya tlhapi go bodirelo gore e dirwe ditekô pele ga kotulo. Sampole ya tekô e tlile go sekasekelwa tatsô, tebegô ka kakaretso mme mo lobakeng lwa trout, mmala wa nama. Ke fela fa morago ga gore sampole e dumelwe fa o tlileng go romela ditlhapi tse tsotlhe.

Se sengwe gape, molemirui wa tlhapi o tshwanetse gape go rulaganya bobolokelo jwa setsidifatsi jwa ditlhapi tse di kotutsweng le tse di gamaregileng mo mabakeng ao go sa kgonagaleng go romela ditlhapi tse di foreshe kwa madirelong.

O Ka Kotulo Tlhapi Leng

Mefuta ya ditlhapi tsa metsi a a foreshe e kotulwa mo boketeng jo bo farologaneng, go bua Henk Stander, molaodi-mogolo wa setegeniki wa Aquaculture Division of Stellenbosch University. 

Trout ke tlhapi ya setlha mme e ntsha mae thari ka dikgakologo kgotsa go sale gale ka selemo. Bokete jo bobotlana jwa trout ke 1 kg, fela ditlhwatlhwa tse di gaisang tsa kg nngwe le nngwe di fitlhelelwa ka bokete jwa tshelo jwa 1,2 - 1,3 kg. Ntshô ya nama e ka nna 80% (fa tlhogo le mala di ntshitswe) goya go 50% fa e segeletswe ka manathwana.

Tilapia le catfish di ntsha mae ngwaga otlhe mme di tshwanetse go tlhaolwa goya ka bogolo bobotlana gararo ka setlha sa kgolô ya tsona. Ditlhapi tse di nnye di tlhaolwa gotswa go tse di kgolo ka grading grid mme ditlhapi tse di kgolo di iswa kwa letamong kgotsa tankeng e nngwe. Fa ditlhapi di sa tlhaolwa goya ka bogolo, ditlhapi tse di kgolo di tlile go ja pele, mme seno se thibele ditlhapi tse di nnye go ka ja mo go lekaneng. Seno se tlile go isa kwa goreng pharologano ya seêlô sa kgolô le bogolo magareng ga ditlhapi tse di nnye le tse di kgolo e farologane go fetisa, go tlhalosa Henk. 

Tilapia di kotulwa ka bogolo jo bo ka nnang 250-300g fa di rekiswa jaaka tlhapi e e feletseng. Fa tilapia e rekiswa gore e segelelwe ka manathwana, bokete jo bo eletsegang bo tshwanetse go nna 0,8 kg - 1 kg.

Sharptooth catfish le yona e na le setlha sa ntshô-mae se se tswelelang-pele mme le yona e tlhoka go tlhaolwa goya ka bogolo mo botshelong jotlhe jwa yona. Catfish di rekiswa fela ka manathwana mme bokete jo bo eletsegang jwa tlhapi ke 1 kg. Kotulo ya kgwebo ya tlhapi ya temôthuo e lekanyeditswe ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di bokoa le dikakanyô tse di maswe tsa bareki mo Afrika Borwa.

Translated by Nchema Rapoo