Pineapple lily - Molemo wa Setso o o Tumileng

© Roger de la Harpe
Pineapple lily ya selebego se se sa tlwaelegang ke semela se se gakgamatsang sa segwere se se lebegang jaaka phaeneapole e tala e e thunyang. Ka go tlholega mo Afrika Borwa, dithunya tsa yona tse di botalanyana jo bo serolwana di rwele mo mebitlweng e me telele ka tlopo ya ‘matlhare’ a ma tala kwa godimo.
Eucomis autumnalis e bitswa gape krulkoppie (Afrikaans), ubuhlungu becanti kgotsa isithithibala esimathunzi (ka seXhosa) le umathunga, ukhokho kgotsa umakhandakantsele (ke seZulu). Eucomis e kaya eukomos ya seGreek - ‘moriri o montle’, fa autumnalis e kaya setlha sa thunyô le kungô.
Le fa segwere se le botlhole, dingaka tsa setso di dirisa metsi kgotsa maši a a tswang mo go sona go dira moriana wa setlhabi sa mokwatla, ditlhabi tsa mala, colic le flatulence. E ka thusa gape go fodisa setlamatlama, go alafa syphilis, go emisa letshoroma le go thusa mo pelegong. Metswako (flavonoids) e e fitlhelwang mo pineapple lily e na le mekgwa e e thibelang kgogegô ya mesima mme e na le bothibela-kgotelo le bothibela-mouta.
Dipatlisiso ka University of Natal di fitlhetse fa matlhare a dimela tse diša le digwere le ditswa-meding tsa dimela tse kgologolo di bontshitse bothibela-kgotelo jo bo kwa godimo, ka seêlo se se oketsegang goya kwa bofelong jwa setlha sa kgolô. Seno se paka goya pele tiriso ya matlhare le digwere tsa pineapple lily mo kalafong ya letshoroma le ditlhabi tse di amanang le kgotelo. Mo godimo ga fao, E. autumnalis ke moriana o o diriswang thata fa morago ga karô le mo phekolong ya thobegô ya marapo mo Afrika Borwa.
Segwere sa pineapple lily ke mongwe wa melemo e e tumileng go gaisa e e diriswang ke dingaka tsa setso mme kotulo e e tseneletseng ya kwa nageng e beile semela mo kotsing ya go diriswa botlhaswa le go nyelela. Dipatlisiso di supile fa bogolo jo bo magareng jwa digwere tse di rekisitsweng bo fokotsegile mo go utlwalang magareng ga 1995 le 2001. Seno go dumetswe fa ele sesupo sa tiriso-botlhaswa.
Go na le mefuta ele lesome mo borwa jwa Afrika e e fitlhelwang mo dikgweng tse di metsi tsa dithaba, dintshi tsa noka le dikgwa gotswa Kapa Botlhaba goya dinageng-godimo tsa Zimbabwe. Jadisô ke ya atô (fa segwere se ata), dipeo kgotsa mesegô ya letlhare. Sejalo sa tshimo se se kgatlhisang, pineapple lily gantsi e jalwa ka bontsi kwa ditshimong tsa matlapana kwa e kgonang go itshokela mmu o o bokoa le dipula tsa mariga, fela e tla dira sentle mo mmung o o humileng.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo