Pherefere ka Kakaretsô

© Louise Brodie

Leina la Bonetetshi: Capsicum Frutescens
Maina a Tlwaelô: Chilli Pepper kgotsa Chilli

Tlhalosô ya Sejalo

Sejalo sa pherefere se na le matlhare a matala a a kgolokwe ya lee e telele ale tshesane e e nnang metsu kwa dintlhaneng. Sejalo sa pherefere se ka nna mo setlhatshaneng se se golang se emeletse ka go tlhamalala, mo boleeleng jwa metara ole mongwe, kgotsa mefuta e mengwe e tshwana le ditlhatshana mme e rapalela mo mmung. Tatso ya yona e itlhagisa ka tatso e e ‘babang’ e e fisang molomo wa gago. Pabô e bakwa ke khemikhale ya capsaicin e e tlhagiswang mo pherefereng.

Ditiriso

Pherefere e diriswa mo go apeêng go tsenya tatso le mogote mo merogong kgotsa nameng. E diriswa ele foreshe kgotsa e omisitswe.

Ditlhokegô le Dipaakanyô tsa Mmu

Di ithatela mmu wa motlhaba o o serokwa goya go o o serokwa o o ntshitsweng metsi sentle. Medi e kokoane fela mo mmung wa mo bogodimong jwa 30 goya go 40, ka jalo nosetsô e tshwanetse go ka laolwa sentle go thibela kgatelelô ya metsi mo mmung, e sejalo se e tshabang. Monontsha o tshwanetse go nna ka seelo se se kwa godimo mo mmung, go seng jalo monontsha le mosutele di tshwanetse go ka tlhakanngwa mo mmung pele ga jalô. pH ya mmu e e eletswang e tshwanetse go ka nna mo magareng ga 6.0 le 7.0.

Bosa

Pherefere ke sejalo sa bosa jo bo bothitho se se tshabang serame le segagane, mme kgolô e kgoreletswa go utlwala ke dithemphoritšhara tse di kwa tlase ga 15°C, fela le ke dithemphoritšhara tse di kwa godimo ga 35°C. Di diragatsa bontle fa dithemphoritšhara tsa motshegare di ya tlase le godimo magareng ga 24°C le 30°C mme dithemphoritšhara tsa bosigo di ya tlase le godimo magareng ga 15°C le 20°C.
Fela fa leungo le sena go butswa di batla bosa jo bo omileng ntle le pula, ka ge pula e baka matsapa a taolô ya malwetse le a nosetsô. E kgoreletsa gape kômô ya pherefere mo sejalong go mefuta e e bolokwang e omile gore e rekiswe morago kgotsa e phetolwe.

Dijadi

Go na le dijadi di le di ntsi tsa pherefere, fela a re umake di le mmalwa: Anaheim, Inchanga, Long Red Cayenne, Trinidad, Long Slim Cayenne, Pendant, Scotch Bonnet, Serrano Spitfire, Habanero, Super Cayenne, Ristra, Super Chilli, Skyline.
Go phela go na le mefuta-tswakanngwa e mentšhwa e e bopiwang le go tlhagiswa e e gatisang dimelo tse di itlhaotseng jaaka pabô, ntshô-tlhagiso le go nonofatsa twantshô kgatlhanong le disenyi le malwetse.
Fela go botlhale go golagana le moitseanape wa peo wa selegae le bothati jwa tsa temô kgotsa agronomist mo kgaolong ya gago go ka go thusa mo tlhophong ya dijadi tse di gaisang tsa maêmô a gago a bosa le mmu.

Translated by Nchema Rapoo