Oli ya Sage: Moriana wa Bogologolo

© Stan Shebs of University of California Botanical Garden
Sage (Salvia officinalis) ke setlhatshana se se tshelang sebaka ka matlhare a a monkgo a botala jo bo setlhefetseng, le boleele jo bo ka nnang 60cm mo lolapeng lwa Labiatae/Lamiaceae. E ithatela dikgaolo tsa Botlhaba-Gare le tsa Mediterranean, fela gompieno e dirilwe sejalo go ralala lefatshe, go akaretsa le mo Afrika Borwa. Mo Afrika Borwa, leina la seAfrikaans ‘blou blom salie’ le kaya Salvia africana-caerulea (kgotsa blue mountain sage).
Seno e ne ele sengwe sa dimela tsa ntlha go dirisetswa kalafi ke ma-Dutch kwa Kapa, ba ba neng ba se dirisa mo boêmông jwa Salvia officinalis.
Moriana o ne o dirwa ka go tswakanya tee ya S. africana-caerulea le letswai la Epsom le matute a ratsuru go alafa mathata a mala, go akaretsa colic le letshololo. Matlhare a ne a diriswa ke Basarwa go alafa mathata a sesadi le malwetse a sehuba.
Fa e sale e diriswa bogologolo tala, sage e ne e kwadilwe mo Ebers Papyrus (1500 BC) jaaka moriana wa go babelwa, mme balatedi ba Hippocrates (ngaka ya moGreek yo a tshetseng ka dingwaga tsa 40 BC) ba tlotlomaditse ditlamorago tsa yona tse di dipoelo go menstruation. Ditiriso tse dingwe tsa setso di akaretsa go dirisa sage jaaka more mo dijong le tee e e diriswang go alafa lesokolela, kgokgotso e e botlhoko, go fufulelwa thata le go lebala ka pele. Dipatlisiso tsa sešweng di bonagala fa di netefatsa fa sage e ka nna moriana wa bolwetse jwa Alzheimer's.
Jaaka moriana o o tlotswang, e dirisetswa dithinyegô, thurugô le gotswa madi.
S. officinalis e ka dirisetswa go alafa malwetse a a akaretsang go kanakanyega, seromo, gout, sekorotane, kgotelo, sediidi, go roroma, go swa mhama, letshololo le kgatelelô e e kwa godimo ya madi. Sešweng, semela seno e ntse modi wa dipatlisiso tse di tseneletseng go ka bona ditlamorago tse dingwe tsa maranyana a ditshedi. Diphitlhelelo tseno di akaretsa twantsho-kankere, twantsho-kgotelo, antinociceptive, antioxidant, twantsho-megare, antimutagenic, antidementia, ditlamorago tsa hypoglycemic le hypolipidemic.
Oli e e botlhokwa ya Sage e tlhagiswa mo Afrika Borwa. Tlhokagalo - mo gae le boditšhabatšhaba - e santse ele potlana, fela e a gola. Dimela di kotulwa ka motsi wa thunyô, ka go dirisa semela sotlhe (o se sega 20cm gotswa thitông) mo morago e rothiswang ka tiriso ya mosi wa metsi
Blue Mountain Sage e ithatela mmu o o matlapa wa alkaline, mme e golela kwa boleeleng jo bo ka fitlhang 2m. Gantsi e jalelwa boleng jwa yona jwa kgabiso - fa e phela e segwa sentle.
Salvia africana-caerulea e gola bonola, mo letsatsing mo mmung o o ntshitsweng metsi sentle (e ka itshokela segagane se se sesane) mme e mediswa ka peo kgotsa mesegô. Dijalo tse di lemosegang (tse di jetsweng gotswa mo mesegông) di kwa Porterville kwa Kapa Bophirima.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo