Oli ya Motlhware mo Aforika Borwa

© SA Olive

Indasteri ya oli ya motlhware e sa ntse e le e nnye thata mme e ka nna le kabo mo tlhokegong e e ka nnang ya boraro ya Aforika Borwa, le ga go ntse jalo re isa ntshakuno ya sona go ya kwa dinageng tse dingwe tsa boagisane.

Motlhware o jalwa ka seatla mme e ntshiwa ka mekgwa ya segompieno Bontsi ba bantshakuno ba oli ya motlhware mo Aforika borwa ba aba ntshokuno ya boleng bo bo kwa godimo thata ba ‘mokgwa wa bothiki’, segolo-setona ba boleng bo bo sekileng bo bo oketsegileng.

Mefutafuta ya Oli ya Metlhware

Le fa e le gore go na le makgolo a mefutafuta ya ditlhare tsa metllware, mefutafuta e e tlhophilweng ya motlhware wa tafole kgotsa go dira oli go ya ka poelo ya bona, diteng tsa oli, bogolo ba motlhware le tatso, nako ya go butswa le dintlha tse dingwe.

Mefutafuta ya oli e e dirisiwang mo Aforika Borwa e akaretsa Frantoio (dihektare tse di 747), Coratina (dihektare tsa – dijalwa di oketsegile ka 56% go tswa kwa 2012 go ya kwa 2018) le FS18 eo dijalwa le tsona tse di oketsegileng ka 35% go ya ka dihektare tse 231 go ya ka nako e le nngwe.

Dijalwa tsa mefutafuta e megolo ya Aforika Borwa Frantoio di fokotsegile ka 15% fa dijalo tse di ntsi tse dintšhwa di a jalwa, le fa e le gore dihektare tse mmalwa tsa oli ya motlhware e nngwe le e nngwe e ‘Ntšhwa’ ya mefutafuta mo Aforika Borwa – mefutafuta e e jadilweng go tswa ka 2012 go isa kwa pele - e akaretsa Picual (hektare tse di 78), Arbequina (hektare tse di 54) le Koroneiki (dihektare tse di 52). 

Mefutafuta e mengwe le e mengwe e na le sebopego sa tatso e e kgethegileng le dithoto tsa khemikhale. Gantsi dioli tsa metlhware go tswa kwa mefutafuteng e e farologaneng e a tlhakantshiwa go tlhola sebopego sa tatso e e rileng. Sekao, Arbequina ya boungo e a lebogiwa ka bokoko ba yona, bobotoro, monkgo wa tatso o o sisinyang apole le athitšhouku e na le maemo a kwa tlase a a babang le boloki. Ka go farologana, Frantoio ke ya monkgo thata, ka diphopholego tse ditala le tatso ya bosukiri ga nnyane, pheleletso ka go baba le dintlha tse fitlhegileng tsa boloki. Dioli tse dingwe di a ratwa ka bojang le dinoutse tsa bopherefere; dikao ke Koroneiki le Manzanillo.

Thekiso ya Oli ya Motlhware

Kwa Aforika Borwa, gantsi go fitlhetswe gore go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle dioli tsa motlhware tse di sekileng tse okeditsweng di theko e e kwa tlase go feta dioli tsa Aforika Borwa tse di jaaka le tse mo boleng. Karien Bezuidenhout molaodi wa SA Olive o tlhlalosa gore batsweletsi ba kwa EU ba dirisa motšhene wa go roba mme ba amogela thuso ya mmuso, eo e thusang tsweletso ya dioli tsa bona.

Mo Aforika Borwa, metlhware e robiwa ka seatla, seo se tlholang koketso ya theko ya ntshokuno. Go botlhokwa go lemoga gore dioli tse di tliswang go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle tsa EU kgotsa felo gongwe mo kgaolong ya Leboa (moo ditlha tse di farologaneng le tsa mo Aforika Borwa) di ntshwakuno ka setlha se se ‘fetileng’, fa dioli tsa motlhware tsa mo Aforika Borwa di ntshitswekuno mo setlheng sa gona jaanong le jaanong, di le forešenyana.

Translated by Lawrence Ndou