Ntshokuno ya Oli ya Motlhware

© SA Olive

Aforika Borwa e ntshakuno maemo a kwa godimo, fela mothamo o o k annang kwa fatshe wa oli ya motlhware, e ka ba ya botlalo go kgona go kgotsofatsa tlhokego ya borarong ya selegae. Le fa go le jalo, Aforika Borwa e kgona go romelantle oli ya motlhware, thata go ya kwa dinageng tsa Aforika tse di jaaka Namibia (e ka nna ditone tse di 300) le Botswana (ditone tse di 200), fela le ditone tse di yang kwa UK (dipalopalo tsa 2017).

Mafelo a Ntshokuno ya Oli ya Motlhware

Go ya ka pego ya Hortgro, 1 849 ya dihektare tsa metlhware di jetswe mo Aforika Borwa. Se se bopa koketsego ya 110% ya jalo ya dijalo kwa godimo ga mengwaga e lesome go tswa 2008 fa fela 1 357 ya dihektare e ne e jetswe.

Kgolo e kgolo go feta ka jalo ya dijalo e bile kwa seleteng sa kwa Motse Kapa, moo jalo ya dijalo tse dišwa e oketsegileng ka 640% - go tloga kwa dihektareng tse di 56 ka 2012 go ya go 414 ya dihektare ka 2018.

Ntshokuno ya oli ya motlhware mo Aforika Borwa e tlhomile mogopolo kwa Kapa Bophirima ka 93%, fa diprofense tse dingwe, kwa ntle le KwaZulu-Natala, di neelana ka magareng ga 1% le 3% e nngwe le ye nngwe ya palogotlhe ya tsweletso ya oli ya motlhware ya Aforika Borwa.

Ka 2018, go ne go na le fela 170 ya bajadi ba motlhware ba ba ngwadisitsweng mo Aforika Borwa. Go ya ka bontlhanngwe ba ne ba lemarua kwa fatshe ga dihektare tse tlhano. Le fa go le jalo, bajadi ba 11 ba bagolo go feta ba ne ba lema go feta dihektare tse 50 o mongwe le o mongwe. Bantshakuno ba ba ntshakuno, ka palogotlhe, 44% ya dijalwa tsa dijalo tsa mo Aforika Borwa.

Thobo ya motlhware mo Aforika Borwa e tla dirwa magareng ga Tlhakole le Phukwe/Motsheganong. Dioli tse di ntshitsweng ka Phatwe/Lwetse thobo ya ngwaga ya oli ya motlhware e foreše e teng.

Ntshokuno ya mo Lefatsheng ya Oli ya Motlhware

Bantshakuno ba bagolo go feta ba oli ya motlhware ke dinaga tse di kwa tikologong ya Watlelegare le kwa Bogareng ba Botlhaba. Mo magareng ga dinaga tse lesome tse di kwa godimo ke Spain, Italy, Greece, Turkey, Syria, Tunisia, Morocco, Algeria le Portugal.

Ntshokuno ya oli ya motlhware mo lefatsheng ka bophara go akanywa e fokotsega ka 5.5 % go ditone tse dimilione tse 3.130 ka setlha sa thobo sa 2018/19, go ya ka Khansele ya Boditšhabatšhaba ya Motlhware (IOC).

Dinaga tseo di itemogetseng phokotsego e kgolo ya go feta 50% ya ntshokuno ya tsona e ne e le kwa Tunisia le Argentina. Dinaga tse dingwe tse di itemogetseng phokotsego ya ntshokuno di akaretsa Greece ka 35%, le Turkey ka 30%. Kwa Italy, maemo a bosa a a sa siamang a sentse ditlhare tse dimilione tse 25, eo e lebisitseng kwa go phokotsego ya 38% ya ntshokuno. Kwa ntle ga se, Italy e santse e le montshakuno wa bobedi o mogolo go feta wa oli ya motlhware, kwa morago ga Spain.

Moromelakwantle o mogolo go feta mo lefatsheng wa oli ya motlhware ke Amerika (USA), ka thekontle e e mo magareng ga 35% le 40% ya nsthokuno ya lefase fa naga e e nang le ya tiriso ya theko e e kwa fatshe ya fela 1.3 dilitara/motho ka ngwaga.

Badirisi ba bagolo go feta mo lefatsheng ke BaGirika, dilitara tse 20/motho ka ngwaga, BaSpain dilitara tse 13 le Mantariana dilitara tse 11.

Direkwantle tsa Oli ya Motlhware

Go ya ka dipalopalo tsa Hortgro, Aforika Borwa e rekilentle ditone tse ka nnang 6 900 tsa oli ya motlhware ka 2017. Go lekana le 70% e ne e tswa kwa Spain mme 19% go tswa kwa Italy. Dithoto tsa direkwantle go tswa kwa Argentina go bonala di oketsega go tloga ka 2015, fela di sa ntse di na le seabe sa 2% sa palogotlhe ya direkwantle tsa oli ya motlhware mo Aforika Borwa.

Translated by Lawrence Ndou