Nebbiolo

Tlhaloso

Nebbiolo grapes in South Africa.

Nebbiolo ke terebe e khibidu ya mefuta e mentsi e e farologaneng e e amanang le tse dingwe mo lefatshe tsa ma ntlha tse di tsofetseng tsa diveine tse khibidu.

Go lebega fa e fitlhetse leina la yona go tswa kwa Ithali, le le reng nebula, go kaya mouwane, gongwe ka ntlha ya go butswa thata morago ga nako fa mouwane wa letlhabula o simolola go tlhagelela kwa Ithali, kgotsa ka ntlha ya go thunya ga bosweu jwa mouwane fa bo tlhagelela mo letlalong la diterebe fa borekhu bo budule.

Nebbiolo go bonala e le ngwana wa mefuta ya Sentadiana e farologaneng ya Freisa, mme a sesupo sa motsadi yo mongwe, go sa ntse go sa itsege ka gona. E bonala gape fa e le motswala o o gaufi wa Viognier.

Tshimologo

Go ya ka tshekatsheko ya DNA, Nebbiolo go na le kgonagalo ya gore e simolotse kwa Piedmont kgotsa mo kgaolong ya Valtellina mo Bokone-Bophirima kwa Ithalis. Ke e nngwe ya tsa bogologolo e e jetsweng mo Ithali, ka go umakwa ga mefuta e e kwadilweng mo neela tshedimosetso ya Torino fa gare ya Bolesometharo jwa Lekgolo.

Go belaelwa fa Nebbiolo e le mofuta o o tshwanang jaaka o o bidiwang Spionia, ke mokwadi wa Moroma, Pliney wa Elder mo bukeng ya gagwe Naturalis Historiae, morago ka 1 pele ga Botsalo jwa Jeso Piedmont mo dingwageng tse di fetileng e agile seriti ka diveine tsa Barolo le Barbaresco, e e leng e e dirilweng fela go tswa go diterebe tsa Nebbiolo tse di jetsweng mo metseng selegae e rileng mo kgaolong.

Ka nako ya lekgolo la 15 TH, Nebbiolo e na ya itumelela serumo se se kwa godimo mo metse selegaeng ya Barola, e e itsegeng jaaka La Morra morago koo, tshenyo eo kgotsa go rema nngwe ya diterebe o ka nna wa otlhaiwa ka ntlha ya tatlhegelo ya seatla sa go ja le go kgwagediwa.

Barola le Barbaresco, mo dingwageng tse di fetileng, e neilwe liena la “veine ya dikgosi le Kgosi ya diveine” kwa Ithali. Mo nakong e e fetileng, veine e gantsi e ne e fosiwa ka gore e nowa fa go sa le gale. Ke Barolo e e siameng, le fa go ntse jalo, e tshwanetse go nna bonnye dingwaga di le somepedi go ribolola nnete ya yona.

Gape ke veine e setumo sa go nna thata go e tsweletsa, le batho ba bangwe ba dira metlae gore tsweletso ya Nebbiolo e tshwanetse go tsweletswa ke batsweletsi ba veine ba ba nang le bokgoni jwa go kgona go tsweletsa le go tila dikgwetlho tse di farologaneng, Pinot noir.

Maina a mangwe

E itsege gape jaaka Chiavennasca, Picutener, Spanna le Nibeul.

Tsweletso mo Aforika Borwa

Ya go dirwa jaaka yona ya ntlha ya go bo e rometswe go tswa kwa Ithali ke Mop Abraham Izak Perold ka 1910. Gape e e neng ya rometsweng ya tseo di tshepisang tse di tshwanang le tse dingwe ke Vititec fa gare ga 1990 le 1995. Lelapa la diterebe la Steenberg ya kwa Constantia go lebega e le polase ya ntlha ya go tsweletsa mefuta ya e nngwe ya Nebbiolo ka dingwaga tsa bo1990.

Dikgaolo tsa tsweletso

Tsweletso mo Aforika Borwa ke e nnye thata, ka fa tlase ga diheketara tse 25 tse rekotilweng ka 2016. Bontsi jwa ditsha tsa terebe tse di kwa Breedekloof, Stellenbosch le Lebopong la Kapa Borwa, fa Paarl, Klein Karoo le Kapa Bokone e bile e na le dikgaolo tse di nnye ka tsweletso.

Kgolo

Mefuta e e farologaneng e ratang thata maemo a loapi a a tsidifetseng. E gola ka bontsi, ka palogare ya 12 t/ha go ya go 18 t/ha.

Go butswa

E butswa ka tshimologo ya bogareng jwa setlha, go tswa mo kgaolong ya ntlha ya Tlhakole.

Borekhu

Mefuta e e farologaneng e tsweletsa tsa bogolo jwa bogareng, tse dikgolo, e kgolokwe go ya go borekhu jo bo khutshwane le bolee le bohibidu jwa go ya go boperese bo bo fetogelang go bontsho fa e butswitse ka botlalo. Letlalo ke le le sesane le le thata, fa e le matute le go nna matute a dienywa.

Matlhare

Matlhare a Nebbiolo a botala jo bo tseneletseng ke a ma nnye go ya mo magareng ka bogolo, e potokwe go ya go isa go bolee le botlhano jwa loreto ka popego.

Disenyi le malwetse

Go bonolo gore e bolawe ke monyo o o boleta, lorole lwa monyo o o bolete le phios ya letsatsi. Fa pula e na ka nako ya setlha sa go roba e ka tlisa go bola ga sengkwe.

Tiriso

Methama e me nnye e e tsweletswang mo Aforika Borwa e dirisiwa mo metswakong le jaaka diveine tsa mefuta ya bongwe.

Tatso

Mefuta e ka ya e e nngwe e e ikaegileng ka mmala, ka veine ya boswana le botala jo bo phatsimang ka go tlhama mmala wa namune wa moriti mo losing. Tse di dirilweng go tshwana le yona tse di leng teng mo Aforika Borwa di tsweletsa borekhu jo bo maatla jwa dienywa go na le berry fruity le moutlwalo.