Motshotelô wa Thuntshwane

©Marinda Louw

Motshotelô o bopa motheo wa temô ya thuntshwane. Tlhamo le boleng jwa motshotelô di tlile go ama boleng le ntshô ya thobô ya thuntshwane. Go botlhokwa gore boleng jwa motshotelô bo tshwane ka metlha, fela, go tlhagisa motshotelô wa thuntshwane wa boleng jo bo kwa godimo ka metlha ke kgwêtlhô mme go tlhoka bokgoni. 

Mo Afrika Borwa, balemi ba le ba ntsi ba thuntshwane ba itlhagisetsa motshotelô. Kwa Yuropa le dinaga tse dingwe, madirelo a magolo a a boitebaganyo jo bo kwa godimo a dira motshotelô o o totileng balemi ba thuntshwane.

Tsela ya Go Dira Motshotelô wa Dithuntshwane

©Marinda Louw

Motshotelô wa boleng jo bo siameng o botlhokwa mo tikokgolông ya dithuntshwane mme o tshwanetse go nna le ditswakwa tse di tshwanetseng le go tsholwa ka matsetseleko go tloga kwa tshimologong.

Go na le dikaelotswako di le di ntsi tsa motshotelô ga mmogo le manaane-thulaganyo a a ikaegileng ka ditlabakelo tse di leng teng mo polaseng nngwe le nngwe. Fa tlase ke fela sekai se le esi.

Mo Afrika Borwa, motshotelô wa dithuntshwane o dirwa ka lotlhaka lwa korong, mosutele wa kgogo le metsi. Gypsum le yona e a tsenngwa go tokafatsa popegô, go sireletsa pH le go thusa kgololô ya ammonia mo motshotelông.

Seelôtswako se se tlwaelegileng ke 1 000 kg ya lotlhaka (bometsi jwa 15%), 800 kg ya mantle a kgogo ya nama (bometsi jwa 40%, nitrogen ya 4%) le 85 kg ya gypsum.

Dingata tsa lotlhaka di metsi ka botlalo sebaka sa malatsi ale matlhano goya go ale marataro, mme di a tlhatlhamololwa le go tswakanngwa le bontlhabongwe jwa mosutele. Morago ga go bewa ka go tlhômaganngwa le go tsenwa ke mowa malatsi ale mmalwa, mosutele o o setseng o a tlhakanngwa.

Tsamaiso ya tshotelô e akaretsa tsamaiso ya go tswakanya ditshwakwa, go tlhabisa mowa le go nosetsa gore tsamaiso e simolole. (Tsamaiso ya tlhabiso-mowa e thibela anaerobic malodours). Jaaka ka ge tsamaiso ya tshotelô e tsamaya, themphoritšhara e simolola go oketsega le go fitlhelela 70℃. Morago ga dibeke di ka nna tharo, motshotelô o a tlhwekiswa mme ka motsi wa tsamaiso e, nitrogen e fetolelwa go protein e e dirang jaaka motswedi wa dijo o dikapeo tsa thuntshwane di tla golang ka ona.

Fa motshotelô wa thuntshwane o siame, o tsenngwa mo dirakeng kgotsa dikgetseng pele o ka tsenngwa spawn sa mushroom.

Motshotelô wa Thuntshwane o o Dirileng

Morago ga kotulô, phaposi ya jalô e tlhwekiswa ka phufudi mme motshotelô o o direleng o a ntshiwa mo polaseng. Motshotelô wa thuntshwane o o direleng ke motshotelô o o tumileng wa ditshingwana, fela go tshitshinngwa gore o tshotelwe gape gore botswatsheding jo bo sa tsepamang bo thugege. Motshotelô wa thuntshwane o ka tsenya botswatsheding mo mmung go oketsa botshwara-metsi le go tlamela sere se di-microbe tsa mmu di ka iphepang ka sona. Seno se tlile go golola dikotla tse di tshwaregileng mo motshotelông.

Translated by Nchema Rapoo