Motshotelô le Mmu

©Louise Brodie

Motshotelô o o humileng o o thugilweng ke seungwisa-mmu se se matsetseleko. O tsenya ditswatsheding jaaka setokisi sa di-microbe tsa mmu, o tsenya dikotla tsa sejalô mo mmung mme o tokafatsa go lemega ga mmu - maemô a mmu jaaka boalô-peo jwa jalô.

Motshotelô o Montle Ke Eng

Motshotelô o siameng o na le popegô e e mafofora ya mmala wa borokwa jo bo fifetseng o go sa bonaleng sere sepe se se tala (sekai, diphatsa tsa logong) mo go ona.

O tlile go nkga jaaka mmu kgotsa ‘boalô jwa sekgwa’ mme o ka se nne le monkgo wa ammonia e e bogalaka kgotsa wa go bôla. O tshwanetse go nna le pH ya 7 - 8 le bometsi jwa bobotlana 30%; baitseanape bangwe ebile ba tshitshinya 40 - 50%.

Dipoêlô Tsa Motshotelô

Motshotelô o thusa mmu go ka bopa mesoboko. Mesoboko ke dikgwethe tsa mmu tse di bopiwang ke dikarolwana tsa mmu, ditswatsheding le dikarolo tsa botswatsheding le tsa minerale. Mesoboko enô ya mmu e na le masobana ao mowa le dimolekhule tsa metsi di bolokelwanng mo go ona le mo dikotla di refosanwang teng.

Motshotelô o ka thusa go thuga mmu wa letsopa, wa oketsa khemo ya mmu le go fokotsa kitlano ya mmu.

Motshotelô o rotloetsa tlhagiso ya bacteria le mouta tsa mmu tse di dipoêlô. Di-microbe tseno tsa mmu di botlhokwa mo go thugeng dipopegô tse di matswakabele tsa ditswatsheding tse di mo motshotelông gore di kgone go golola dikotla tse di bolokilweng ka mo gare ga ditswatsheding.

Fa motshotelô o sena go thugwa, humus, e e humileng ka diesiti tsa fulvic le humic, e a bopega. Diesiti tseno ke ditlhagiswa tsa thugo tsa bofelo tsa go tshotela ditswatsheding. Humic acids di bofega mo dikotla-tswakong tse di sa tlhaologeng, segolo-thata iron, le go di golola ka iketlo le ka tswelelo mo dipopegông tse dijalo di ka kgonang go di monyela ka medi ka tsona. Diesiti tseno di fetolela nitrogen, phosphorus, potassium, zinc le dielemente tsa tatediso tse dingwe go nna dipopegô tse di ka diriswang ke sejalô, mme di fokotsa boletswai jo bo kwa godimo mo mmung.

Tsela Ya Go Dira Motshotelô

Go tota go ka diriswa sediro sengwe le sengwe se se tala, ga fela se tshwarwa ka tshwanelo mme selekanyetso-kabo sa carbon: nitrogen (C:N) se tsholwa, go bua Amigo Cantisano mo bukeng ya gagwe ya Organic Farming: Principles and Practices.

Selekanyetso-kabo se se gaisang sa carbon: nitrogen kgotsa didiro tse tala ke 30:1. Seno se raya gore C:N ya didiro tse tala fa di kopane tsotlhe e tshwanetse ka keletso e nne 30:1. Sekai, C:N ya manyakgong ke 511:1 mme C:N ya mosutele wa kgogo ke 7:1. Ka kgonagalo seno ke kopano e ntle, fela go tsenngwa ga didiro tse dingwe tse di gautshwane le 30:1 (jaaka moferowatle - 19:1 le lotlhakana lwa korong - 128:1) go tlile go netefatsa kopano ya didiro tse tala e e lekalekanang gagolo

Dirisa mefutafuta ya didiro tse tala. Furu, lotlhakana le matlakala a matala a tokafatsa popegô ya thothobolo ya motshotelô, fa matlakala a a foreshe, mosutele wa diphologolo le dimela tsa lewatle di oketsa botshedinnyennye jwa motshotelô.

Go tshela 10% ya mmu wa letsopa o o serokwa go oketsa popegô ya mafofora mme gape lorole lwa majwe le oketsa go diragatsa ga botswatsheding. O seke wa tshela lime kgotsa gypsum go fitlha motshotelô o siamela go diriswa, mme o netefatse fa thothobolo ya motshotelô e dula ele metsi.

Tshotelo mo ditshingwaneng le fa gae e tshwanetse go sala morago melawana e e tshwanang fa go tlhophiwa didiro tse tala go ka tshotela. Kopanya matlakala a maungo le merogo e e foreshe le pampiri e e kgabetleletsweng mmogo le mmu wa tshingwana mme o tswakanye sentle, o gasagasa metsi go netefatsa bometsi jo bo lekaneng go tsamaiso ya thugo.

Mefuta Ya Tshotelo

©Creative Commons

Motshotelô o ka dirwa ka tsamaiso e e mogote kgotsa e e tsididi. Tsamaiso e e mogote ke tiro e e bokete ka ge e batla go fetofetolwa ga ka metlha ga totoma ya motshotelô go oketsa oxygen. Tshotelo e e mogote e bolaya dipeo tsa moferô le di-pathogens mme e itlhagenedisa tsamaiso ya tshotelo.

Tshotelo e e tsididi e tsenyeletsa thothobolo ya motshotelô e e sa suting, ka mealô ya sediro se se tala mo thothobolong. Tsamaiso enô e ka tsaya sebaka sa go fitlha ngwaga go konosediwa, fela go tshela inoculum ya di-microbe tsa kwa tshimologong go ka nonotsha tshotelo.

Ka tshotelo e e sa suting e e dirisang seretse sa moselomantle, khemiso ya pateletso kgotsa difetlhamowa di a diriswa go oketsa oxygen mo thothobolong ya motshotelô. Vermicomposting ke tiriso ya dibokwanammu go thuga matlakala a botswatsheding.

Didiro Tsa Motshotelô

©Tim Jewett

Didiro tse tala tse di humileng ka khabone tse di tshotelwang di akaretsa dikgapha tsa lenôkô, ditlhagiswa tsa pampiri, khateboto, lotlhakana, diphatsa tsa logong, manyakgong, dikgetsana tsa matlhare a teye, letseta, molora wa leisô, mesegô ya ditlhare, bojang le matlhare a a omisitsweng.

Didiro tsa motshotelô tse di humileng ka nitrogen di akaretsa madi, moriri le boboa, mosutele wa diphologolo, mantle a moselomantle, bojang le matlhare a a foreshe, matlakala a maungo le merogo e e foreshe, dijalo-khurumetsa tse tala, meferô e e foreshe, moferowatle, mesegô ya motlhô, jalo le jalo.

Elatlhôkô didiro tse di ka ngokang dintsi le ditlhasedi, segolobogolo mo dithothobolong tse di tshotelang ka bonya tse di sa suting. O seke wa dirisa masaledi a nama, malatlha, mantle a diphologolo tsa selegae, dijalo tse di nang le malwetse, mafura le dioli.

Matlakala a moselomantle le seretse di ka nna le dimetale tse di bokete le di-pathogen. Netefatsa fa motshotelô wa kwa bofelong o dirwa diteko ke laboratori e e tlotlegang pele o diriswa mo dijalong tse di jewang.

Translated by Nchema Rapoo