Mosola le Dikgwetlho tsa Dijo tsa Selegae tsa Afrika Borwa

© Bernard Dupont

Mosola wa Dimela tsa Dijo tsa Selegae

Ke dimela tse di thata go swa, tse di siametseng dinako tsa phetogô-bosa. Go neêlana ka tlhopho ya paka-telele ya tshireletso-dijo. Maparego kgatlhanong le botlhoki kwa dikgaolong tsa metse-selegae ka motsi wa dikomelelô le ditiragalo tse dingwe tsa phutlhamo ya dimela.
Go tlamela dikotla-potlana tse di botlhokwa go malapa a kwa metse-selegaeng. Kgonagalo ya ditshono tsa kgwebisano ya ditlhagiswa tse diša - jaaka dijo tsa sefitlhilo. Di ka neelana ka letseno la tlaleletso go merafe ya kwa metse-selegaeng kwa ditlhare tsa maungo a naga di leng di ntsi teng.

Dikgwetlho tse di Lebileng Lekala Dijo tsa Selegae

Tlhaelô ya peo le dilwana tse dingwe tsa jalô. Kwelo-tlase ya go jewa ga dimela tsa selegae e e isang kwa phokotsegong mo tlhagisong ya dimela tseno.
Bontsi jwa dijo tsa selegae di jewa ntle le go phetolwa. Seno ke ka ntlha ya tlhaelô ya thekenoloji e e maleba ya phetolô. Le fa dimela tsa selegae tsa Afrika Borwa di na le boleng jwa kotlô le moruo, ke tse mmalwa fela tse di dirilweng tsa kgwebo. Tlhokegô ya tswelopele ya dimela tseno ke lengwe la mabaka a a dirileng gore dimela di se tsene mo mmarakeng wa kgwebo.
Bontsi jo bo golo jwa dimela tsa selegae bo santse bo kotulwa ka tlhagô. Seno se ka baka go nyelela ga dimela, segolo thata ka ntlha ya maiteko a mannye a go sireletsa le go babalela dimela tseno.

Translated by Nchema Rapoo