Moringa ke Molemô wa Semaka

© Venkatx5
Setlhare se se golelang ka bonako se le thata sa moringa oleifera se itsagale gape jaaka drumstick tree, horseradish, been oil tree kgotsa ‘peperwortelboom’ ka seAfrikaans. Ka go gola boleele jo bo mo magareng ga 5 le 12m, se na le kutu e e tlhamaletseng le korone ya sebopego sa mokgele ya matlhare a matala a a diphofa. Dithunya di fitlha kwa boleeleng jwa 25cm mme di tlhagisa diphotlwa tsa peo tse di telele di le borokwa jo bo hibitshwana.
Le fa di tlholegile kwa India, Pakistan le Nepal, moringa oleifera o mela kwa diporofenseng tsa Afrika Borwa tsa Limpopo, Free State, Mpumalanga, KwaZulu-Natal le Gauteng.
Go ya ka tsa melemô ya setso ya seAfrika le ya kwa India (Ayurvedic), moringa o na le ditswakwa tse di ka nnang 540 tse di ka alafang kgotsa tsa thibela mathata a boitekanelo a a ka nnang 300. O dirisitswe dingwagakgolo kwa dinageng tse di kwa Botlhaba mo malwetseng a a jaaka bolwetse jwa sukiri, bolwetse jwa pelo, tlhaelô-madi, arthritis, bolwetse jwa sebete, ga mmogo le mathata a khemo, letlalo le tshugô-dijo, ga jaana e kaiwa fa ele ‘sejo se se maatla’. Matlhare a a dirilweng lorole, medi, lekwati le diphotlwa tse diša di dirisetswa dipoelo tsa tsona tsa dikotla, bothibela-kgotelo, antioxidant le bosireletsa-togwa.
Moringa ke motswedi wa di-vitamin, dimenerale, ga mmogo le diesiti tse di botlhokwa tsa amino, go o dira protein e e feletseng. O na le seelo se se bonalang sa vitamin C, E, potassium (K), iron (Fe) le zinc (Zn). Go tlaleletsa fao, matlhare a moringa ke motswedi o o siameng go gaisa wa calcium (Ca) mme o na le vitamin A (beta carotene) e e ntsifaditsweng ga 10 go feta ya digwete. Lorole lwa moringa lo ka diriswa mo boêmông jwa dipilisi tsa iron, ke ka fao ele kalafi ya tlhaelô-madi. Nama ya kgomo e na fela le 2mg ya iron, fa lorole lwa matlhare a moringa lo na le 28 mg ya iron.
Kwa India, matlhare a moringa a diriswa go tlhotlheletsa tlhagiso ya maši a letswele mo go bommêng ba baša, mme gantsi a tsenngwa mo disopong tsa letlhôdi ka paka ya mofikela le mogotlhwane go oketsa twantsho ya bolwetse. Matlhare, borokhu, medi, dithunya ga mmogo le mooko di diriseditswe go laola boleta jwa togwa, malwetse a pelo le ditshika le a sebete, go busetsa taolong sukiritlhago ya madi le cholesterol. O na gape le ditiragatso tse di itlhaotseng tsa antimicrobial le tsa twantsho ya TB.
Kwa dinageng tse di tlhabologang, lorole lwa matlhare a moringa lo diriswa gantsi jaaka moriana, go na le jaaka sejo jaaka kwa merafeng ya kwa Asia. Gantsi e diriswa jaaka setlaleletsi ke batho ba ba tshwaetseditsweng ke HIV go oketsa itshireletso le go laola ditswaetsano tse di ka runyang.3 Ntlha ya gore moringa o bonolo go ka lengwa e o dira molemô o o ka tswelediswang wa tlhaelô-dikotla - dinaga tse di jaaka Senegal le Benin di alafa bana ka moringa.
Ditlhagiswa tsa moringa di a farologana, go simolola ka sentshwa letlhareng, lorole le dipilisi goya go protein shakes, dioli tsa thapô, ditee le dino tsa probiotic.
Matlhare a ka kotulwa ka go sega bogodimo jwa semela fa semela se goletse go 1m, mme go tlogelwe 30cm. O jadisega bonolo ka dipeo, fela o tlhoka nitrogen gore ntsha thôbô e e siameng. O ithatela dithemphoritšhara tsa tsatsi le tsatsi tsa 25 goya go 30°C, le mebu e e senang esiti kgotsa alkaline, e e tswang metsi sentle, fela o ka gola sentle mo mebung e e serokwa.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo