Moretologa Jaaka Semela sa Moriana

© Bernard Dupont
Moretologa o mo golo Ximenia caffra ke setlhare se se nnye kgotsa setlhatshana sa leungo le le jegang la mmala o o serolwana-khibidu, sa ditiriso tsa setso di le di ntsi. Nako dingwe se diriswa jaaka sesirô mo tshimong go ngôka dinonyane tse di jang maungo le dirurubele, se ka gola go fitlha boleele jwa 6m ka dikalana tse di metsu kwa dintlhaneng.
Setlhare se itsagale gape jaaka wild plum kgotsa monkey plum. Moretologa o mela mo nageng tse di ditlhare, dikgwa tsa tlhaga le mo majweng mme gape o mela mo mebotong ya motlhwa. Mo Afrika Borwa mefuta ele mebedi e mela kwa dikgaolong tsa bokone le bogare tsa Limpopo (var. caffra) le gape kwa Mpumalanga, Limpopo le KwaZulu-Natal (var. natalensis).
Dikarolwana ka bontsi tsa semela di a diriswa. Metsi a a inetsweng mo matlhareng a diriswa jaaka setlhatswa-matlho, go alafa dikodu le go ntsha bomotlhampepe mo mmeleng. Matlhare a a dirilweng molora a diriswa mo kalafong ya tlhoka-pelegi le letshoromo.
Medi e e dirilweng lerole e diriswa mo disopong le bojalweng jaaka aphrodisiac le go alafa diso, fa motogo o o dirilweng gotswa mo meding o ka thusa go alafa pherogô-dibete ka motsi wa kimô. Leungo le le botlha le humile ka Vitamin C (27%), le jewa ke dinonyane, diphologolo le batho mme le ka dirisetswa go dira jam. Manôkô le ona a jewa. Logong lo thata mme lo dirisetswa go dira matshwaro a didiriswa kgotsa mo kagông.
Peo e na le tlhagiso e e kwa godimo (60-70%) ya mafura a a sa omeleleng a a gamolwang ka go e tsidifatsa. E humile ka diesiti tsa mafura a a sa loegang mme a diriswa jaaka mafura a lebone, le go dira matlalo a diphologolo boleta le go tshasa megala ya bora. Ka ntlha ya boesiti jo bo mafura jwa yona, oli ya ximenia gape e tsepame go oxidation, e na le ditlamorago tsa bothibela-tsofalô mme e itumelelwa ka ntlha ya go kgona ga yona go nolofatsa letlalo.
E diriswa jaaka oli ya mmele le moriri, e humile ka esiti ya ximenynic e e nang le ditlamorago tse di mosola mo tsofalong ya letlalo. Dipatlisiso mo esiting ya ximenynic di bontshitse tokafalo mo tsamaong ya madi. Tsamaiso ya madi e ne ya oketswa mo setlhopheng sa basadi ba baithaopi ba ba nang le cellulite, ka go tshasa cream e e nang 0.5% ya esiti ya ximenynic.
Ximenia e mela bonolo gotswa mo peong e e foreshe mo motswakong wa 5:1 wa motlhaba wa noka le monontsha. Ga e tshabe komelelô, e tshaba segagane go se nene mme e ka gola go fitlha boleeleng jwa 0.5m mo ngwageng.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo