Molanako wa Bolemirui jwa Tilapia

©Nicholas James
Go na le ditiragalo tse kgolo di le tharo mo molanakong wa bolemirui kwa tilapia: tsadiso ya ditlhapinnye, go godisa le go kotula, ga mmogo le go phetola ntshô. Ga se ditiro tseno tsotlhe tse ka metlha di dirwang mo polaseng ya temôwatle, ntle fela le mo dipolaseng tsa kgwebo tse kgolo tsa tilapia.
Mathuthusetso a a maikaelelo a tlhagisa ditlhapinnye tsa boleng jo bo kwa godimo. Mafelo a kgodisô a ka nna kwa Lowveld kgotsa kwa dikgaolong tse di kgakala fa phetolo ya tlhapi gantsi ga e matswakabele mme tlhapi e rekisetswa fa kgorong ya polase.
Dipolase tsa kwa magaeng tse di leng mo dikgaolong tsa morafe di tlile go bona mmaraka wa selegae wa ditlhapi tse di nnye tse di foreshe. Bao ba leng gautshwane le ditoropo ba ka bona mmaraka o o marara o o ka batlang tilapia e khibidu, tlhapi e builweng e obotswe kgotsa tota le fillets tsa tilapia.

Tsadiso ya Ditlhapinnye tsa Tilapia

Tsadiso ya tilapia, fela jaaka lenaane lengwe le lengwe le le matswakabele la tokafatso-leruo, e tlhoka ditlhabakelo tse di kgethegileng. Malatsi a go tsadisa ditlhapinnye tsa bong jo bo kopakopaneng a fetile kgale, jaaka go tshwanetse, mme mathuthusetso a a kgethegileng ga jaana a neelana ka ditlhapinnye tsa tilapia tse di tlhaotsweng tse eleng tsa tona fela, tsa mofuta o o itshupileng ka kgolo e e netefaditsweng le dipoelo tsa twantsho-bolwetse.
Ditlabakelo tseno tse di marara tsa tsadiso ya tlhapi di na le dikgato-tsamaiso tse di kgethegileng go thibela tsadisano-teng le go tsweletsa pharologano-futa ya bomadi. Ke fela dipolosa tsa kgwebo tse di kgolo tse di tshwanelwang ke go akanyetsa go itlhomela mathuthusetso a eleng a tsona. E seng jalo, go tlatsa letamo la gago, akanya ka go reka ditlhapinnye. Ditlhapinnye ga di tlhwatlhwa-godimo mme tsamaiso ya mo moweng goya kwa ditoropong tse kgolo le tsamaiso ya mo mmileng ka dielo tsa di kwa godimo tsa phalolo e e atlegileng di kgonnwe.

Kgodisô ya Tilapia

Ditlabekelo tsa kgodisô ya tilapia e ka nna ditanka kgotsa makadiba. Tsona ga di a tshwanela go nna nnye thata. Tanka nngwe le nngwe e e itiretsweng ya tilapia ya bonnye jo bo kwa tlase ga 3000 litres ke ya balemirui ba tlhapi ba itlosô-bodutu fela, mme ga e kake ya tlhagisa dipholo tse di ntle go balemirui ba tilapia ba kgwebo.
Makadiba a kgodisô ya tilapia a tshwanetse go nna bobotlana 0.25 ha in size (2 500 m²,) ka bogolo go tsweledisa boleng jwa metsi jo bo siameng le go letla koketso-boleng ya tlhagô ya dijo. Fa lekadiba le ntse le nna kgolo, ditshono tsa tlhapi tsa go iphepa ka tlhagô di ntse di oketsega. Gape, e a tsepama le go se angwe ke diphetogo tsa tshoganyetso mo boleng jwa metsi tse di jaaka gotswa ga oxygen kgotsa dikoketsego tsa ammonia gotswa mo ditlhagisweng tsa mantle a tlhapi jaaka mo lekadibeng le le nnye thata.
Ditanka tsa maitirelo tsa 1 - 1.5 m³ (1 000 - 1 500 litres) le makadiba a mannye a mo mmung a 100 - 500 m² di ka se letle kgonagalo ka botlalo ya kgolô le itekanelo ya tilapia. Ditanka le makadiba tse di nnye di tlile go tlhagisa dintshô tsa boleng jo bo kwa tlase, tsa oketsa matshosetsi a tatlhegelô ya leruo mme di fokotse boleng jwa metsi goya kwa dielông tse mo go tsona kgolô le itekanelo di amegang mo go sa siameng.
Bolemirui jwa tilapia bo akaretsa mokgwa-tlwaelô wa phepô ya tsatsi le tsatsi, go lekola le go rekota leruo go bona kgolô le itekanelo. Go lekola le go rekota dilekanyetsi tsa boleng jwa metsi le go tlhokomela didiriswa tse di jaaka dipompo, ditlhotlhi le didiriswa tsa kotulo le go na go dirwa tsatsi le tsatsi.
Ditiro tse dingwe tsa setlha le setlha di akaretsa tse di latelang: ditlhapi di a kotulwa le go phetolwa, ditanka le ditlhotlhi di a phepafatswa mme ditanka le makadiba tsa kgodisetso di a phepafatswa le go tsenngwa gape ditlhapinnye.
Mo go tlatseng gape makadiba a tilapia, go diriswa ditlhapi tsa tona fela, ka ge ditona di golela ka bonako mme di na le food-conversion ratio e e botoka. Gape, go dirisa ditona fela go thibela tlhagiso e e sa batlegeng ya ditlhapinnye. Ditlhapinnye di gaisanela dijo le ditlhapi tse di kgolo. Go nna teng ga ditlhapi tsa tshegadi go fokotsa thata dintsho tsa kotulo.
Ditlhapinnye tsa tona fela di teng ka go anama gotswa go mathuthusetso a a kwadisitsweng ka tlhwatlhwa e e amogelegang. Ga go sa tlhole go le botlhale go tsadisa ditlhapinnye tsa boleng jo bo kwa tlase, o di fepa difepi tsa tlhwatlhwa-godimo sebaka sa ngwaga mme morago o fitlhelele ntsho ya boleng jo bo kwa tlase.

Tilapia Kotulo ya Tilapia

Kotulo e ka dirwa fa ditlhapi di siametse mmaraka o o rileng, bogolo jwa kotulo bo ikaega ka ditlhokegô tsa mmaraka. Seno se ka farologana gotswa go tilapia e potlana ya 250 g e gantsi e ithatelwang ke mebaraka ya kwa magaeng, e feletse kgotsa ebile e builwe, go fitlha ka tilapia e kgolo ya 500 g, e phepafaditswe e obotswe, goya mmarakeng wa setoropo kgotsa o o marara. Tilapia ya badirisi ba setoropo gantsi e rekiswa ka tlhwatlhwa e e kwa godimo ka kg nngwe le nngwe.

Tilapia e ka kotulwa ka go tlhophiwa gotswa mo makadibeng ka go dirisa letloa la sefo le le golo le le tshwarang fela tlhapi ya bogolo jo bo rileng. E seng jalo, tilapia e kgolo e ka ntshwa mo matloeng a mannye mme tse di setseng tsa tlogelwa gore di gole.

Mebaraka mengwe e rata tatsô e e bogale e e tlhapi ya tilapia e e ntshitsweng mo metsing a matala fa e mengwe e ithatela tatsô e e boleta. Tatsô e e tlhapi e ka ntshwa ka go beya tilapia mo metsing a a tlhapileng malatsi ale mmalwa. Fela, dintlha-tsamaiso le matsapa a go tshwara le go tsamaisa bontsi jo bo golo jwa tilapia e e kotulegang ga di a tshwanelwa ke go sa tseiwe tsia, segolo thata fa di sa tsholwe di tshela.
Tlhapi e senyega bonolo mo boseng jo bo bothitho, nako dingwe mo sebakeng sa diura di le mmalwa. Ka jalo dikotulo di tshwanelwa ke go rulaganngwa ka kelotlhoko go letla phetolo, poloko kgotsa thekiso ya ditlhapi tse di tshwerweng pele di senyega mo ebileng di ka se siamele mmaraka. Tsidifatso e ka tlhokega mo polokong le tsamaisong ya ditlhapi.

Translated by Nchema Rapoo