Mofatlha o Diriswa Jaaka Boalô
Mofatlha, Tarchonanthus camphoratus o itsagale gape jaaka leleshwa, African wild sage kgotsa ‘vaalbos’ (Afrikaans). Leina la ona le kaya monkgo wa matlhare o o bogale wa camphor. Ke setlhare se se nnye ka matlhare a masetlha mme se gola boleele jo bo mo magareng ga 2m le 9m. Malomo a sona a a bosweu jwa lobebe a bopa ditlhogo tse tshweu tse di mabudunyana tsa dipeo, tse di neng di dirisetswa go katela mesamo. Diphologolo tsa naga nako dingwe di ka bonwa di ikgotlha ka setlhare.
Dipatlisiso di supile fa diphologolo tseno di sa tshwenngwe thata ke ditshenekegi. Go tshwana le fao, se diriswa jaaka boalô ke morafe wa Maasai, ba ba dumelang fa se thusa go koba ditshenekegi le go rotloetsa boroko jo bo siameng. Balemirui kwa porofenseng ya Bokone Bophirima ya Afrika Borwa ba dirisa matlhare a maša a mofatlha mo motswakong wa sefepi ka ntlha ya seelo sa sona se se kwa godimo sa protein (30%). Logong lo bokete mme ga lo tsenelelwe ke motlhwa, mme lo siametse diletswa tsa mmino le mediriso e e matswakabele ya bodira-gong.
Mofatlha o thusa go alafa letshoromo, dintho le mesegegô mme o dira jaaka sesomarela-letlalo sa tlhagô fa se tsentswe mo ditlhagisweng tsa tlhokomelo ya mmele le letlalo. Go hema mosi wa matlhare a a fisitsweng go ka thibolola dinko le tlhogo e e opang, fa metsi a go inetsweng matlhare mo go ona a ka alafa megotlholo, leino le le opang, tutuma ya kgokgotso le ditlhabi tsa mala. Matlhare a dirisetswa go sedila mmele o o gagametseng.
Oli e e botlhokwa e tlhagiswa ka thothiso ka mosi ya matlhare. Oli eno go dumelwa fa e ka nna le bokgoni jo bo bontle thata mo bodirelong jwa perfume ka ntlha ya monkgo wa yona o o bonagalang wa ‘senna’.
E na le 0.3% ya setswakwa se se kobang ditshenekegi mme e fitlhetswe fa e dira sebaka sa diura tse 6 - 10. Oli gape e dirisetswa boleng jwa yona jwa twantsho-pabô mo matlalong a a bonolo, dermatitis, go fisweng ke letsatsi le go longwa ke dinta.
Setlhare se na le thulaganyo ya medi e e tseneletseng mme se mosola mo tsosolosong ya dithota le go thibela kgogolego ya mmu. Ga se fiswe ke molelo mme se ka dira sethibela-molelo se se siameng.
Semela seno se kgonana le komelelô, mme se ka itshokela diphefo tse di letswai tsa lobopo le segagane. Seresemela gantsi se kotulwa kwa nageng fela go na le dijalo tsa kgwebo di le mmalwa kwa dipoforenseng tsa Afrika Borwa tsa Bokone Bophirima le Free State. Setlhare se mela ka bonaga kwa dikgaolong tse di bothitho tsa Afrika Botlhaba, Afrika Borwa mmogo le Botswana le Angola.
Boitatolô jwa tsa Phôlô
Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.
Translated by
Nchema Rapoo