Mere Ya Mebutla le Tiriso Ya Yona

© Judy Stuart

Mere e fepwa mebutla e le foreshe kgotsa e omile, fela mere e e omisitsweng e ka baka mathata, ntle fela le fa e ka kopantshwa le dijo. Fa mere e diriswa jaaka molemô mme eseng jaaka dijo tsa letsatsi, e tshwanetse go fiwa fela diphologolo tse di lwalang. Mere e ka jalwa mo tshingwaneng ya gago kgotsa ya rekwa go tswa kwa motlameding.

Calendula - Calendula Officinalis

E dirisetswa letlalo le le šeleng, diso, go bolaya megare, go kgoboga, dinthô tse di folelang ka bonya, disô tsa ka mo teng, malwetse a letlalo le mathata a thulaganyothugô.

Chamomile - Matricaria Recutita/Chamomilla Recutita

Ditlhabi, go retibatsa mmutla o o tshogileng. Ke setlhatswa-matlho se se siameng thata sa matlho a a itshekileng dikeledi.

Comfrey - Symphytum Officinale

E dirise go alafa, go aga marapo, mo mebutlaneng e e lwalang, mo mebutlaneng e e nang le kgatelelô le bokoa, go bula mafatlha.
E dirise ka kelotlhôko mo mebutleng e me nnye ka fa e na le dikhemikhale tse di ka nnang kotsi le fa e le melemô.

Dandelion - Taraxacum Officinale

Le fa dandelion e le nngwe ya meferô e e tlwaelegileng thata mo lefatsheng, ke nngwe gape ya dimela tse di fodisang ka go kgatlhisa e le tota. E dirisetse go tlhatswa madi, go alafa mathata a go hema, go thibela go ruruga, ditshwaetsego tsa setlha, lotshololô, tsamao ya maši ya mebutla-tshegadi e e amusang mme gape e siametse mebutla-tshegadi morago ga go ntsha bana.

Sengaparile/Devils Claw - Harpagophytum Procumbens

Se tlholega mo Afrika. Se dirisetse ramatitisi, bolwetse jwa ditokololo tsa mmele, go tia ga mesifa le go tlhoka keletso ya dijo.

Echinacea - Echinacea Purpurascens

Ke setsosa masôlê a mmele ebile ke molemô e e bolayang megare. Ga e tsewa ka bonnye e dira jaaka setsosa mme fa e tsewa ka bontsi e dira jaaka sebolaya megare. Ke sethibela go ruruga ka semelo sa go thibela kanamô.

Fennel - Foeniculum Vulgare

Ke more o o siametseng thulaganyothugô. Fennel e alafa go bipelwa, go ntsha mowa mme e tsosolosa tsamao ya maši mo mebutla-tshegading e e amusang.

Hawthorn - Crataegus Oxyacantha

Ke sejo se se monate se se itekanetseng, hawthorn e tsosolosa keletso ya dijo mme e thusa thulaganyothugô. Ke motswedi wa di-vitamin le dimenerale di le mmalwa, e na le bontsi jwa di-bioflavonoid tse di nolofatsang go gôpêga ga Vitamin C. Ke mongwe wa melemô ya pelo le ditshika e e nang le boleng ebile e bolokesegile.

Lemon Balm/Melissa - Melissa Officinalis

Melissa ke selwantsha-megare, selwantsha-kanamô, go bipelwa le sephinya, lotshololô mme o fokotsa kgatelelô.

Nasturtium - Tropaeolum Majus

Ke dithunya tse di bonolo go jalwa, nasturtium e na le dimelo tse di tiileng tsa twantsho le polao ya megare mme e diriswa gape go alafa metlhampepe ya mapele.

Nettle - Urtica Dioica

Nettle ke moferô o o tlwaelegileng wa bogologolo o o nang le dimelo tse di itshupileng tsa phekolô. Ke nngwe ya metswedi e e humileng ya chlorophyll mo bogosing jwa merogo. Ke furu e e siameng ka e humile ka iron, lime, sodium le chlorine. Furu ya nettle e botlhokwa go mebutla jaaka sejo, segolo-bogolo mebutla e e alafiwang. Ke sethibela malwetse a le mantsi a a tshelanang, gape ke sethibela dibokwana. E oketsa ntshô ya maši. Mme gape e thusa fa gona le keletso ya dijo e e kwa tlase.
Mo godimo ga go nna le protein le iron tse di kwa godimo, nettle e kaiwa fa e le mosola mo dibakeng tse ntshetsô-ntle e leng bokowa jaaka fa gona le eczema, rheumatism le arthritis. Nettle e na le seelô se se kwa godimo sa calcium le kamanô magareng e e siameng ya Ca:P (Calcium go Phosphorus). Nettle ke motswedi o o siameng wa silica, e e ka thusang go tshola bobowa le marapo a mebutla le magotlo mo seemong se se siameng. E oketsa tsamao ya maši mo mebutla-tshegading e e amusang.

Serethe/Parsley - Petroselinum Crispum

Ke more o o siameng wa kalafo. Serethe se nontsha madi le go alafa mathata a go rota. Medi e dirisetswa go ngakiwa le kganelelo ya mala. E siametse go alafa go ruruga ga setlha le diphilo, mathata a thulaganyothugô, go nôntsha mebutla-tona le ntshô ya mebutla-tshegadi.

Plantain

Plantago major – Plantain e kgolo ka matlhare a a phaphati
Plantago lanceolata – Plantain ya ribwort ka matlhare a a bopegileng jaaka lerumo a tlhamaletse
Plantain ke more o o tlwaelegileng o o fitlhelwang go ralala Afrika Borwa. Ke sebolaya-kokwanatlhoko, sebolaya kgogego ya mesifa, phekolô ya mesegô, go sokola ka go hema, letshoromo. E siametse thata go simolodisa mebutla e me nnye go ja dijo tse tala, e dira sentle mo lotshololông. Matlhare a sidila ditshwaetsego tsa tsamaiso ya moroto le go babelwa. E siametse go ruruga ga ka mo maleng mme e laola go dira ga mala.

Rosehips - Rosa Species

Rosehips ke motswedi o o siameng wa Vitamin A, C le bioflavonoid – mofuta wa antioxidants.
Mo godimo ga gore ke motswedi wa tlhagô o o siameng wa di-fibre tsa phepô le tse di sa tlhotlhiwang, rosehips e na gape le seelô se se siameng sa calcium le kamanô magareng ya Ca:P (Calcium go Phosphorus).

Rosemary - Rosmarinus Officinalis

Rosemary e isa kgatelelo ya madi kwa tlase, e siametse molapo, bokoa le kgatelelo mo mebutleng.
Dikalana le matlhare di tsosolosa tsamao ya madi, di tsosolosa thulaganyothugô mme di siametse maemo a a tsididi. Rosemary e na dimelo tse di siameng tsa go lwantsa mouta le ditshidinyana mme e diriswa gape go bolaya dibokwana.

Thyme - Thymus Species

Thyme ke more o o boleng ka bojotlhe go batho le diphologolo ka ntlha ya semelo sa ona sa go ‘bolaya sengwe le sengwe’. Ke molemô o tswileng diatla o o nang le dimelo tsa go thibela le go bolaya megare, go retibatsa, go thibolola, thulaganyothugô, go bula masobana, go bolaya mouta, go alafa le molemô.
Dikalana le medi di mosola mo kalafong ya thulaganyothugô, go thuthafatsa ditlhabi tsa mala, motêkêsêlô le lotshololô mme gape e thusa go koba dibokwana.

Matlhare a Strawberry - Fragaria Vesca

Sejalô sotlhe sa strawberry ke sebolaya-megare le se rurufatsi. Matlhare a humile ka iron. A diriswa kwa ntle ga mmele mo go rurugileng teng, mo bogwateng le mo matlhong a a botlhoko. Matlhare a strawberry sa naga a siametse thata go alafa mebutla e e tshwerweng ke lotshololô le go ruruga ga sebete.

Yarrow - Achillea Millefolium

Yarrow ke sebolaya-megare ya moroto se se botlhokwa. E diriswa kwa ntle ga mmele go thusa ka kalafo ya dinthô. Yarrow gantsi e jalwa mo ditshimong tsa leruri ka ntlha ya semelo sa yona sa go phekola mme ke sejo sa mebutla se se siameng fa e sa le nnye e le boleta. E alafa letshoromo ka kakaretso. Ke more o o tumileng wa go emisa tshologô e e kwa godimo ya madi. Yarrow e na le seelô se se siameng sa calcium le kamanô magareng e e kwa godimo ya Ca:P.

ELA TLHOKO GORE MERE E TSHWANETSE GO DIRISWA KA TLHOKOMELO MME E SENG MO BOEMONG JWA TLHOKOMELO YA DIPHOLOGO E E NEPAGETSENG. FA O BELAELA GORE PHOLOGOTSWANA YA GAGO E A LWALA, KA KOPO GOLAGANA LE NGAKA YA DIPHOLOGOLO.

Translated by Nchema Rapoo