Mefuta ya Persimmon

© Louise Brodie

Di-persimmon tse di Lemilweng

Di-persimmon ke maungo a a jegang a ditlhare tsa tshika ya Diospyros mo lolapeng lwa Ebenaceae. Lefoko Diospyros le tswa kwa Segerikeng sa bogologolo, mme le raya gore “leungo la selegodimo”. Persimmon ya Amerika (D. virginiana), e mela gotswa kwa dinageng tsa Gulf kwa bokone goya kwa bogare jwa Pennsylvania le bogare jwa Illinois. Leungo le bomolagare jwa 3 goya go 5 cm, gantsi le sephaphathinyana, ka mmala o bohibidu jo bo fifetseng goya go maroon. Bontsi jwa maungo bo na le dithapo di le mmalwa tse di kgolwane di le sephaphathi. Mefuta-megolo ele mmalwa e kailwe le go mediswa mme e jalelwa kgwebo.

Di-persimmons tse di lengwang ka go anama go gaisa ke Asian persimmon, Diospyros Kaki kgotsa Kaki Fruit. Persimmon ya Asia kgotsa Japane e tlholega kwa China, kwa e ntseng e lengwa dingwagakgolo di le di ntsi, mme go na le dijadi tse di farologaneng tse di fetang dikete di le pedi. E ne ya anamela kwa Korea le Japan dingwaga di le di ntsi tse di fetileng, kwa dijadi tsa tlaleletso di neng tsa tlholwa mme ya anama le lefatshe ka bophara ka ngwagakgolo wa bo-19.

Di-persimmon di tlhagiswa mo ditlhareng tse di tlhotlhoregang mme pele ga di latlhegelwa ke matlhare a tsona a a taologileng, matlhare a persimmon a a phatsimang ka mmala wa loapi o motalanyana a fetogela go mmala o o tlhanaselang o o serolwana se se phatsimang le o o tseneletseng wa namune, pele a tlhotlhorega ka mariga. Ditlhare tse di lemilweng di kerwa ngwaga le ngwaga mme fela fa di tlogelwa di sa kerwe, ditlhare di ka golela go fitlha kwa bogodimong jwa 10 m. Ditlhare di simolola go enya maungo morago ga dingwaga di le tharo, fela di fitlhelela bojotlhe jwa tsona morago ga dingwaga di le robedi mme botshelo jo bo solofelwang jwa ditlhare tse di itekanetseng e ka nna dingwaga di le 40. Thobo e e kwa godimo e e fitlhang go 50 t/ha e gatisitswe kwa mangweng a masimo a tlhagiso e e gaisang.

Thunyô e diragala ka dikgakologo mme Kaki Fruit e butswa gotlhelele mo botharing jwa letlhabula. Leungo la mefuta e e farologaneng le farologana gotswa go mmala o o serolwana se se namune goya go yo o fifetseng wa bohibidu jo bo namune. Le farologana gape ka bogolo gotswa go 1.5 goya go 9 cm ka bomolagare, mme dipopegô tsa lona di farologana gotswa go kgolokwe goya go popegô ya lee le ya lephutshe. Kaki Fruit e e tlhagiswang ka bogolo e sephaphathi go se nene fa godimo le fa tlase ka matlhakore a a batlile go nna khutlonne, mme e na le sebôpegô se se tshwanang le sa tamati e kgolo. Letlapi le borethe ebile le a jega, fa leungo le na le mmala wa namune o o phatsimang mme o itshupile.

Di-persimmon Tse Di Botlha le Tse Di Seng Botlha

Di-persimmon di tlhaolwa goya ka ditlhopha di le pedi tsa kakaretso, tse di enyang leungo le le botlha go fitlha le butswa go se nene le tseo leungo la tsona le seng botlha. Di-persimmon tse di seng botlha di ka jewa jaaka apole fa di butswa. Di-persimmon tse di tlhagiswang ka bogolo, Kaki Fruit, ke di-persimmon tse di botlha. Leungo le tlhoka tsamaiso ya morago ga kotulô ya go bewa mo gaseng gore go ntshiwe botlha gotswa mo leungong pele leungo le ka jega le go rekiswa. Fa leungo le kotulwa, le botlha mme le tota le sa jege ka ntlha ya dielô tse di kwa godimo tsa tannin, fela tsamaiso eno e butswisa leungo le go le fetolela go leungo le le monate le le tswina.

Fa leungo le sena go pakiwa le tlhatswa ka gase e nngwe ya ethylene kgotsa carbon dioxide ka mo gare ga meteme ya tsholo e e kgethegileng sebaka se se rileng sa diura kgotsa malatsi, go ikaegile ka mofuta wa tsholo. Ka bobedi ke digase tse di tlwaelegileng mme tsholo eno ga e kotsi go badirisi. Tsholo ka gase e ntsha dielô tse di kwa godimo tsa tannin mo leungong, mme e tlhagisa maungo a a tiileng a boleng jo bo kwa godimo ka kutlotshwaro e okareng jelly, tatsô e e tswina le mmala wa namune o montle, a a siametseng go ka rekiswa.

Boleng jwa Dikotla

©Louise Brodie

Kaki Fruit e humile thata ka vitamin B2 (riboflavin) le vitamin B1 (thiamin) mme e tletse ka carotenoids, tse di itsagaleng ka ntlha ya ditlamorago tse di molemo tsa tsona mo go fokotseng matshosetsi a bolwetse jwa pelo le dikankere dingwe. Leungo le na le bobedi jwa fibre e e fitlhelwang mo diapoleng mme gape e na le dielemente tse di jaaka calcium, iron le magnesium. 

Translated by Nchema Rapoo