Mefuta ya Dithuntshwane

©Louise Brodie

Go na le makgolokgolo a mefuta ya dithuntshwane tse di lemilweng (ditlhopha tse di fetang 20) tse di leng teng boditšhabatšhaba, fela tlhagiso ya thuntshwane ya Afrika Borwa e tsepametse fela go mefuta ele mmalwa go tlamela bodirelo jo bo sa rateng phetophetogo ele ntsi. Mofuta o o tlhagiswang thata ke thuntshwane ya shiitake, e e dirang go feta 20% ya tlhagiso ya lefatshe, e e kwa China ka bontsi.

Mo Afrika Borwa, mokoa (mo go dirang 80%) wa tlhagiso ya temô o akaretsa thuntshwane ya konopo-tshweu, ya konopo-borokwa (cremini) le dithuntshwane tse di borokwa (portobello kgotsa portabello), tsotlhe ke maloko a tshika ya Agaricus. Mo go ka dirang 8 - 10% ya mmaraka wa kgwebo ya dithuntshwane go dirwa ke dithuntshwane tsa botswantle, tse di akaretsang dithuntshwane tsa kgetla (Pleurotus spp), shimeji le shiitake (Lentinula spp).

Goya ka thutadimela, dithuntshwane tsa portobello kgotsa portabello le crimini (tse di bitswang gape portabellini) ke thuntshwane ele esi. Dithuntshwane tse di borokwa tse di kgolo tse di rekiswang jaaka portobello di kgolwane ka makgwafo a a fifetseng a a bulegileng. Tseno ke dithuntshwane tse di butswitseng tsa crimini. Makgwafo a dithuntshwane tsa sebôpegô sa konopo tsa crimini/portabellini a apesitswe ka ‘letlalo la thuntshwane’ kgotsa lesira. Ke sesupo sa go butswa; fa go sena lesira mo makgwafong - ke thuntshwane ya bogologolo. Fela, boforeshe bo sweetswa ka botsetsepedi. Mo mofuteng wa Agaricus, dithito tse di telele le phopholego e e bongami di kaya fa thuntshwane e se foreshe.

Dithuntshwane tsa Botswantle

Tlhagisetso-kgwebo ya dithuntshwane tsa botswantle mo Afrika Borwa e santse ele potlana (ka 2019) fela letlhôkô la tsa shiitake le tsa kgetla le baka tlhagiso e e oketsegileng. Tatsô e e gaisang le dipoêlô tsa itekanelo tsa dithuntshwane tseno tsa ‘botswantle’ kgotsa ‘gourmet’ di baka gore baapei ba di akaretse mo dijong tsa bona thata mme gape ba di rebole jaaka maemedi a nama go baji ba ba jang merogo fela le ba ba sa jeng nama. 

Bodirelo jo bo golo jwa jalô ya dithuntshwane tsa botswantle, Free E, bo butswe kwa Sasolburg kwa Mpumalanga ka 2017, mme bo itebagantse le tlhagiso ya dithuntshwane tsa kgetla, shiitake ga mmogo le dithuntshwane tsa shimeji tse di borokwa le tse tshweu. Dielô tsa tlhagiso go dumelwa fa ele ditone di le 3 - 5 ka letsatsi.

Dithuntshwane tse di Tlhaga

©Andreas Kunze

Barati ba thuntshwane gape ba kgetla dithuntshwane tse di tlhaga tse di jegang tse gantsi di rekiswang kwa mebarakeng ya balemirui. Moitseanape wa mouta wa kwa Kapa, Gary Goldmann, o kwala fa mefuta e e rategileng thata ya dithuntshwane tse di jegang e akaretsa bay le poplar boletus, porcini le wood Blewitt.

Dithuntshwane tsa Kalafi

©Marinda Louw

Setlhôgô sa dithuntshwane tsa kalafi ke se se atologileng mme se ka akaretsa tiriso ya dithuntshwane tse di sa jegeng mo medirong ya semowa le ya setso. Fa tlase ke umako ka bokhutshwane ya dithuntshwane tse di jegang di le mmalwa le dipoêlô tsa tsona mo temeng ya malwetse.

Dithuntshwane fa e sale ntse di diriswa dingwagakgolo di le di ntsi mo melemông ya segologolo, mme go tsaya maeto go go oketsegileng go senoletse baeti ba Bophirima tatsô le dipoêlô tsa mefuta ya thuntshwane ya kwa Botlhaba.

Nngwe ya sekai seno ke (Hericium erinaceus) e e itsagaleng gape jaaka yamabushitake kgotsa satyr’s beard. Moêtse wa Tau ke thuntshwane e e itsagaleng thata ya dijo le kalafi e go dirwang dipatlisiso ka yona le go bapatswa malebana le bogodisa-mothapo jo e nang le jona-erinacine - ga mmogo le erinacine A. Diphetodi tseno ka bobedi di ka diegisa malwetse a a koafatsang methapo e e jaaka bolwetse jwa Parkinson le jwa Alzheimer, mme di sireletsa mmele kgatlhanong le go swa mhama le nyemo-moko. 

Dipoelo tse dingwe tsa boitekanelo tse di amangwang le dithuntshwane tse di jegang di akaretsa tshireletso kgatlhanong ga mmogo le kalafi ya kankere ya matswele ka go nonotsha tsibogo ya masole a mmele (thuntshwane ya mogatla wa kalakune). Dithuntshwane tsa kgetla di ka isa tlase dielo tsa cholesterol mo mading mme dithuntshwane tsa reishi di thusa mo taolong ya dielo tsa sukiri mo mading le go laola masole a mmele. Thuntshwane ya shiitake e matsetseleko jaaka sejo sa bolwantsha-kgotelo. Gape, lentinan e e mo thuntshwaneng ya shiitake e thusa go alafa tshenyego ya chromosome e e bakilweng ke dikalafi tsa kankere.

Ka Kopo Elatlhôkô:
Tshedimosetso ke ya mabaka a thuto le tshedimosetso fela mme e se tsewe jaaka kgakololô ya tsa kalafi kgotsa tsa phepô. Maikaelelo a tshedimosetso enô ga se go tsaya maemô a kgakololô ya tsa kalafi kgotsa kalafi e e rebolwang ke batlhankedi ba tsa itekanelo.

Translated by Nchema Rapoo