Maikilelo a a ka Selwang Morago Go Tila Tshwaetsego wa Coronavirus

Tlhapa Diatla tsa Gago
Tlhapa diatla tsa gago gotlhelele ka sesepa.
Tlhapa lemorago la diatla tsa gago, mo magareng ga menwana le ka fa tlase ga dinala.
Tlhapa diatla tsa gago ka metlha ka sesepa pele o ja le morago ga go tswela kwa ntle kwa phatlalatseng.

Phelophepa ya Sebele e Ntle
Khurumetsa molomo wa gago ka tukwana ya pampiri fa o gotlhola kgotsa o ethimola.
Tila go ikgoma sefatlhego ka diatla tse di leswe ka dinako tsotlhe.
Fa o tshwanetse go ikgoma, netefatsa fa o tlhapa diatla gotlhelele pele ka sesepa.

O Seke wa Pataganna Dijo le Didiriswa tsa Go Ja
Bacteria e ka fetisetswa mo dithipeng, diforokong, maswaneng le digogeng-nno.
Dirisa fela didiriswa tsa go ja tse di phepa mme o seke wa pataganna dino.
Phepafatsa diatla tsa gago ka metlha pele o ja.

Bona Ngaka Fa o Sa Tsoga Sentle
Ditshupabolwetse tsa setlwaedi di akaretsa kgotlholo, nko e e mamina, letshoroma le phelelo-mowa.
Fa o itemogela nngwe ya ditshupabolwetse tse, senka thuso ya kalafi ka bofefo.
Leletsa tleliniki kgotsa ngaka mogala pele ga ketelô ya gago, mme o ba itsise ka ga ditshupabolwetse tsa gago le hisetori ya maeto a gago.

MOGALA WA NICD WA DIURA DI LE 24: 0800 029 999

Translated by Nchema Rapoo