Leungo la Mmupudu le Humile ka Vitamin C

© JMK
Red milkwood (Mimusops zeyheri) e bitswa gape moepel, Mmupudu, umPushane, Nhlantswa le Mubululu mme e tlholega mo Afrika. Setlhare se se golo se se moriti se se phelang se talafetse sa mmupudu se tlholega kwa dikarolong tse di kwa bokone tsa Afrika Borwa mme se mela mo mafelong a a ditlhare mo dithabaneng tse di matlapa, kwa dikgophung le kwa dikgaolong tsa dinoka kwa diporofenseng tsa Limpopo, Gauteng, Bokone Bophirima, Mpumalanga, KwaZulu-Natal le Free State. Matlhare a jewa ke sikaloopodi le tlou fa leungo le jewa ke dikgabo, dikolobe tsa naga le batho.
Leungo la mmupudu le tswina mme le humile ka Vitamic C (ka seêlo sa 50 - 90mg go 100g) mme le siametse go ka kotulwa go simolola ka Motsheganong go fitlha ka Diphalane fa le latlhegelwa ke latex e e kgomarelang e e mo letlaping le leungokobolwa le le sa butswang. (Latex ke seeledi se se maši se se ntshwang ke semela fa se senyegile.)
Leungo la sebopego sa lee la mmala wa namune le ka kotulwa le sa butswa go se kalo mme le tla butswa mo letsatsing le le lengwe goya go ale matlhano.
Mmupudu o na le bokgoni jo bo golo jwa go diriswa mo mananeong a kgwebo le a kotlô mo dikgaolong tse di omeletseng le tse di omeletseng go see kalo. Patlisiso go ka sweetsa ka tlhopho ya setlhare sa tlholego-selegae sa leungo se se ka jalelwang go diriswa mo gae le mo kgwebong e supile mmupudu jaaka mmamoratwa (92.5%) go ka jalwa fa go bapiswa le 64% ya balemi ba ba ka jalang mobola plum.
Balemi mo dikgaolong tsotlhe ba bone fa go na le tlhokagalo e kgolo ya go ka dirisa ditlhare tsa mmupudu mo selegaeng le mo kgwebong “ka gonne ditlhare tseno tsa leungo di le sewelo ka tlhagô fa go bapiswa le morula”. Mmupudu o na ke bokgoni jwa go ritibatsa ditlhaelo tsa Vitamin C, segolo thata jaaka maungo a tlhagelela mo bogareng jwa dikgakologo fa thebolelo ya Vitamin C kwa dikgaolong tsa metse-selegae ele kwa tlase.
Maungo a dirwa sethugwa sa setso se se omisitsweng se se bitswang “sesema”, se se bolokegang nako e telele mme se dira jaaka sejo se se tatso ka mariga.
Setlhare se jalega bonolo gotswa mo dipeong mme se ithatela dikgaolo tse di senang segagane tsa dipula tsa selemo. Se na le medi e e sa meleng botlhaswa, se kgonana le segagane le komelelô, mme ka ntlha ya go nna teng ga latex mmupudu ga o na disenyi di le di ntsi. Mmupudu o siametse mebu e e mmopa le e e serokwa, mme tshegô e a tlhokagala go bona ntshô-kungô e e gaisang.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo