Lethisi ka Kakaretso

© Louise Brodie

Leina la Saense: Lactuta Sativa
Leina la Tlwaelo: Lethisi
Lethisi go akanywa e simolola e tswa mo dikarolong tsa Asia, fela Maegepito go dumelwa e le ba ntlha go simolola go ntshakuno ya sejalo ka metswako e e jewang go tswa kwa nageng le tatso e e botlha ya mefuta ya ntlha e e farologaneng ya kwa nageng.
Gompieno lethisi e jalwang mo lefatsheng ka bophara mo bobedi ditshimo tse di bulegileng le mo dintlotaleng. Lefaufau le le laotsweng mo ntshokunong ya ntlotala e nnile e e siameng thata ya tlamelo ya mabenkele a magolo e e tswelelang mme e thusitse tlamelo ya lethisi le kgolagano ya boleng ba mabenkele a magolo a a tlhokang ntshokuno e foreše e bile go goroswa ka nako yale go oketsa bokgoni jwa botshelo mo dišhelofong ka badirisi ba bona.
Bantshakuno ba bagolo le bona ba sa ntse ba ntshakumo ya lethisi mo tshimong e e bulegileng mme ba tlhamile dikgolagano tsa tlamelo ya go tlhomamisa boleng le maemo.

Tlhaloso ya Sejalo

Lethisi e na le kutu e khutswane e e ka nnang disentimetara tse 10 go tswa mo letsubutsubung la matlhare a a golang go nna kgwele e e gagametseng a a nonneng ka metsi, matlhare a omileng kgotsa mefuta ya matlhare a a repileng a a dirang matlhare a tsona mo go rosetteng a a boleta, a a manana kgotsa go fene e e tlhomameng ya matlhare a a manana a masesane a a gokaganeng. Ke sejalo se se masisi mme matlhare a senyega bonolo ka ntlha ya boteng bo go kwa godimo ba metsi, a swaba bonolo. Thulaganyo ya medu gantsi e sobokantswe mo godimo ga disentimetara di le 20 go ya go disentimetara di le 30 tsa mmu mme dijalo le tsona di masisi go kgatelelo ya metsi. Sejalo sa lethisi se kgona go fenya ke serame se se bonolo.

Tiriso

Lethisi gantsi e dirisiwa mo disalateng le mo disementšhiseng.

Ditlhokego tsa Mmu le go Baakanngwa

Lethisi e dira go gaisa mo mmung wa motlhaba serokwa o o gamolang sentle e bile e na le maemo a a kwa godimo a diteng tsa tlhago. Maemo a pH ya mmu a tshwanetse go nna magareng ga 6 le 7. Tsaya dikai tsa mmu nako pele ga letlha la go jala mme o di romela kwa laboratoring e e tlotlegang.
Kgwedi e le nngwe pele ga go jala baakanya mmu go naya ntshokuno e e kwa godimo ka go baakanya diteng tsa kotlo ya mmu le go lekalekantsha maemo a pH ka go tlaleletsa kalaka mo mebung e e galakang thata mme le go tlaleletsa ditiro sa tlhago jaaka mmutele kgotsa metshetelo. Tsenyeletsa tseno mo godimo ga dimilimetara di le 300 go ya dimilimetara di le 400 tsa mmu.
Fa o dira paakanyo ya bofelo ya mmu beke e le nngwe pele ga go jala, tsenyeletsa menontsha ya pele ga jalo le dintlha tsa tatelano mo godimo ga disentimetara di le 20 go ya go disentimetara di le 30 tsa mmu o dirisa mogoma wa magare a a dikologang wa kgotsa mogoma wa didiko go tlhakanyetsa dikotla tse jaaka se se direla le go tlosa makwete mo mmung. Thulaganyo gape e dira tiro ya bofelo ya taolomofero ya semotšhene. Netefatsa gore mela ya dijalo le makidi a lekalekane mme le mmu o siame e bile o phepa. Se se netefatsa gore peo e nnye thata ya lethisi e ka jalwa ka go lekanyediwa go netefatsa go tshwana go tlhoga ka go tshwana, tlhabololo ya kgolo. Gape e naya lekidi le le siameng fa go jalwa dimela matlhogela.
Bamedisi ba le bantsi ba tsenya dipeipi tsa nosetso ya go rothetsa mo godimo kgotsa fa gare ga makidi le go khupetsa mela ya go jala e e tsholeditsweng ka dikhupetso tsa polasetiki go thibela mefero le go fokotsa mowafalo. Matlhogela ka jalo a jalwa go tlhaga ka khupetso ya polasetiki.

Maemo a Bosa

Mefuta yotlhe ya lethisi e tlhoka maemo a bosa a a tsiditsana mme e dira go gaisa fa dithempheretšha ka lobaka lwa go mela di le magareng ga 15°C le 22°C. Fa dithempheretšha di fitlha 28°C le go ya kwa godimo di tlhola gore sejalo se butswe mme se ntshe peo ka bonako pele ga ditlhogo le matlhare di siametse go robiwa.

Mefuta ya Dijalo

Go na le mefuta e le mene ya lethisi le mefuta e mmalwa ya dijalo tsa bona.
Dilethisi tsa thabakgapetla: Aviram, Molaodi, Del Oro, Del Rio, Mmusimogolo 2000, Ya Segagane, Letsha le le Kgolo, Gauta ya Selemo, Musisimogolo wa Boboatsatsi, Phenyo, Mariga a Omileng le Mariga a a Magolo.
Dilethisi tsa Botoro: Ya Ngwaga Otlhe, Bibb, Boston le Kragramer Sommer.
Dilethisi tsa Romaine: Sekgwa se se Tala, Ditora tse di Tala, Jericho, Nautilus, Plato le Rubicon.
Dilethis tsa Matlhare a a Repileng: Grand Rapids, Merlot, Letlhare la Ouku, Red Sail, Molelo o Mohibidu, Ruby le Simpson.
Go na le mefuta e mengwe ya dijalo, nngwe le nngwe le mekgwa ya yona e e kgethegileng le ditsela tsa ntshokuno. Go botlhokwa go bona kgakololo go tswamo moladi wa katoloso le bareki jaaka ga ntshokumo e e mmaraka o e tlhokang e bile le mefutafuta e e siametse maemo a tiriso ya kgolo.

Translated by Lawrence Ndou