Go Jala Lethisi

© Louise Brodie

Go Atisa

Go atisa lethisi ke ka peo. Le mororo peo ya lethisi e ka mela mo dithempheretšheng tse di tsiditsana tse di kwa tlase go fitlha 5°C, dithempheretšha tse di gaisang tsa go tlhoga go netefatsa go tlhoga ka lebelo ga matlhogela le go netefatsa gore dijalo tse di tshwana tsa go roba le go rekisa di magareng ga 18°C le 22°C.

Mokgwa wa Go Jala

Go jala go dirwa ka go jala peo ka tlhamalalo ya lekidi le go dira dijalo di nne tshesane go fitlha mo palong ya e e eletsegang ya dijalo morago ga tlhogo, le fa go le jalo ke tiro e e tseneletseng ya diatla e bile key a tlhwatlhwa e e ka godimo.
Bontsi ba bajadi bagwebi ba tla jala matlhogela a a tsweleditsweng mo ntlotaleng a a tla siamang mo dibekeng di le nne go ya go di le tlhano morago ga go jala peo.
Go jala ka dikgaolo tse di nnye go ka dirwa ka diatla mme go jalwa go gontsi go ka dirwa ka didiriswa tsa go jala tsa metšhene kgotsa ka thuso ya go jala ka metšhene.

Sebaka

Palo ya dijalo tsa lethisi e farologana go ya ka mofuta wa lethisi o o jetsweng fela e tshwanetse go nna sengwe le sengwe go tswa mo 60 000 go ya go 120 000 ya dijalo ka heketara. Di jalwa mo makiding a dimilimetara di le 1000 go ya go 1200 ya dimilimetara a a tsholeditsweng a a nang le mela e meraro go e le metlhano ya kgaogantsho ya disentimetara di le 20 go ya go 30 mo dimeleng tse di beilweng mo sebakeng sa disentimetara di le 15 go ya go 20 mo kgaogantshong ya mela. Makidi a a tsholeditsweng gantsi a laolwa ka bophara ba terekere le didiriswa tsa maotwana.

Nako ya go Jala

O jale peo ya lethisi kwa tshimologong ya dikgakologo kgotsa ka letlhabula fa dithemperetšha di simolotse go tsidifala morago ga bollo ba selemo.

Nako ya go Jala

Jala matlhogela mo tsamaong ya ngwaga otlhe fa fela dithempheretšha di nepagetse le fa go se na serame se kgolo sa mariga se se tla feleletsang se tla bolaya kgotsa se senye dijalo. Go fitlha dijalo tse 3 di ka fitlhelelwa mo dikgaolong tse dithempheretšha di tshwanetse.
Kwa dintlotaleng, lethisis e ka jalwa mo tsamaong ya ngwaga otlhe mme lobaka lwa go gola ka tlwaelo di tla nna fa gare ga palogare le peditharo ya nako e e tlhokegang ka ntshokuno ya naga e e bulegileng.

Lobaka lwa Go Mela

Mefuta e megolo e mene ya lethisi e na le dikgato tse di farologaneng le dinako tsa go butswa.
Dilethisi tsa Thabakgapetla: dibeke di le 10 go ya go di le 12 morago ga go jala go ya go go butswa.

Dilethisi tsa Botoro: Dibeke di le thataro go ya go di le 10.
Dilethisi tsa Romaine: Dibeke di le 10 go ya go di le 12.
Dilethisi tsa matlhare a a repileng: E ka nna ya jalwa ka gale ka lobaka lwa go roba lo lo atolositsweng go tswa mo dibekeng tse di ka nnang di le tlhano go ya go di le thataro go ya pele.

Go Nontsha

Ka gale nontsha go ya ka ditshekatsheko tsa mmu tse di tserweng pele ga go jala. Kwa ntle ga se, tiriso ya pele ga go jala e e siameng ya dikhilogeramo tse750 ya 2:3:4 (30) e ka tsenyeletswa mo godimo ga disentimetara tse 30 tsa mela ya dijalo go bona tshimologo e e siameng.
Tiriso ya menontsha ya bobedi ya dikilogeramo tse 250 tsa LAN di ka apeswa go bapa le mela ya dijalo mo dibekeng di le nne go ya go di le tlhano morago ga go jala go oketsa kgolo ya dijalo.
Fa o dirisa nosetso ya go rothela, jaaka bontsi ba balemerui ba kgwebo ga jaana ba rata, bokana ba monontsha wa seedi bo ka diriswa go ya ka dirothisi tsa metsi jaaka tiriso ya menontsha.

Nosetso

Nosetso e dirwa ka tikoloso e e kwa godimo ga tlhogo, kgatshi, sefofane se se potlana kgotsa nosetso ya rothisetso. E e dirang go gaisa e leng nosetso ya rothetso jaaka tiriso e e nepagetseng le di ka dirisiwa le tshenyo e e lekanyeditswe.
Jaaka lethisi ya metsi a a fetang 80%, di masisi thata mo metsing le kgatelelo ya nosetso. Se e ka nna ka ntlha ya nosetso e e kwa tlase, e e tla tlholang tatlhego ya ntshokuno le tshwabo. Kgatelelo ya metsi e ka feleletsa mo metsing a mantsi ka nosetso e e feteletseng, se se ka feleletsang go maemo a anerobiki mo kgaolomeding le malwetse a go bola.
Go botlhokwa go baya mmu leitlho ka bogaufi mme o nosetse jaaka kgatelelo ya mmu e agelang. Tsenya di-irrometara kgotsa didiriswa tse dingwego rala tikologo ya dijalo go baya diteng tsa monola wa mmu leitlho letsatsi le letsatsi.

Translated by Lawrence Ndou