Korong ya Tshepe

© Nima t100

Korong ya tshepe ke sejalo se se thunyang mme ga se la korong. Dithunya tsa yona di ntsha dipeo tse dinnye tse di ka jewang le go silwa go ntsha folouru. Ke sejalo se siameng sa khurumetso le go tlamela ka motswedi o o siameng wa matute a dinotshe.

Ke sejalo sa bogologolo se se jetsweng gongwe le gongwe mo lefatsheng, bogolosegolo kwa Russia le China. Le mororo korong ya tshepe e ne e jwetswe thata mo Aforika Borwa dingwagasome di le mmalwa tse di fetileng, go tloga fao e setse e fokotsegile ka go letlelela dijalo tse dingwe tse di ka abelanang ka mafulo.

Korong ya tshepe e kile gape ya simolola go ngoka tlhokomelo ya badirisi ba ba mafolofolo mo dithorong tse di tlhokang poroteine ya dithoro.

Translated by Lawrence Ndou

Bolemirui ba Korong ya Tshepe

Korong ya tshepe (Fagopyrum esculentum), kgotsa (Fagopyrum esculentum Moench) ke sejalo se se thunyang sa poroteine e e kwa godimo, se se ja...more

Ntshokuno ya Korong ya Tshepe

Korong ya tshepe (Fagopyrum esculentum) ke sejalo sa ngwaga le ngwaga se se thunyang se se golang go fitlha 1.2m kwa godimo ka moditona o o ...more