Korong ya tshepe (Fagopyrum esculentum), kgotsa (Fagopyrum esculentum Moench) ke sejalo se se thunyang sa poroteine e e kwa godimo, se se jalwang ka ntlha ya tiriso ya peo ya sona go tloga bogologolo. Se se tumileng kwa ditsong tsa dijo tsa kwa China, Russia le Yuropa Botlhaba, korong ya tshepe ga e a amana le korong, mme ka dinako tse dingwe e kaiwa jaaka ‘dithoro’ le fa e se tlhaga.
‘Dithoro’ tsa korong ya tshepe tse di tlhokang poroteine ya dithoro di jewa di le tala, di a gasiwa kgotsa di apeelwe mo bogobeng, di a sidiwa go nna folouru ya korong ya tshepe kgotsa go dirisiwa go titiela bojalwa. Matlhare a korong ya tshepe a dirisiwa mo teeng.
Sejalo sa peo e nnye ka thulaganyo ya medi e e boleta, korong ya tshepe e rata lekidi le le boleta, le le tsepameng le le mmu o o nang le kgonang go kgotlelela methalethale ya maemo a mmu. E dira sentle thata ka naeterojene e e kwa tlase, mo mebung ya motlhaba e e botšharara go le gonnye mme go ya mo maemogareng a pH. Le gale, fa e jetswe mo mebung ya maemo a kotlo e e kwa tlase, korong ya tshepe e dira botoka go feta dijwalwa tse dingwe tsa dithoro.
E masisi mo dithempheretšheng tsa selemo tse di kwa godimo le mo segagane, go jala go tshwanetse go simolola fela morago ga segagane se setlhogo fa se setse se fitile, fela pele ga tlhora ya selemo.
Bongola bo a tlhokega fa go thunya - dibeke di le nne go ya go di le tlhano morago ga go jala. Diphefo tse di omileng, pula e e kwa godimo le komelelo mo nakong e e ka tlhola tatlhegelo ya thobo.
Korong ya tshepe e e jadilweng sentle e tla gaisana go feta le mefero le ka sewelo e itemogela mathata a disenyi le malwetse.
Korong ya tshepe e tla butswa morago ga dibeke di le 10 -12 morago ga go jala. E na le tlwaelo ya go mela e e sa laolegeng ka kgaolo ya sejalo e e kwa godimo e thunya fa kgaolo e e kwa tlase e setse e le peo. Go roba (tsaya tsela e e bofefo e e boleta) e tshwanetse go dirwa fa ka diperesente di le 75 tsa peo di budule. Bokana ba kumo bo ka nna ba tloga go 1100g go ya go 1600 kg/ha.
Korong ya tshepe ga se gantsi e akareditswe mo thulaganyong ya thefosano ya dijalo jaaka e le modirisi o o bokete wa diminerale, tota fosoforo. Se se tshwanetse go tsewa tsia fa go nontshiwa dijalo tse di latelang.
Jaaka sejalo sa motshetelo, korong ya tshepe e mosola jaaka e ntsha bokakang bo bogolo ba dilo tse di omeletseng.
Korong ya tshepe ga se gantsi e akareditswe mo thulaganyong ya thefosano ya dijalo jaaka e le modirisi o o bokete wa diminerale, tota fosoforo. Se se tshwanetse go tsewa tsia fa go nontshiwa dijalo tse di latelang.
Ngaka Hans Kendal, moithutatemo wa Yunibesithi ya Puso ya Dakota o gakolola kgatlhanong le go jala korong ya tshepe morago ga go jala kanola, masetete le sonobolomo. O ne a tlhalosa, “Dijalo tse di ntsha ka go ithaopa (masalela) dimela tse di sa kgonegeng go laola mo go jaleng korong ya tshepe”.
Jaaka sejalo sa motshetelo, korong ya tshepe e mosola jaaka e ntsha bokakang bo bogolo ba dilo tse di omeletseng le kwa USA, korong ya tshepe e botlhokwa jaaka sejalo sa khurumetso se se golang ka bonako.
Korong ya tshepe e bontsha go thuyna go go tswelelang go go tshwarelelang nako e telele e e ngokelang ditshenekegi, e seng fela dibatana tsa tlhago tsa disenyi tse dingwe tse di leng teng mo polaseng, mme gape le dinotshe. Korong ya tshepe, le fa go le jalo e kwa tlase ka diporoteine (11%) e ntsha matute mme ke lefulo le le siameng la dinotshe. Ntshokuno ya tswine ya dinotshe e e ka nnang go tswa go 70 -100 kg/ha go ya go 300 kg/ha ya korong ya tshepe ya dijalo tsa mefuta e e farologaneng e e kwa godimo.
Korong ya tshepe e dira sentle ka tulafatso kgabaganyo le 2.5 ya motshitshi ka heketara di atlenegisitswe.
Translated by Lawrence Ndou