Ntshokuno ya Korong ya Tshepe

© Jasper Teboc (North Carolina State University)

Korong ya tshepe (Fagopyrum esculentum) ke sejalo sa ngwaga le ngwaga se se thunyang se se golang go fitlha 1.2m kwa godimo ka moditona o o seng boteng le setlha se se khutshwane sa go mela. E jetswe ka ntla peo ya yona ya sekhutlotharo e e jewang ke batho, le dijo tsa diphologolo, mme le jaaka khurumetso ya dijalo.

Ke ‘sejalo sa thoro’ se se sa amanang le korong. Le fa go ntse jalo, le fa e le gore ga e tswe mo lelapeng le le jaaka bojang la dijo tsa dithoro, e tlhaotswe fa gare ga dijalo tsa dijo tsa dithoro.

Ke moagi wa setlogo wa kwa Borwabotlhaba ba Asia mme e jetswe setse kwa teng ngwagakgolo. E ne ya jalwa kwa China ka 1000 Morago ga Leso la Kreste, e tlhagisitswe kwa Yuropa mo ngwagakgolong wa 15 mme ya anamisiwa go ya kwa Amerika ka ngwagakgolong wa bo17.

Bantshakuno ba Korong ya Tshepe

Russia le China ke bantshakuno ba bagolo ba korong ya tshepe ba ba gaisa mo lefatsheng ka dihektare tse di fetang 700 000 le 661 000, ka go latelana. Bantshadikuno ba bangwe ba akaretsa Ukraine (167 000 diheketara), Fora (111 000 diheketare) le Amerika (83 000 dihekatare).

Tiriso ya korong ya tshepe mo Aforika Borwa ke e e lekanyeditsweng gantsi e dirisiwa jaaka dijalo tsa khurumetso. Korong ya tshepe e jetswe ka bophara dingwagasome tse di mmalwa tse di fetileng, mme ka ntlha ya thobo ya yona e e sa siamang masaledi le go ikaega ka bophara mo masaleding a dijalo go fepa diphologolo, ntshokuno ya korong ya tshepe ka peo ya yona ke e nnye.

Ditiriso tsa Korong ya Tshepe

Korong ya tshepe e tlhoka poroteine ya dithoro, e e kwa godimo ka poroteine, tlhale, makanesiamo, khalesiamo, potasiamo, fosoforo, diesiti tsa mafura: omeka 3 le 6, bithamine ya niacin, le folate.

Dipeo tsa korong ya tshepe, mme segolobogolo matlhare, a na le rutin mmalafatsi wa sejalo, o o itsegeng ka go tiisa dipota tsa tshika. Tee ya korong ya tshepe e na le maemo a a kwa godimo a rutin ka jalo e mosola go fokotsa malwetse a pelo, go fokotsa matshosetsi a ditshikana tse di thatafalang le ditlamorago tsa moyafalo.

Dijalo tsa dithoro di jewa tsotlhe kgotsa tse di dirilweng mosima, e apeetswe mo bogobeng, e sidilwe mo folourung kgotsa go dirisiwa jaaka madi a tshipi a korong ya tshepe. Dipeo tse di dirilweng mosiama, gape tse di itsegeng jaaka madi a tshipi a korong ya tshepe, ke tse di ratwang thata (di le tala kgotsa di tlhogile) modijong tse di tala mme e dirisiwa mo disalateng, e tsenywa mo disopong le disetšhung le go dirisiwa ka dikerekere le kranola.

Folouru ya korong ya tshepe (e dirwa go tswa mo dipeong tse di sidilweng) di dirisiwang go dira dinudele le go tsenngwa mo metswakong ya go paka e e tlhokang poroteine ya dithoro. Dipeo tsa korong ya tshepe tse di gadikilweng di bidiwa dipeo tsa kasha. Kasha e bokhibidu le borokwa e na le tatso e e nonofileng, ya manoko a a gadikilweng. Folouru ya setso ya kwa Russia, Poland le dinaga tse dingwe tsa kwa Yuropa Botlhaba, korong ya tshepe gape e dirisiwa go dira binika, biri, nnotagi le tee.

Makape a korong ya tshepe (morago ga fa dipeo di tlositswe) di ka fepiwa diruiwa (dikgomo, dinku, dipodi, jj.) le dikgogo.

Ka ntlha ya go ratega ga dithunya tsa korong ya tshepe mo dinotsheng, tswine ya dinotshe e ka nna selo sa kwa thoko sa balemirui ba korong ya tshepe. Tswine ya dinotshe ya korong ya tshepe e kwa godimo ka poroteine e nang le 22 ya 24 ya dilo tse di botlhokwa tsa tshipi tse di latelang tse dintsi.

Translated by Lawrence Ndou