Korong e Ka Kotulwa Leng

© Chris Daly

Korong e tshwanetse go kotulwa go sale gale mo go lekaneng go thibela phatlakanyo, tlhogelelo ya pele ga kotulo le tshenyô ya dinonyane, fela thari mo go lekaneng gore thoro e omelele. Kotulo ka kakaretso e simolola fa bometsi jwa korong bo le 16%, fela bo ka nna kwa botlaseng jwa 13% fa korong e tlile go bolokwa. Mefuta e e nang le go latlhegelwa ke thoro, selo se se bitswang phatlakanyo, e tshwanetse go kotulwa go sale gale nyana mme e omiswe ka mokgwa wa boitirelo. Kotulo ya korong e simolola ka Ngwanatsele-Sedimonthole kwa dikgaolong tsa tshologo-pula ya mariga, mme moragonyana kwa dikgaolong tsa tshologo-pula ya selemo.

Tsela ya go Kotula Korong

©Chris Daly

Le fa korong e ka kotulwa ka seatla ka go dirisa scythe kgotsa machete, metšhine ya kotulo ke tlhopho e e eletsegang fa o na le lefatshe le le golo le le tlhokang go ka kotulwa ka nako e e tshwanetseng. Metšhine ya kotulo ya combine e kgona go sega le go aroganya korong gotswa go dikarolo tsa sejalo tse dingwe le mmoko. 

Tlhagiso-Magareng ya Korong

©Chris Daly

Tlhagiso-magareng ya korong mo heketareng nngwe le nngwe e ikaega ka maêmô a bosa, kgaolo e korong e tlhagisetswang mo go yona, mofuta wa korong le boleng jwa mmu. Thôbô e ka nna bogolo jo bo etsang 2.5 tons/ha mo lefatsheng le le omeletseng le jo bo etsang 5 tons/ha mo mafatsheng a a noseditsweng.

Karologanyo ya Korong

Korong mo Afrika Borwa ka setlwaedi e tlhaotswe ka matshwao-tlhaodi ale mane goya ka bo-protein, bokete jwa hectolitre le falling number, tsotlhe tseno ke ditshupô tsa boleng jwa go beikha jwa korong. Bokete jwa hectolitre ke bokete jwa seêlô sa tlwaelô sa korong. Fa falling number ele semeti se se lebang seabe sa enzymes mo boleng jwa korong.

Go tswelela jaaka B1, korong e ne e na le bonnye jwa 12% ya protein, bokete jwa hectolitre jwa 77 kg/hectolitre le falling number ya metsotswana ele 220, mme ditlhokegô di iswe tlase go B2, B3 le B4 goya fela go 8% protein, 70 kg/hectolitre le metsotswana ele 150 go letshwao-tlhaodi ya tiro.

Thulaganyo e ntšhwa ya botshwao-tlhaodi, e e tsentsweng tirisong ka 2019, e diriswa go tokafatsa botsenya-lotseno jwa tlhagiso ya korong. Ka go ikaega ka seno, letshwao-tlhaodi le le ntšhwa la seêmô-godimo le tlhamilwe go korong ya bo-protein jo bo kwa godimo ga 12% gore go akaretswe korong e e tlhagisitsweng ka fa tlase ga nosetsô. Bo-protein jwa matshwao-tlhaodi a setlwaedi bo tlile go fetofetolelwa goya tlase gotswa go 12% goya go 11.5% mo lobakeng lwa Grade B1, gotswa go 11% goya go 10,5% mo lobakeng lwa Grade B2 le 10% goya go 9.5% mo lobakeng lwa Grade B3.

Pharologanyo ya tlhwatlhwa magareng ga matshwao-tlhaodi e fetofetoletswe goya tlase, mme pharologanyo magareng ga B1 le B2 e ngotlegile ka 1% fa go bapiswa le mo malobeng fa e ne ele bogolo jo bo ka etsang 4%. Pharologanyo ya tlhwatlhwa magareng ga B1 le B3 e tlile go ngotlega ka fela 3%.

Poloko ya Korong

©Eric Miller

Le fa balemirui ba ba senang ditlabakelo ba tlile go boloka korong ya bona mo mefuteng e e farologaneng ya ditshodi, e e farologanang gotswa go dikgetse goya go mesima ya fa fatshe, keletso ke go tsenya korong ka mo gare ga dipolokelo tsa thoro tse di sa tseneng mowa ka bonako jo bo kgonagalang go fokotsa ditatlhegelô tsa morago ga kotulo tse di bakwang ke mouta, bometsi kgotsa metlhampepe.

Mo Afrika Borwa, balemirui ba ka dirisa dikgetse tsa poloko ya thoro go fokotsa ditatlhegelô fa ba ntse ba letile serori se se tlileng go rwala korong, fa bobolokelo-jalô jwa mo polaseng kgotsa jwa kgwebo-tshwaraganelo bo ka diriswa go boloka korong mo dipakeng tse di telele.

Go boloka korong ka mo gare ga bobolokela-jalô go bonolo go buiwa gona le go diragatswa, ka ge korong e tshwanetse go bolokwa mo bongôleng le dithemphoritšhareng tse di matshwanedi go e thibela gore e se bole. E tlhoka gape go sireletswa kgatlhanong le magotlo le disenyi tse dingwe tse di ka bakang ditatlhegelô.

Translated by Nchema Rapoo