Kalahari Melon Oil

© SANBI
Oli ya Kalahari Melon kgotsa Citrullus Lanatus e itsege ka watermelon seed oil. Maina a mangwe a leungo leno la Afrika Borwa ke Karkoer, Mankataan, Tshamma, Ootanga kgotsa wild watermelon. Ke enngwe ya maungo a leloko la magau, mme Kalahari melon yone e bonala kwa dikarolong tsa Kalahari mo borwa ba Afrika.
Leungo le le dirisiwa ke setshaba sa baSan (Bushmen) ka ga se abela metsi, se monyolla (moisturise), se thibelela go fisiwa ke letsatsi (sunscreen) e bile ba fepa diruiwa ka sone. Batho ba bantsi ba leungo le mme dipeo tsa lone no na le dikotla tsa proteine ka bontsi. Semeto sa diperesente dile 35 (%). Dipeo tse di ka emisiwa kgotsa di silwe mme di jewe jaaka phaletshe.
Leungo le sebopego sa kgolokwe fa e le bona kwa sekgweng mme se bokgolokwe jwa lee fa le lemiwa kwa masimong, ka mmala o botala le methalo ya mmala o o leng boteng jwa botala.
Dipeo tsa lone dintsha oli e e mmala wa lephutshe, mme e dirisiwa mo indastering ya ditlolo (cosmetics), go godisa meriri le mo sepepeng (soap). Dipeo sitsweng tsone di dirisiwa jaaka exfoliant.
Oli ya legapu la Kalahari melon e na le selekano sa di-Omega-6 essential fatty acid (68%) se se batlileng go tshwana le oli ya evening primrose (72%) tse di nang le bokgoni fa go fodisa borurugi (inflammation), go busetsa letlalo bolasteke (elasticity) ba lone, le go fokotsa matsutsuba a letlalo. E siametse go dirisiwa mo oling ya bana (baby oil). Oli e e ntshiwa mo dipeong tse di thugilweng fa di fetsa go omisiwa.
Sejalo se, se anama ka go gagaba mme se na le dithunya tsa mmala wa lephutshe. Se mela bontle mo mmung oo sa nonofalang thata wa santa mme ga se kgoreletswe ke leshekere. Se ka dirisiwa jaaka “intercrop” kaga se thusa mmu gore o tshwaragane e bile o seka wa latlhegelwa ke metsi a mantsi.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Ikalafeng Maedi