Jalô ya Sweet Pepper

© Louise Brodie

Jadisô

Jadisô ya sweet pepper e tswa mo peong.

Mokgwa wa Jalô

Dipeo tsa sweet pepper di ka jalwa ka tlhamalalô mo mmung fela seno ka kakaretso ga se mokgwa-tiriso wa balemi ba kgwebo. Dipeo tseno di jalwa mo mealông e e siamisitsweng kgotsa mo makiding. Dipeo di a mela mme matlhogela a dirwa. Fa matlhogela a sena go dirwa mme a le boleele jwa 15 cm a nonofile, a jalelelwa mo tshimong e e bulegileng.

Katoganô

Dijalo di katogantshwa ka 40 goya go 50 cm mo meleng e e katoganeng ka 50cm, go neelana pulego e e bophara mela mengwe le mengwe ele mebedi gore didiriswa le badiri ba kgone go ka tsamaya. Seno se tlhoka magareng ga dijalo di le 30 000 le 45 000 mo hekethareng, goya ka katoganô e e sweeditsweng ke molemi.

Nako ya Jalô

Mo tikologong e e sireleditsweng jaaka kagô ya dijalo kgotsa kwa dithemphoritšhara tsa bofelo jwa mariga le tsa dikgakologo di leng bothitho teng, jalô e ka simolola ka Seetebosigo kgotsa Phukwi. Fa go dirwa matlhogela a sweet pepper kwa ntle mo go bulegileng, dipeo di jalwa thari ka Phatwe go efoga bosa jo bo rurufetseng jwa dikgakologo.

Nako ya Jalelelô

Dibeke di ka nna tlhano goya go thataro morago ga jalô ya dipeo tsa sweet pepper, jalololô ya matlhogela e ka simolola. Seno gantsi e tlile go nna kwa bofelong jwa Phukwi mo boseng jo bo bothitho goya go Lwetse. Jalô legale e ka dirwa go fitlha kwa bofelong jwa Sedimonthole.

Paka ya Kgolô

Go tloga kwa peong go fitlha kwa leungong le le butswitseng, eleng pepper e e mmala (khibidu, serolwana, phepôle, tshweu kgotsa mmala wa namune) go ka tsaya dikgwedi tse di fitlhang tlhano go ka kotula. Pepper e tala e e leng leungo le le sa butswang e ka kotulwa go simolola mo dibekeng di le robedi morago ga jalô ya matlhogela.

Kumiso

Go botlhale gore lefelo la jalô le sekasekwe ke motlhankedi wa gago wa temô le mogakolodi wa dikotla tsa mmu pele go ka jalwa. Kaedi-kakaretso ya go nontsha di-pepper tsa gago ke e latelang. Netefatsa gore lefatshe le lemilwe ka tshwanelo le go lekalekantshwa. Ka motsi wa temô ya bofelo gantsi go diriswa mogoma wa papetlatsheko, tsenya monontsha wa pele ga jalô wa magareng ga 800 le 1000 kilograms ya 2:3:4 (30) (motswako wa Nitrogen, Phosphate le Potassium) mo bogodimong jwa 20 cm jwa mmu.
Fa go diriswa nosetsô ya marothodi, go botoka go tsenya selekanô ka metsi mo monontsheng wa seeledi mo dibekeng tsa ntlha tsa kgolô di le 4, mme morago ga fao mo pakeng ya kgolô go fitlha dibeke di ka nna 3 pele ga kotulo ya leungo le le butswitseng.
Mo lobakeng lwa nosetsô ya fa godimo kgotsa ya tamisô, tsenya go ka nna 250 kg ya LAN mo hekethareng mo dibekeng di ka nna 6 morago ga jalô. Tsentshô eno ya bobedi e ka kgaoganngwa ka bobedi, ka beke ya borataro le gape ka ya borobedi morago ga jalô.

Nosetsô

Nosetsa magareng ga 30 le 40 mm ya metsi ka beke go ralala paka ya kgolô. Go botlhale go lokela selekanya-kgatelelô ya metsi go elatlhokô kgatelelô ya metsi mo mmung. Jaaka bontsi jwa medi bo kokoane mo bogodimong jwa 30cm jwa mmu, le garawe e ka diriswa go lekola mmu. Thulaganyo e e gaisang ke nosetsô ya marothodi ka fa tlase ga kobelo ya polasetiki, ka ge e neela molemi taolô e e godimo ya nosetsô le nontshô ya sejalo. Nosetsô ya tamisô e ka isa kwa maêmông a go tama ga metsi kgotsa a komelelô ka ge go le thata go ka e laola. Nosetsô ya fa godimo e ka baka malwetse a mouta le go bola.

Translated by Nchema Rapoo