Jalô ya Oregano

Jadisô

©Louise Brodie
Jadisô ke gotswa mo peong fela oregano e ka jadiswa gape ka go jala mesegô kgotsa ka go kgaoganya sejalo se se setseng se tlhogile mme se jalololwe.

Mokgwa wa Jalô

Jalô ya oregano e e dirwang ke bajadi ba ba golo ba kgwebo e dirwa gantsi ka go jalelela matlhogela a a tlhagisitsweng mo ntlwaneng ya dijalo. Dipeo di jalwa mo makiding kwa boteng jwa millimetres di le robedi goya go lesome. Fela fa dipeo di setse di medile mme matlhogela a a tiileng a godile, matlhogela a jalololwa le go jalwa mo tshimong.

Katoganô

Dijalo tsa oregano di tshwanetse go ka katoganngwa ka sekgala sa 30 cm mo meleng e e katoganeng ka 50 cm. Seno palo ya dijalo tse di ka nnang 60 000 mo hekethareng. Ditselana tsa didiriswa le terekere di tlogelelwa mabaka a mekgwa-taolô le kotulo.

Nako ya Jalô

Jala dipeo tsa oregano mo makiding mo tikologong e e sireletsegileng kgotsa mo ntlwaneng ya dijalo ka Seetebosigo, mme kwa tshimologong ya dikgakologo matlhogela a tlabe a nonofile mo go lekaneng go ka jalololwa le go jalwa mo masimong.

Nako ya Jalelelo

Jala matlhogela a oregano go sale gale ka dikgakologo. Mo Afrika Borwa, jala matlhogela tharo ka Phatwe go fitlha go sale gale ka Lwetse.

Paka ya Kgolô

Dibeke di le robedi ka mo gare ga ntlwana ya dijalo di tshwanetse go tlhagisa matlhogela a oregano a a siametse go ka jalololwa. Mo tlhagisong ya oregano e e foreshe, batlhagisi bangwe ba simolola go kotula dintlhana tsa kgolo tse di foreshe mo bonakong jwa dibeke di le robedi morago ga jalololo. Morago ga fao dikotulo tse dingwe gape di le pedi di ka dirwa pele mariga a tsena. Ngwaga wa bobedi wa kotulo o ka ntsha dikgetlo di le tlhano goya go thataro. Dijalo tsa oregano di ka kotula go fitlha dingwaga di le tlhano fa di tlhokomelwa sentle. Dijalo di latlhegelwa ke bogale jwa tsona fa di ntse di tsofala, ka jalo go botlhale go ntsha le go busetsa dijalo dingwaga dingwe le dingwe di le nne goya go tlhano.

Kumisô

Pele o jala oregano, sampole ya mmu wa leemedi e tshwanetse go tsewa le go iswa ditshekatshekong. Seno se tlile go supa mofuta wa mmu le ditlhokegô tsa dikotla tsa sejalo se se lepilweng.
Ka kaedi e e sa tlhomamang, tshitshinyo e e latelang e ka diriswa fa go sena tshekatsheko ya mmu. Tshêlô ya kwa tshimologong ya 450 kg ya 3:1:5 e ka gasaganngwa le go tsentshwa mo bogodimong jwa 20 cm jwa mmu pele ga go ka jalwa matlhogela a oregano. Seno se tlile go neela matlhogela a mantšhwa thagogo e ntle mo goreng a tlhoge. Mo dikgweding tsa ntlha di le 12, go botlhokwa go tshola dijalo di gola ka jalo ditshêlô tse dingwe gape di le pedi tsa 300kg ya 3:1:5 di ka tshelwa go ikala le mela ya dijalo, e nngwe ka Sedimonthole mme e nngwe ka Moranang. Go botlhale go tshela monontsha morago ga kotulo nngwe le nngwe.

Nosetsô

Le fa sejalo sa oregano ele sejalo se se boitshoko, kgatelelô ya bometsi e tlile go itsa kgolô le go fokotsa tlhagiso ya matlhare. Nosetsô e e feteletseng e tlile go baka malwetse a modi, mathata a anaerobic le phokotsego ya tlhagiso le boleng tsa oli e e botlhokwa.
Go botoka go lokela didiriswa tse di lekolang bometsi gore o kgone go lekola mmu ka metlha. Go ikaegile ka mefuta ya mmu le bosa, dielô tsa nosetsô di tlile go farologana tshimo ka tshimo. Bogare jo bo siameng ke magareng ga 25 le 30 mm ka beke ka dikgwedi tse di bothitho tsa selemo, mme go fokotswe ka dikgwedi tsa ngwaga tse di rurufetseng kgotsa tsa dipula. O seke wa nosetsa mo bekeng ya pele ga kotulo, fela nosetsa ka gangwe morago ga kotulo go busetsa mmu dielông tsa bometsi tse di eletsegang, le go fokotsa kgatelelô.

Translated by Nchema Rapoo