Taolô-Jalô ya Oregano

Thôbô - Di-tonne mo Hekethareng ka Ngwaga

©Louise Brodie
E e Lekaneng
Foreshe: 10 tonnes
Omeletseng: 1 tonne
Oli: 10 goya go 20 litres
E e Bogareng
Foreshe: 20 tonnes
Omeletseng: 2 tonnes
Oli: 25 goya go 30 litres
E e Siameng
Foreshe: 30+ tonnes
Omeletseng: 3+ tonnes
Oli: 50+ litres

Kotulo

Kotulo ya oregano e dirwa ka seatla le ka motšhine go ikaegile ka bogolo jwa bodirelo. Mo madirelong a mannye le mo dintlwaneng tsa jalô, e dirwa ka seatla.
Tlhagiso ya e e foreshe: simolola go kotula go sale gale mo mesong fa themphoritšhara e santse e rurufetse. Kotulo ya dintlhana tse di foreshe e ka simolola ka bonako jwa dibeke di le robedi morago ga go jala matlhogela.
Tlhagiso ya e e omeletseng: Mo tlhagisong ya oregano e e omeletseng, tshegô e ka simolola fela fa go nna le matlhare a a lekaneng go ka kotulwa. Motlhogô wa semela o pomiwa fela pele ga thunyô ka botlalo e tswelela pele, fa dioli di le mo seêlông sa tsona se se kwa godimo. Mesegô jaanong e omiswa mo 30°C ka go dirisa seomisa-mowa kgotsa ka go anega mere ka mekoa sebaka sa malatsi a ka nna 21 mo lefelong le le nang le kelomowa e ntle le le seng mo letsatsing. O seke wa dirisa mowa o o bothitho go feta 30°C ka ge seno se tlile go dira gore dioli di tswe mo matlhareng a more wa gago, mme o tlile go latlhegelwa ke tatsô le monkgo tsa gago tsotlhe.
Tlhagiso ya oli e e botlhokwa: Dioli tse di gaisang tse di botlhokwa di tswa mo kotulong le tlhôtlhong ya matlhare a oregano pele fela a tsena mo thunyông e e feletseng ga dioli tse di leng mo sejalong di le monkgo o o botlha go gaisa. Kotulo ya bobedi ya setlhoa sa ntlha gantsi e ntsha seresemela se le se ntsi le dioli di le di ntsi.

Poloko

Tlhagiso ya e e foreshe: Morago ga kotulo, boloka oregano mo go 1 goya go 2°C. Oregano e ka bolokwa sebaka sa dibeke di ka nna pedi. Bongôla jwa poloko bo tshwanetse go tsholwa bo le kwa godimo ga 95% go tila tatlhegelô-metsi. Mere e e foreshe e latlhegelwa ke tatsô ya kapeo ya yona ka bonako, ka jalo go botoka go rekisa le go dirisa oregano e e sa tswang go segwa ka bonako jo bo kgonagalang.
Tlhagiso ya e e omeletseng: Matlhare a a omisitsweng a pakiwa mo ditshoding tse di sa tseneng ke mowa ka bonako jo bo kgonagalang, gore di tshole mmala le tatsô. Di tshole mo go 10°C. Oregano e e omisitsweng gape e ka gatsetswa mo diphuthelwaneng tse di tswalegileng.
Oli e e botlhokwa: Boloka dioli tse di botlhokwa tse di mo mabotlolong mo lefelong le le omileng, le fifetse mme le rurufetse sebaka se se ka nnang ngwaga goya go dikgwedi di le 18 morago ga go tsenngwa mo lebotlolong. Morago ga seno, dioli di simolola go latlha bogale le monkgo.

Disenyi

Mealy bugs, snout beetles, spider mites, thrips, leaf rollers, le miners.

Malwetse

Alternaria, powdery mildew, root rots le rust ke mathata a a tlwaelegileng.
Mere e e monkgo-monate jaaka oregano ka kakaretso e na le disenyi le malwetse ale mmalwa, fela go botoka go sela morago thulaganyo ya tshireletso ya dijalo e e rebotsweng ke motlhankedi wa dipeo kgotsa agronomist. Morekisi wa dikhemikhale wa selegae gantsi o nna le lenaane le le matshwanedi kgotsa a ka neelana ka tshedimosetso ka ga bagakolodi ba ba siameng ba ba leng teng gaufi le lefelo la gago la tlhagiso.

Translated by Nchema Rapoo