Go Roba le Go Diragatsa Digaranata
Garanata e rekisiwa yotlhe jaaka le leungo le le foreše kgotsa e ka rekisiwa jaaka arils, matute kgotsa jaaka oli ya peo ya garanata.
Go romelantle, garanata gantsi e a phuthelwa jaaka leungo le le feletseng ka dikhilogeramo tse di 3,8 kg (Setlhopha sa 1 le 2) kgotsa e e ka nnang dikhilogeramo tse 15 (ka tiragatso) mo mabokoseng. Leungo le phuthelwa mo dithereing tse ntsho tsa sekgojwa mme tsa bewa mo gare kgetsi ya StePac le phuthelwa sentle mo lebokosong.
Tiriso ya selegae e akaretsa thekiso ya leungo lotlhe, arils (e ratwa thata mo disalateng le mokgwa wa kwa Botlhababogare), oli ya peo ya garanata kgotsa matute a a humileng ka dibolaya twatsi.
Go tlhopiwa ka boleng ke jwa ‘Tlaleletso’ (mo nakong e e fetileng Setlhopha sa I), Setlhopha sa I (mo nakong e e fetileng e ne e le Setlhopha sa II), Setlhopha sa III (gantsi ke maungo a a fisitsweng ke marang a letsatsi, tse di tshwanetseng go diragatswa ka ntlha ya arils) le ‘Setlhopha sa IV’ (boleng jwa go dirwa matute).
Thobo ya Digaranata
Ka ntlha ya go thunya makgetlho a mararo ga ditlhare, maungo a butswa ka dikgato mme a tla robiwa mo dikgatong tse tharo. Digaranata di bonolo go di roba mme fa e le gore go poma le tshegetso ya dijalo di dirilwe sentle, tiriso ya dillere e tla nna e nnye.
Maungo a segiwa ka dikere mo gaufi thata le leungo mo go ka kgonegang go fokotsa dintlha tse di bogale tsa legong seo se ka tlisetsang go phunyiwa le tshenyo ya letlalo. Maungo a kgethiwa le go phuthelwa mo dithereing kgotsa dikgamelo mme di tshwanetse go tshwarwa ka kelotlhoko go fokotsa kgobalo.
Dijalo tsa aranata di butswa ka go farologana. Sekao Molemo o tla butswa ka fa gare lwa ntlha. Arils e tla nna e e botshe, mme letlalo le sa ntse le le botalana. Dijalo tsa Acco. Le Angel e Khibidu di tla di butswa kwa ntle pele. Matlalo a tsona a ka nna khibidu, fela arils e tla bo e ise e e nne botshe. Sekaseka bokana ba sukiri pele ga thobo.
Go gola mo thobong ya digaranata e laolwa ke sukiri le mmala wa letlalo la maungo (bobedi letlalo le arils). Ga jaana kaedi ya go butswa 14º Brix (go lekanya sukiri) go amogelwa ke moromelantle wa Maungo wa Afrika Borwa SAPEX. Le gale, bokana ba sukiri bo bo atlanegisitsweng mo Molemong le Herskovitz ke 16º Brix le Acco 14º Brix (bonnye 13º Brix).
Tshwaro ya Digaranata Morago ga Thobo
Boto ya Taolo ya Thomelontle ya Dikumo tse di Senyegang ya Afrika Borwa (PPECB) e tlhalosa gore digaranata ke maungo a sa laolweng ke tlelaemete. Se se raya gore ga di tswelele go butswa morago ga thobo. Digaranata ka jalo, di tshwanetse go robiwa fa ba di budule ka botlalo.
Maungo a a tshwanetse go tlhatswiwa ka klelorine ya boleng jwa HACCP kgotsa sediriswa sa thibela fankase, di tsokotsiwe ka metsi mme di tlhopiwe ka boleng tse di jaaka maphanyego, go nna teng ga ditshenekegi, go bola, mmala, bogolo le bokete. Digaranata di tshwanetse go bewa mo polokelong e e tsididi ka bonako jo bo kgonegang morago ga go phuthelwa. Maemo a go boloka a siameng ke 6 - 8ºC ya maungo a thomelontle.
E ka nna ya bolokwa dibeke tse thataro ka polokelo ya tlwaelo le go fitlha dikgwedi di le tlhano ka fa tlase ga maemo a a laolwang a mowa (CA) go ya ka PPECB. Maemo a a maleba a go boloka maemo digaranata ke 3% O2 le 6% CO2 ka 5ºC.
Go senywa ke botsididi (kgobalo ya serame) e tlhola pelo le arils go nna borokwa mme e tlhola dipatso tse di borokwa mo letlalong. Maungo a a kwa tlase bokana jwa sukiri bo mo kotsing thata ya go senywa ke botsididi. ‘Sukiri ke sethibelakgatselo’ sa garanata go bolela Jorrie Mulder, mogakolodi wa setegeniki Mokgatlha wa Bantshakuno ba Garanata sa Afrika Borwa (POMASA).
Digarnata di bosisi thata mo tatlhegelong ya bongola, go swaba le go latlhegelwa ke mmala, go tshasa maungo bonota le go dirisa ditšhekase tse di kgethegileng go atlanegisitswe.
Go Dira Matute ka Digaranata
Matute a garanata a a bokhibidu jo bo phatsimang a na le polyphenols (dibolaya twatsi tse di nonofileng) e e ka fokotsang thurugo mo mpeng. Go na le dibolaya twatsi tse dintsi go feta waene e khibidu mme go abelana ka matute a garana go neelana ka feta 40% ya bithamine ya C tse di tlhokang ke batho letsatsi le letsatsi.
Go tlhopha mefuta e e farologaneng ya go dira matute, akanya mmala o o batlang, diteng tsa bolaya twatsi mmogo le kumo ya matute e e gaisang. Go bona kumo e e ka nnang matute = (boima jwa matute × 100) ÷ baoima ba leungo lotlhe. Mo Afrika Borwa, Molemo ke pharologano e e siameng ya go dira matute.
Digaranata di ka nna thata go tlebola letlalo le matute a ka kgotlela diaparo. Fa o tlebolela kwa gae le go dira matute, sa ntlha sega calyx o e tlose mme mme o sege boalogodimo jo bo bonalang ka go dikota. Ineela maungo mo kgamelong e e tletseng ka metsi, bula maungo go lebana le mo o segileng gone mme o tlosa arils ka go tiro ya go mena ka fa tlase ga kgonojwe ya gago. Arils e tla nweela go ya kwa tlase fa mokgojwa, matlalo le peo e e senyegileng di tla phophomala, kwa godimo.
Tsweletso ya matute kwa gae e ka dirwa ka go gamola arils mo leseleng la go tswalela tšhese (kgotsa go phepafatsa fatuku) kgotsa ka go dirisa blendara ya motlakase. Letsapa go tlosa peo le go tsiditsana ka bonako.
Tsweletso ya matute a garanata kwa kgwebo e ka akaretsa go tlhotlha, go phepafatsa le ntsha megare mo matuteng mo mabotlolong pele o a tsenya mo mabotlolong.
Oli ya Peo ya Garanata
Peo e e omisitsweng le e e phepafaditsweng e tshweu e na le oli e ka nnang 18%. Oli ya peo ya garanata e bonwa ka go nna teng ga ditoiso tsa esiti ya punicic e e nang le dithoto tsa twantsha twatsi le thibela thurugo tse lwesang disenyi tse di tsamayang ka kgololosego mme di nyafatsa go tsofala ga letlalo. Esiti ya Punicic gape estrogen ya tlhago e e leng mo dijalong (homouno ya bong ya sesadi).
Oli e nonne mo diesiting tsa mafura tse di mosola mo go omega-5 e e botlhokwa thata (ke lwantsha twatsi e e maatla thata) e e thusang go baakanya disele tse di senyegileng mme e supile dipholo tse di siameng go ya ka ditshekatsheko tsa basadi ba tlhasetsweng ke bolwetsi jwa letlalo.
Oli ya peo y agaranata e dirisiwa mo ditlolong mme e ka dirisiwa gape mo letlalong go alafa mosweswele go nolafatsa letlalo le omeletseng, go tlisa go taologa mo letlalong.
Oli e ke e tsididi fa e ntshgiwa mo marc ya garanata (maungo a a emang a a salang morago ga go dira matute) tse di nang le peo le pelo.
Translated by Lawrence Ndou