Go Jala Tshingwana ya Merogo ya Tlhago

©Marinda Louw
Go na le mekgwa e meraro e e rategang ya go jala merogo ka tlhago ka bonnye fela. Mekgwa yotlhe ya go tokafatsa monono wa mmu mme gape e ka thusa fa madi, metsi le mmu di lekanyeditswe. Merogo e e jetsweng ka tsela e e tla nna ya itekanelo thata go feta merogo e e ntshitswengkumo ka tlwaelo.
Mefuta e meraro ya ditshingwana tsa merogo:
Lekididi la Mosele - Dira mosima mo mmung mme o e tlatse ka dilo tsa tlhago le mmu. Go a kgonega go jala ka ponyo ya leitlho mo lekididing le le rulagantsweng ka tsela e.
Lekididi le le Tlhotlhetsweng - Kwa dikgaolong tse go kgonegang go dira mesima mo mmung, makididi a tlhotlhetsweng a dirisiwa. Mokgwa o o siametse batho ba ba golofetseng mo mmeleng kgotsa batho ba ba nang le mathata go oba.
Se nne ditshingwana tsa merogo - go jwala merogo mo ditshoding jaaka pots kgotsa dithaere.

Tsela ya go Dira Tshingwana ya Merogo ya Lekididi la Mosele

Mosele o tshwanetse go nna metara e 1 bophara, dimetara di le 2 botelele, le boteng ba lengole bo bo ka nnang disentimetara tse 50. Fa go epa mosele, kagoganya mmugodimo le wa kwa tlase - mmugodimo go bonala o nonne e bile o fifetse ka mmala go feta mmu wa ka fa tlase.
Ka dinako tsotlhe epa mosele go tswa botlhaba go ya kwa bophirima. Se se netefatsa gore dijalo di amogela marang a letsatsi a a lekaneng mo tsamaong ya letsatsi. Fa go ka epiwa go tswa kwa bokone go ya borwa, lekididi le tla nna le moriti thata.
Netefatsa gore makididi a lekalekane, le mosekamonyana go letlelela kelelo ya metsi go ya kwa tlase, mme e seng mokgokolosa thata go tlhola kgogolego ya mmu. Fa mmu o ka mo mokgokoloseng o o namelelang (mosekamo) makididi a ka dirwa go tsaya poelo ya kgato. Fa go namelela go le mokgolosa thata, “dikgato” tse dintsi di ka tlholwa.
Tlatsa mosele bontlhannwge ka dilo tsa tlhago - sk. Masaledi a tshingwana, matlalo a merogo, dikgapetla tsa mae, mabokoso a mae, le fa ele mefero. Gape dirisa motshetelo wa diphologolo go tswa mo dinkung, dikgomo, dipodi, dikgogo, mebutla kgotsa dikolobe. O se ke wa dirisa motshetelo wa katse kgotsa wa ntšwa, nama e tala kgotsa mafura.
Baya dilo tse di magwata jaaka dikala tse dinnye, mmopo, letlhaka kgotsa bojang bo bo omileng kwa tlase. Se se tlhomamisa kelelo ya mowa e e siameng mo tsamaisong.
Baya dithini tse di nnye, tse di kobilweng mme di le rusi mo godimo dilo tse magwata. Se ke go tlamela ka dikotlannye (dikotla tse di tlhokegang thata, ka bokana bo bo nnye thata) jaaka senke (Zn) le tshipi (Fe) mo mmung.
Khupetsa dithini ka llaga ya kuranta e e kgaeigileng kgotsa mabokoso.
Tsenya dilo tsotlhe tsa tlhago.
Papiela dilo tsa tlhago mme o oketse dilo tse dingwe tsa tlhago fa mosele o ise o tlale.
Tshela motshetelo o mongwe wa diphologolo mo godimo. Se se neelana ka dibaketeria tse di tlhokegang go simolola tirego ya go bola ga dilo tsa tlhago go nna monotsha.
Kolobetsa dilo sentle, ka go dirisa lethompo kgotsa kgamelo ya tshingwana. Bongola bo tla thusa ka tsamaiso ya go bola mo mmung.
Khupetsa dilo tsa tlhago ka mmu go tswa mo moseleng. Se se tla thibela monko o o maswe le dintsi mo nakong ya go tsamaisong ya go nna motshotelo. Tlatsa mosele ka mmu o o ntshitsweng – mmu wa kwa tlase lwa ntlha go latele mmugodimo. O se ka wa ema mo godimo ga lekididi.
Mosele o o tswetsweng o tshwanetse go nna disentimetara tse ka nnang 15 go ya godimonyana ga boalogodimo jwa mmu mme jaaka dilo tsa tlhago di bola le dikotla di dirisiwa ke merogo, bogodimo ba mosele bo tla fokotsega.

Mokgwa wa lekididi o tlhotlhwatlase mme o a dira, bantshakuno ga ba tlhoke go reka dikotla kgotsa monontsha. Ka ntlha ya gore sejalo se itekanetse go feta se tla tlhora go le go nnye go tswa mo disenying le malwetse le ditshenyegelo tsa go laola disenyi di ka nna kwa tlase. Mokgwa o, o dira bokana ba kumo e e kwa godimo go feta le boleng jwa dijalo ka ntlha ya mabaka a a latelang:
Dilo tsa tlhago tse di dirisiwang mo tlase ga mosele di dira jaaka sepontšhe se se tsayang metsi mme se a ntshe fa a tlhokiwa ke dijalo.
Dilo tsa tlhago di fetogela go nna monotsha mme di gogele ditshetsana tsa mmu tse di mosola.
Go boloka madi go dirisa monontsha o o kwa tlase le dikhemikale go laola disenyi.
Lotseno lo ka dirwa ka go rekisa merogo ya boleng jo bo siameng, kgotsa go uma merogo go jewa mo gae, go fokotsa ditshenyegelo ka go se nne le go reka dijo.
‘Matlakala’ a tlhago a dirisiwa go nontsha mmu mme tikologo e tsholwa e le phepa.

Ditshingwana tsa Merogo tsa Makididi a a Tlhotlhetsweng

©Marinda Louw
Dirisa mokgwa o fa o ka se kgone go epa mesima. Ditshingwana tsa merogo tsa makididi a a tlhotlhetsweng a siametse batho ba ba golofetseng mo mmeleng kgotsa ba mo ditulong tsa maotwana ba sa ntseng ba batla go jala merogo. E farologane le mokgwa wa mosele o na le dilo tsa tlhago tse di adilweng mo godimo ga mmugodimo go dira gore lekididi le le kwa godimo le le dikologileng mmu, go latela mokgwa o o tshwanang jaaka wa Mosele, mme o simolola mo ntlheng ya 2.
Mokgwa o o na le mesola e e tshwanang le mokgwa wa lekididi la mosele; go boloka metsi le go oketsa dilo tsa tlhago mo mmung, go ntshakuno ya dilekanyo tse di kwa godimo tsa merogo ka kagolo ya yuniti.

Ditshingwana Tsa Merogo Mo Ditshoding

©Marinda Louw
Ka mokgwa o, ditshodi di tlatswa ka dilo tsa tlhago le llaga ya mmu e bewa kwa godimo ga dilo tsa tlhago. (Gakologelwa go kolobetsa dilo tsa tlhago sentle pele o oketsa mmu mo godimo). Ditshodi tse di tlwaelegileng ke dithaere tsa dijanaga kgotsa tsa dilori mme di dirisiwa thata go lema ditapole le digwete. Mokgwa o o ka diriwa go ya ka mofuta wa sejalo ka go tlhotlhetsa dithaere tse di ka fitlhang 5 go ya go 6 mo godimo ga e nngwe. Dikigeramo tse di ka nnang 5 go ya tse 6 tsa ditapole di ka robiwa go tswa mo seteng e le nngwe ya dithaere. Dikgetsi tsa matlakala tse di kgolo tse di ntsho le mantsi le metomo le tsona gape di ka dirisiwa go jala ditapole.
Mabokoso a ditshodi a ka dirwa ka diphalete tsa kgale kgotsa mabokoso a phalete le ona a ka dirisiwa, mme ditshodi tse dikgolo tsa polasetiki di fitlhelwa go oba mo tsamaong ya nako. Ala mabokoso ka letla ka moriti wa dikhai go letlelela monolo le go tshola ditshodi mo maemong a letsatsing kgakala le botsididi le diphefo tse di omileng. Mo dijalong tse di bokete kwa godimo jaaka dipepere, ditamati le dijalo tsa mae, netefatsa gore ditshodi ke tse dikgolo le go nna bokete jo bo lekaneng go emelana le boima jwa dijalo.
Oketsa kobelo e e botlhofo jaaka manathwana a bojang kgotsa motlhokwane mo godimo ga mmu. Matlhogela a mantšhwa a a sa tswang go tlhoga a ka gatelela go tswa mo kobelong fa kobelo e thusa go tshwara mongola le go fokotsa go mela ga mofero.
Bontsi jwa merogo - jaaka lephutshe, dierekisi, dinawa, sepinatšhe, ditamati le dieiye - e ka jalwa bonolo ka tlhamalalo go tswa mo peong. Fa o jala peo, o seke wa e jala mo boteng thata - jala peo nngwe le nngwe e seng botebo bo bo gararo ga bophara ba yona. Fa o jala matlhogela, leka go se kgoreletse medi.
Nosetsa sentle morago ga go jala mme bonnye gararo ka beke morago ga moo, go ya ka go na ga pula.
Dijalo dingwe di thusana go gola botoka le go sireletsana kgatlhanong le dibatana.

Translated by Lawrence Ndou