
Go Jala Mokawa
Go Atisa
Go atisa mekawa ke ga peo.
Mokgwa wa go Jala
Go jalwa ga mokawa e ka nna ka go tlhamalala ka peo kgotsa ka go tsweletsa matlhogela ka nako ya mariga le fa maemo a siametse go jala tse di mo masimong. Go jala matlhogela go neela netefatso thata ya palo ya dimela mo tshimong mme gape le go fenya nako ya thobo ya pele.
Go Katogana
Mekawa e tshwanetse go atogana ka disentimetara tse ka nnang 50 mo meleng e e ka nnang disentimetara tse di 100 go katogana. Lefelo le le siameng la dijalo ke le le lekanang dijalo tsa mokawa tse di fa gare ga 10 000 le 15 000 ka heketara. Peo e jwalwa boteng jwa disentimetara tse di tlhano go ya go supa.
Nako ya go Jala
Go jala peo ka tlhamalalo, se se ka dirwa ka bonako fa serame sa mariga sa bofelo se fetileng. Fa matlhogela a mokawa a siamisetswe mo teng ga ntlo e e tala mme se se ka simolola ka kgwedi ya Phukwi morago ga dibeke tse nne go ya go di le tlhano di ka jalwa gape ka ponyo ya leitlho morago ga serame sa bofelo, se se tla nna ye poelo ya ntshokuno ya ka gale.
Nako ya go Jwala
Mekawa ka tlwaelo e jalwa ka tshimologo ya dikgakologo go tloga ka Phatwe go ya kwa tshimologong ya Ngwanatsele.
Gape di ka jalwa mo tsamaong ya ngwaga otlhe mo dikgaolong tsa dithempheretšha tse di sa feteng 30°C lobaka lo lo telele kgotsa di sa itemogele serame mo dikgweding tsa mariga.
Nako ya Go Mela
Go tloga mo go jaleng peo go ya fa masea a mekawa e ka robiwa ka tlwaelo e le dibeke di le robedi go ya go tse di lesome. Morago ga foo, thobo e e tswelelang bonnye gabedi ka beke go rotloetsa tswelelo ya dithunya le maungo mme go roba ka go tswelela dibeke di le thataro tse di latelang.
Go Nontsha
Pele ga go jala, tsamaiso e e siameng ke go nna le dikao tsa mmu di tserweng le tekateko le go dira dikatlenegiso go tswa mo batlhankeding ba katoloso ba selegae le batsweletsa dijo ba ditlhokego tsa menontsha ya mekawa.
Bokana ba kotlo e e siameng ya dikatlanegiso ke e e latelang: tiriso ya menontsha ya ntlha ya fa go jalwa matlhogela, dirisa dikilogerama di le 350 go ya go 400 tsa 3:1:5 (26) kgotsa motswako e mengwe ya NPK e e nonneng ka potassium ka ponyo ya leitlho pele ga go jala le go akaretsa se mo mmugodimong wa mela ya dijalo. Ka jalo se ke ka ponyo ya leitlho di nna teng mo sejalong morago ga go jalwa. Fa go dirwa jalo ka tlhamalalo, tiriso ya ntlha ya monontsha e tla nna go gasa go bapa le mela ya dijalo fa dijalo di tlhogile mme di ka nnang 5 go ya go 10 cm botelele.
Mo dibeke tse di ka nnang 3 go ya go 4 morago ga tiriso ya ntlha, tiriso ya bobedi e e tshwanang le ya ntlha e ka dirisiwa ka kgaso go bapa le mel aya dijalo. Fa nosetso ya rothelo e dirisiwa ka jalo ditiriso tse di fepiwa le metsi. Nontsha ya diela ka tlwaelo e kgasiwa ka ditiro tse nne kgotsa tlhano mo tsamaong dinako tsotlhe tsa setlha sa go mela.
Go botoka go se dirise naeterojene e ntsi that ka se se tla rotloetsa kgolo ya go gola go na le ntshokuno ya dithunya jaaka fa go ntse ka dithempheretšha tse di kwa godimo.
Nosetso
Mekawa e ka nosetswa ka dikgatsi tsa kwa godimo ga tlhogo fela balemerui ba le bantsi ba bagwebi ba tsamaela kwa nosetsong ya go rotha ka gonne e boloka metsi le go letla le kotlo e e nepagetseng mo sejalong.
Metsi a a gololesegileng mo matlhareng le mo dithunyeng go tswa mo dikgatsing a thibela go dulafatsa le go godisa mouta le go bola.
Medu ya mokawa ga se e boteng se se dirang gore dijalo di nne masisi mo kgatelelong ya mongola. Ka jalo o gakololwa go nosetsa bonnye gabedi ka beke go netefatsa gore mmu o nna le diteng tsa bongola jo bo lekaneng go tlosa kgatelelo. Ka tlwaelo nosetso e e ka nnang disentimetara tse di 30 ka beke, e arogantswe ka ditiriso tsa dimilimetara tse di 15 nngwe le nngwe e tshwanetse go nna e e lekaneng fela fa themphereitšha e oketsega go ka nna botlhokwa go oketsa se.
Go gakololwa go baya bongola jwa mmu leitlho ka go tswelela go dirisa seatla kgotsa sepete kgotsa sediriswa sa go jala ka go tsenya dimetara tsa kgatelelo ya mongola mo lefelong la ntshokuno.
Go botlhokwa thata go tila kgatelelo ya metsi go feta go siamisa ka fa ka nako eo tshenyo e tla bo e diregile mo dijalong.
Translated by Lawrence Ndou