Go Jala Merogo ya Selegae

Go jala merogo ya selegae o tlile go tlhoka dipeo tse di siameng, mmu, monontsha le metsi.

Dirisa Peo e e Boleng go Bona Thôbô e e Botoka

Dipeo tse di nang le boleng ke tlhokegô ya motheo go bona ntshô-tlhagiso e e siameng. Peo e e phetotsweng fa gae le yona e ka nna ya boleng jo bo siameng fa e phetotswe sentle, ele phepa mme e bolokilwe e omile.
Go dirisa dipeo tse di boleng go netefatsa tlhogô e e kwa godimo ya matlhogela (gantsi go feta 85%), matlhogela a a tiileng le dijalo tse di lekalekanang. Go dirisa dipeo tse di siameng go ka netefatsa gape seelo se se bonako sa kgolô le dijalo tse di kgonanang le disenyi, malwetse le komelelô botoka.
Dipeo tse di boleng di tshwanetse go ka bonwa gotswa mo dimeleng tse di senang disenyi le malwetse. Di tshwanetse go nna tsa bogolo, mmala le sebopego tse di tshwanang mme di se nne le dipeo tsa mofero le chaff.
Fa dipeo di le potlana thata, di tlhakanye le mmu kgotsa mosutele o o omileng (o o bodisitsweng sentle). Selekanyetso sa dipeo go mosutele se a farologana goya le gore o batla go jala sejalo sa gago ka kitlano e kana kang. Tlhakanya dipeo le mmu sentle mme o tlatse lebotlolo la 2-litre ka motswako wa peo le mmu. Dira phatlhana mo sekhurumelong sa lebotlolo mme o jale mo moleng o o tlhamaletseng.

Go Jala Dimela tsa Selegae

Taolosa mogala mo magareng ga ditlapisi go dira mela e e tlhamaletseng e katogane ka go lekalekana. Katogano magareng ga dimela e tlaya le gore o batla go jala sejalo sefe. Go jala ka go atumelana go ka oketsa kgaisanelo ya letsatsi le metsi, fela mo lobakeng lwa dijalo tse di temekang seno se kaya gore go nna le tshegetso e e botoka ya go gola ka bogolo. Katogano e e bophara magareng ga dijalo e tlile go netefatsa lefelo le le golwane la go ntsha mefero le go nosetsa.
Fa o jala, dirisa thobane go dira mosele go ikala le mogala. Kgotllhokgotsa dipeo gotswa mo lebotlolong go tsenya mo moseleng mme o khurumetse go se nene ka mmu. Dirisa metsi a a foreshe go nosetsa dipeo tsa gago ka metlha.

Go Dirisa Mosutele go Nontsha Merogo ya Selegae

Merogo ya selegae yotlhe ya Afrika e tlhoka mosutele kgotsa monontsha go bona kgolô e e nonofileng. Dijalo tse di golang ka nonofo di na le kganelo go disenyi le malwetse mme di tlile go tlhagisa ntshô e e kwa godimo.
Mosutele wa kwa polaseng jaaka mantle a kgomo, podi kgotsa kgogo ke kemisetso e e tlhwatlhwa-tlase go menontsha ya khemikhale e e seng ya botswa-tsheding, mme o ka thusa balemirui go fitlhelela thôbô e e kwa godimo. Fa molemirui a na le lesaka, ke tsela e e bonolo e e somarelang madi go dirisa mosutele wa phologolo go dira motshotelo go kumisa ditshingwana tsa morogo.
Go dira le go tshela mosutele wa kwa polaseng:
Kokoanya boloko jwa phologolo gotswa mo lesakeng.
Tipela boloko mo ditotomeng tse di nnye tsa boleele jwa fa lengôleng. Bo ka tipelwa ka tlhamalalo mo tshimong ka motsi wa paka ya komelelô kgotsa bo ka bolokelwa mo lefelong le le phaphathi le le gaufi le lesaka.
Bo tlogele gore bo bôle ka tshwanelo ka ge seno se tlile go rebola dipholô tse di gaisang.
Pele o tshela mosutele, o tlhakanye le mmu.

Go Dira Motshotelo gotswa mo Mosuteleng

Go dira motshotelo gotswa mo mosuteleng le go o tsentsha mo mmung, go tlile go oketsa kumiso ya mmu wa gago le go thusa go tlamela dikotla go dijalo gore di gole ka nonofo.
Go dira motshotelo, o tlile go tlhoka didiro tse di omeletseng tse di jaaka lotlhaka, mabêlê, mmopo, lotlhaka lwa millet, nawa, soybean le dithito tsa groundnut kgotsa le mefero e e omisitsweng tota.
O tlile go tlhoka gape didiro tse tala (mefero, mesegô ya magora le matlapi a merogo) le mantle a diphologolo a a jaaka boloko jwa kgomo, ditlakala tsa kgogo, le boloko jwa podi le jwa nku.
Go khurumetsa motshotelo wa gago o tlhoka mmu wa fa godimo, logong, moalô wa polasetiki, maphatlô a moseme kgotsa bojang jo bo omileng. O tlile go tlhoka gape le metsi le thobane kgotsa garawe go phetola.
Baakanya mosima wa boteng jo bo maleba. O ka nna boleele bongwe le bongwe goya ka bontsi jwa didiro tse di leng teng.
Ala dithupana kgotsa didiro tse di omeletseng tse di segilweng kwa tlase.
Tsenya didiro tsa motshotelo ka mealô, ka go fetofetola didiro tse di metsi le tse di omeletseng. Ditswakwa tse di metsi ke dilo tse di tshwanang le manathwana a dijo, maungo, dikgetsana tsa matlhare a tee le mofero wa lewatle. Didiro tse di omeletseng di ka akaretsa lotlhaka, matlhare, matlhotlhora a logong le molora wa logong.
Jaanong, tsenya mosutele, mosutele o motala (jaaka mesegô ya bojang) kgotsa motswedi mongwe le mongwe wa nitrogen.
Khurumetsa ka sengwe le sengwe se o nang le sona - logong, moalô wa polasetiki, maphatlô a moseme, mmu wa fa godimo, bojang jo bo omeletseng kgotsa lotlhaka, go tshola mosutele o le metsi, fela o se nne metsi thata. Nosetsa fale le fale, kgotsa letla pula e dire tiro.
Phetola malatsi mangwe le mangwe ale mmalwa. Neela totoma phetolo ya ka bonako ka foroko kgotsa garawe.
Fela fa totoma ya motshotelo ya gago e setse e itlhomile, tsenya didiro tse diša ka go di tswakanya, go na le gore o di tshele ka mealô. Go tswakanya kgotsa go phetola totoma ya motshotelo go botlhokwa mo tsenyong-mowa mo didirong tsa tshotelo, le go itlhaganedisa tsamaiso gore e ye bokhutkong.

Translated by Nchema Rapoo