George Bizos le Nelson Mandela

© Eric Miller

Mosireletsi wa ba ba Dikobo di Magetleng

George Bizos, o ne a setse a itsege ele motho yo sireletsang batho ba ba sotlilweng ke melao ya apartheid, a bona tumo fa e ne ele yo mongwe wa setlhopha se se neng se akaretsa moAfrikander Rre Bram Fischer – Ngwana wa mopresidented wa kwa Orange Free State- yo a neng ele mmuoledi waga Mandela ka tsheko ee botlhokwa thata ya Rivonia Trail.

Mobegadikgang wa thelebishene, Debora Patta, o reile Bizos gore o tlotlomatsiwa ka go boloka Mandela le balatofadiwa ba bangwe go ka bona katlholo ya loso’, mme Bizos a mo raya are, ‘Batho boa bantlotlomatsa ka phoso’

Ikemiseditse go swa

Bizos o tlhalositse fa matshwenyego a gagwe a tlhodilwe ke mateng statement se Nelson Mandela a se buile pele go katlholo. O ne a tshwenyegile gore mafoko aa dirisitsweng ke rre Mandela a ka rotloetsa moatlhodi go lebelela katlholo ya loso. Bizos o rile: Tshwaelo yame ene ele ga lekwalo la bofelo le sekasekiwa, ka nna le ngongorego ya gore karolo ya bofelo ya gore o ikaeletse go swela se a dumelang mogo sone.

Mme ka bua le ene kare, ‘Aa o na le bonnete ba gore o batla go bua seo?’, Kana se se ka fa batho mogopolo wa gore o batla go bapoliwa. Tota o batla go phela mme o itumelle se o se emela le se o batlang go se bona se diragala. Ke bona fa go ka nna botoka fa o kare jaalo. One a bowela gape a kwalola karolo eo mme a amogela keletso yame ya goree are “ga go tlhokega” ke se nka ikemisetsang go swa”. Ke sone fela seo ke se okeditseng.

Setshaba sa Kgololesego le Puso ya Batho ka Batho

Kwa bofelelong se utlwagetse ka lentswe le le bonolo, ka boiketlo le modumo oo utlwalang, staement sa ga Mandela fa a le kwa kgotlatshekelo: Ke lwele kgatlhanong le kgatelelo ya basweu, ke lwele kgatlhanong le kgatelelo ya bantsho.

Ke somaretse thagasello ya setshaba sa kgololesego le puso ya batho ka batho, kwa batho ba ka phedisanang mmogo ka kutlwano le ditshono tse di lekalekanang. Se, ke thagasello e ke tshepang go ka e phelela mme ke e bone e diragala, gontseng jalo, morena, ga go tlhokega, ke thagasello e ke ikemiseditseng go ka e swela.

Motlhala wa Banna ba Boganka

Patta a botsa are, 'Aa o ikutlwile o wele matla fa ba atlholelwa botshelo kwa kgolegelong?” Bizos a araba ka go re: Goa gakgamatsa, ke ikutlile ke rolegile bokete. Katlholo ya botshelo kwa kgolegelong ga se sengwe se o ka itumellang sone. Mme re ne re solofela gore ba ka se e fetse. Fa ele gore ba bangwe ba bone ba ka newa katlholo eo.

Bizos o tlhalositse Nelson Mandela le batshwariwa ba bangwe ka tsela e e gakgamatsang mme a ipaya kwa morago fa ba mmotsa gore ke eng se a ipelang ka sone thata, mme are : “Ka bonnye jo ke bo dirileng ka go kopana le bone; ke baganka. Babuelledi ba tshameka karolo ya bobedi.

Gore o nne mmueledi yo siameng o tlhoka bareki ba ba siameng Nna ke nnile letlhogonolo go ka kopana le banna ba mothale wa bone, baganka, banna ba ba seng megagaru le basadi ba ba neng ba ikaeletse go kgaogana le kgololesego ya bone, mme ba abele maphelo a bone mo go boneng kgololesego ya botlhe. Totatota lebaka la gore ke bone monyetla wa go tshameka karolo ya bobedi mo matshelong a bone le ntira motlotlo thata.”

Translated by Ikalafeng Maedi

Mandela By Advocate George Bizos

Rre o buile gole gontsi kaga kgolagano ya gagwe le rre Mandela mo lenaneong la ga Debra Patta la kanale ya e-Tv ebong Third Degree ka Seeteb...more