Ke mang monnaa yo, o a kgthatsang ba bantsi jaana? Mmueledi George Bizos, yoo itsitseng Mandela sebaka sa halofo ya sentshuri, mme e ne ele mmueledi wa gagwe ka tsheko ya Rivonia Trail ka di1960, ee feleditseng ka katlholo ya Mandela ya dingwaga dile 27, o mo tlhalositse ka malatsi a pele ele monna wa seemo se se kwa godimo, mme a bonala, a apara bontle ebile a tshepa.
Moithaopi yo mogolo, a tsaya karolo mo ditirong tsa Difiance Campaign, ka go dira dipuiso kwa mafelong a tshwana le motsesetoropo wa Alexander le Freedom Square kwa Soweto. Rre o buile gole gontsi kaga kgolagano ya gagwe le rre Mandela mo lenaneong la ga Debra Patta la kanale ya e-Tv ebong Third Degree ka Seetebosigo a tlhola malatsi ale 5 ka ngwaga wa 2007.
Bizos o rile ‘E ne ele mongwe yo o ka mo tlhomphang, mme a go kgatlhe fa o na le ene’.O ne a etsege ka go nna moetapele wa mokgatlho wa ANC Youth League.
Debora Patta o tlhagisitse ka fa Bizos, mo bukeng ya gagwe ‘Odyssey to Freedom’, a tlhalositseng Mandela jaaka mongwe yo a neng a sa ikhutse; O ne a ka se nne mo sutung ya gagwe ka dinako tsotlhe tsa letsatsi, mme o ne a nna a bereka le fa ene ele mabapi le dingongorego tsa bagolegwa ba dikatlholo tse di kwa tlase.
A tlaleletsa ka go supa fa maitshwaro ao a tsweletswe sebaka sa kgolego ya gagwe yotlhe. “Go ntse Jalo!” ga bua Bizos, “O nnile sesupo sa seoposengwe sa batho ba kgatelelo gore “Re ka se kgone go tshela ka dipharologano magareng ga rona, tse di tla amang bana ba rona” Bizos o buile sengwe se se tlontlollang mmuso a apartheid ka maitshwaro a bone are, ‘Ba ne ba ithaya gore ga ba ka aroganya bagolegwa ba sepolotiki kwa Robben Island ba ne ba ka fenya kgaratlho ya bone.
Ba ne ba le phoso. Ba iphitlhetse ba butse sekolo sa balwela kgololesego ka gonne, e rile katlholo ya bone e wela ba tswetse kwa ntle, ba gapilwe ke maano aga Mandela le ketapele ya gagwe mme seo ga se a direla goromente ya nako eo ka sepe.
Debora Patta a mmotsa a re, ‘O tlotlomatsa eng thata kaga botsalano ba gago le Rre Mandela?”, mme Bizos a araba ka gore, “O mpontshitse tsela ka mefuta e mentsi. Tsholofelo ya gagwe ya gore ka letsatsi le lengwe batho ba Afrika Borwa ba tla bona kgololesego, mme le rona basweu re tla bona kgololesego kgatlhanong le kgobelelo e re neng re na le yone.
Boikanyego jwa gagwe mo botsalanong, mogo bathong ba bangwe ba ba boneng ditatlhegelo jaaka ene, le tumelo ya gagwe e kgolo ya gore go tla nna le kgololesego mo nakong ya botshelo jwa gagwe.”
Translated by Ikalafeng Maedi