Ditloo

©Bio-innovation Zimbabwe
Tloo (Vigna subterranea) ke monawa wa thoro o o jalwang gantsi ke balemi-potlana mo sub-Saharan Afrika. Ke monawa wa boraro o o botlhokwa mo kgaolong e e omeletseng go se nene ya Afrika fa morago ga letokomane (Arachis hypogaea) le cowpea (Vigna unguiculata).
Tloo e bitswa gape earth pea, jugo bean kgotsa nyimo beans. E tsalana le cowpeas mme e diriswa mo phepông ya batho le diphologolo. Mefuta ya kwa nageng, ga mmogo le e e lengwang, e a tlhoga go tlhagisa ditloo tsa mebala e e farologaneng le bogolo jo bo farologaneng, e e farologaneng gotswa go dipeo tse di nnye tse phepôle goya go tse kgolo tsa mmala wa lobebe tse di nang le matlho a mantsho. Mefuta e mesweu le ya mmala wa lobebe ya dipeo tse kgolo e ratega mo Afrika, fa mefuta e mentsho le e mehibidu e ratega kwa Borwa Botlhaba jwa Asia.
Tloo e jalelwa gantsi dipeo tsa yona, tse di diriswang jaaka dijo, mo medirong ya setso (jaaka diphitlho) le jaaka dineo. Dipeo tse di butswitseng tse di omeletseng di a bediswa mme di jewe jaaka nawa, di silwa go nna bopi le jaaka sefepi sa diphologolo.
Go ntse le kgatlhego e ntšhwa mo dingwageng tsa sešweng mo temông kwa dikgaolong tse di omeletseng tsa savannah, ka ge e itshokela komelelô mme e ka tlhagisa thôbô e e bonagalang le mo mebung e e bokoa tota, jaaka kwa kgaolong ya Bambara, gaufi le Timbuktu kwa borwa jwa Sahara. Nigeria ke motlhagisi o mogolo go gaisa wa ditloo mo lefatsheng.
Tloo e lengwa kwa diporofenseng tsa Afrika Borwa tsa Mpumalanga, Limpopo le KwaZulu-Natal.

Jalô ya Tloo

Mo Afrika Borwa, tloo e e golelang ka bonako e jalwa mmogo le mmopo, cowpeas le lerotse kgotsa e jalwa ka bonosi. E tsaya magareng ga dibeke di le tharo le di thataro go butswa, goya ka bosa. Tloo e jalwa gotswa mo peong ka dielo tsa jalô tse di farologanang gotswa go 25 - 160 Kg mo hekethareng, ka mela kgotsa e gasagantswe. E ka jalwa mo mmung o o bokoa wa motlhaba, mme e kotulega bonolo mo mebung e e tswang metsi sentle.
Themphoritšhara e e siametseng mediso ya tloo ke 30 - 35°C. Letsatsi ka botlalo le themphoritšhara ya motshegare e e ka nnang 27℃ di a eletswa. Mebu e e motlhaba ya serokwa e e humileng ka phosphorus (P) le potassium (K) e siame go gaisa, le fa dipatlisiso dingwe di fitlhetse fa go ungwisa diminerale tseno go tota go sa oketse thôbô. Tloo e ka tokafatsa boleng jwa mmu ka ge e kgona go siamisa nitrogen ya mo moweng wa mmu ka bacteria ya setlhopha sa Bradyrhizobium.
Semela se golela kwa boleeleng jo bo ka nnang 30cm mme se lebega jaaka ngatana ya matlhare (ya matlhatshana ale mararo nngwe le nngwe) e e golang gotswa mo setlhopheng sa dikalana go bopa korone mo godimo ga lefatshe. Diphotlwa tsa tloo, tse di nang le peo kgotsa di le pedi (manôkô), di bopegela ka fa tlase ga mmu. Dipeo di butswa dikgwedi di le 3 - 6 morago ga melô.
Ka nako ya kotulô sejalo se kumolwa ka seatla gotswa mo mmung, go senola manôkô a a golang ka fa tlase ga mmu. Manôkô jaanong a ntshwa ka seatla mme a diriswa ale foreshe kgotsa a omisitswe. Kotulô ya ditshimo tse potlana gantsi e dirwa mo pakeng e e atologileng. Thôbô magareng ya 300 - 600 Kg mo hekethareng e ka solofelwa.

O Ja Jang Tloo

Tloo ke motswedi o o botlhokwa wa protein ya phepô e e ka nnang 18 - 19% ga mmogo le 64% ya carbohydrate le 6.5% ya mafura. Le fa e na le protein e e kwa tlase go na le matokomane, dipeo tsa tloo di humile go feta matokomane ka diesiti tse di botlhokwa tsa amino tse di jaaka isoleucine, leucine, lysine, methionine, phenylalanine, threonine le valine.
Manôkô a ka jewa ale foreshe jaaka dijo tsa boiketlo ka go a bedisa ka metsi kgotsa go a besa, fela gape a ka omiswa. Bontsi jwa manôkô a jewa morago ga go omiswa. Manôkô a a omisitsweng, a boleele jo bo ka nnang 1.5cm, a na le dikgapa tse di thata tsa peo. Dipeo jaanong di a silwa le go sefwa go tlhagisa bopi jo bo sesane, jo bo diriswang go dira senkgwe, dikuku kgotsa madombolo. Bopi bo tlhakanngwa le mafura le metsi a a bothitho, eiye e e kgabetleletsweng, letswai le lorole lwa chilli mme motswako o apewe ka mosi wa metsi a a belang.
Mašwi a lenôkô le ditlhagiswa tse di bedisitsweng tse di tshwanang le tempeh (setlhagiswa se se bedisitsweng sa soy) di ka dirwa gotswa mo dipeong. Mašwi a tloo a diriswa jaaka mašwi a kgwesô kwa dinageng di le di ntsi tsa Afrika.
Tloo e diriswa jaaka sefepi sa diphologolo ka ge e humile ka nitrogen le phosphorus. Dipeo di fepa dikolobe le dikgogo mme matlhogela a a matlhare a diriswa jaaka sefepi. Matlhare a a omisitsweng a tloo a dira sefepi se se humileng ka 16% ya protein.
Kwa Nigeria, ditlhapi tsa tilapia di fepiwa tloo le protein ya matlhare gotswa mo setlhareng sa setseneledi se se bitswang gape white popinac (Leucaena leucocephala).

Translated by Nchema Rapoo