Ditlhagiswa tsa Pidipidi

©Robin

Nama ya pidipidi mo Afrika Borwa e rekiswa ga golo e gatseditswe yotlhe kgotsa ele nonyane e e foreshe. Fa batlamedi bangwe ba nama ba neelana ka bontlha jwa serope le sehuba, mateng le mafura a pidipidi, ga mmogo le ditlhagiswa tsa pidipidi tse di phetotsweng tse di jaaka dimoti tsa sebete sa pidipidi, nama e e somaretsweng ka tiriso ya mosi, diphaye le ditlhagiswa tsa pidipidi e e bolokilweng. 

Ditlhagiswa tse dingwe tse di golaganang le pidipidi di akaretsa foie gras (sebete sa pidipidi), mae a pidipidi le ditlhagiswa tsa bobowa jwa ka fa tlase le tsa mafofa a pidipidi. Dipidipidi gape di thapiwa mo dipolaseng go ja dikgopa le jaaka mokgwa o o botsalano go tikologo wa go laola disenyi tseno. Dipidipidi di botlhokwa mo go sireletseng dinonyane tse di nnye mo go tsona jaaka dikgogo kgatlhanong le magotlo le ditlhasedi tse dingwe tse di nnye. 

Phetolo ya Dipidipidi go Nama

Dipidipidi di tlhabelwa mo matlhabelong a dikgogo fela di tlile go tlhoka phetophetolo ya didiriswa tsa tlhabô ka ntlha ya bokete jwa tsona jo bo bokejana. Kgwetlho ele esi fela ka go tlhaba dipidipidi (kgotsa dikoko tsa metsi tse dingwe) fa go bapisiwa le dikgogo ke gore di na le mafofa a a lomapônyana a a tseneletseng kwa boteng jwa letlalo. Motšhine o o fisang ka metsi le go kuta mo matlhabelong a thuonong o ka nne wa se ntshe mafofa a a lomapônyana ka gotlhelele, mme go kutiwa ka seatla ga mafofa a a lomapônyana a a setseng le go ntsha bobowa jwa ka fa tlase jo bo setseng ka bonnye go a tlhokagala ka dinako dingwe. 

Tsamaiso ya tlhabô e akaretsa go kgwagetsa, tlabolo, tanka ya phiso ka metsi, ntsho ya mafofa, go bua (go ntsha mateng), go nathoganya (fa go tlhokega) le go phuthela. Dipidipidi tse di feletseng di phuthelwa ka mokgwa wa botlhokamowa, di tsenngwe mo mabokosong le go rekiswa ka sebôpegô sa boforeshe le bogatsetso. 

Dipidipidi di ka tswelela go ka phetolwa, go nathoganngwa le go baakanngwa go dira ditlhagiswa tse di jaaka semoti sa pidipidi, seemedi sa nama ya kolobe, nama ya pidipidi e e ntshitsweng marapo, sausage le nama e e somaretsweng ka tiriso ya mosi. Mafura a pidipidi a bewa kwa seêmông se se kwa godimo ka ntlha ya tatsô ya ona le kutlo-molomong e a e tsenyang mo dijong tse di jaaka ditapole tse di bêsitsweng ka ge gantsi ale tlhwatlhwa-tlase go na le bôtôrô. Mafura a dirwa gotswa mafureng a pidipidi le letlalo le le tlhagisiwang ka motsi wa tlhabô le wa nathoganyo. A na le ntlha-mosi e e kwa godimo thata e e a dirang gore a tshwanele go apaya ntle le go tsenya tatsô ya go fisiwa mo dijong.

Mae a Pidipidi

Mae a pidipidi ga a magolo fela go a kgogo le go nna le bontlhabongwe jo bo kwa godingwana jwa tlae ya lee, fela gape dikgapetla di di kimanyana mme seno se raya gore tshelô-poloko e telele. 

Boleng jwa dikotla jwa lee bo ikaega ka se phologolo e se fepiwang. Thuo-pidipidi gantsi e mo dithulaganyong tsa free-range mo dipidipidi di fitlhelelang letsatsi, mme Vitamin D e e ka mo teng e ka nna kwa godimo ga ya diphologolo tse di fepelwang ka mo gare ga kagô. 

Mae a pidipidi gape a kaiwa fa ale kwa setlhoeng mo go beikheng ka ntlha ya protein ya ona e e kwa godimo le bomafura jo bo kwa godimo jwa tlae, fela a na le bometsi jo bo kwa tlase, mme seno se kaya gore a ka nna le borabara fa a apeilwe go feta selekano. 

Bolemirui jwa Mafofa a Pidipidi

©Makoti Down Products

Dipidipidi di ruelwa ka kgethego tlhagiso ya mafofa le bobowa-tlase. Bobowa-tlase ke difilamente tse di mabudunyana tse di botlhofo tse di bopang bobowa jwa ka fa tlase ga mmele wa sehudi kgotsa pidipidi, mme bo diriswa jaaka matsetsa a kamoganyo mo diaparong le mo dikobông. Mafofa a mmele wa pidipidi a magwata mme a dirisetswa go katela mesamo, diaparo le ditlhagiswa dingwe. 

Go na le mekgwa ele meraro ya go ntsha bobowa-tlase le mafofa a mmele gotswa mo dipidipiding: morago ga loso (morago ga tlhabô), go kokoanya mafofa gotswa fa a tlhotlhoregeletseng teng (ka motsi wa go sola) le go kuta e e tshelang. Kuto e e tshelang ya mafofa a pidipidi, selo se eleng mokgwa-tiriso o o tlwaelegileng kwa dipolaseng tsa madirelo lefatshe ka bophara, gantsi e baka gore letlalo la phologolo le gagolege mme e dirwa dibeke dingwe le dingwe di le thataro goya go supa. 

Kotulô ya morago ga loso ya mafofa le bobowa-tlase jwa pidipidi ga e kgonagale. Jaaka go tlhagisitswe ke melawana-tiriso ya Afrika Borwa, matlhabelo - kwa dipidipidi di tlhabelwang teng, a tshwanetse go latlha matlakala a phologolo, go akaretsa madi le mafofa.

Ke eng Foie Gras?

©Romain Behar

Foie gras tota-tota e kaya gore 'sebete se se mafura' mme ke sebete sa dipidipidi (kgotsa sehudi) se se dirilweng mafura go letlelela kokoanô ya ka bonako ya mafura a mmele mme seno sa isa kwa sebeteng se se oketsegileng bogolo. Pele ga phudugô, dinonyane tsa metsi tse di jaaka dipidipidi di ne di ikatela dijo go dira dibete tsa tsona mafura, tse di neng di tla di tlamela ka maatla ka motsi wa phudugô e telele ya tsona. 

Mo bolemiruing jwa sešweng, phepô ka seatla ya korong le mhawa tse di inetsweng mo metsing go tshwana le ka fao Bagerika ba maloba ba neng ba dira, e ne ya sutisiwa ke tšhupu ya phepô. Diphologolo di fepiwa mmidi ka pateletso gabedi ka letsatsi mo sebakeng se se ka dirang dibeke di le pedi ka tšhupu ya phepô mo tsamaisong e e bitswang ‘gavage’. Dinonyane gantsi di tsholwa mo dihôkông tse di nnye, mme di palelwe ke go itlhapisa kgotsa go thuma. Mokgwa-tiriso ono o kganeditswe kwa dinageng di le di ntsi, go akaretsa Afrika Borwa. 

Morago ga tlhabô ya dipidipidi tse di fepiwang ka pateletso, sebete se se oketsegileng bogolo se baakanngwa sentse se le jalo, se tsenngwa mo motemeng kgotsa se dirwa mousse kgotsa go le gantsi semoti sa foie gras. 

Translated by Nchema Rapoo