Diterebe tsa Mofeine di Kotulwa leng?

© Louise Brodie
Morago ga dikgwedi di le 12 tsa go tlhokomela tshimo ya morara, jaanong ke nako ya go kotula. Seno gantsi se diragala mo bogareng jwa Ferikgong, go ya le gore ke selengwa sefe. Ponelopele ya thôbô e botlhokwa go lekalekanyetsa bontsi jo bo ka solofelwang jwa diterebe mo tshimong nngwe le nngwe, mmogo le bogolo jwa thôbô ka kakaretso ya masimo, gore go sweediwe ka ga palo ya badiri ba ba tla thapelwang kotulo.
Go ka thusa fa ditshenyegelo tsa kotulo di ka rulaganngwa mmogo le dipoelo tse di ka tswang. Mo godimo ga fao, ponelopele ya thôbô e thusa modira-mofeine go ka rulaganya tiro ya go dira mofeine le go o rekisa. Tsela e e gaisang ya go diragatsa ponelopele ya thôbô ke go bala dingatana tsa diterebe mo tshimong ya morara.
Diterebe tsa mofeine di kotulwa ka seêlô sa sukiri:esiti se se setseng se sweeditswe, go ya ka setlhagiswa le mofuta wa mofeine o o tlhokagalang. Seêlô sa sukiri:esiti ke bontsi jwa sukiri le esiti mo diterebeng le sesupo sa go butswa. Ditshupo tse dingwe tsa go butswa ke:
Seêlô sa sukiri
Boesiti
Mmala
Kgolô ya tatsô
pH

Seêlô sa Sukiri

Seêlô sa sukiri mo terebeng se metwa ka refractometer kgotsa ballingmeter mme se kaiwe ka degree balling (°B) - e e lekanang le 1.0 gm/100 gm ya motlhapolosa wa matute. Diterebe tse tshweu di ka kotulwa ka 20°B fa diterebe tse khibidu gantsi di kotulwa mo magareng a 23 and 25°B. Seêlô sa sukiri se oketsega ka 1°B malatsi mangwe le mangwe a le mane, fela se ka oketsega ka 1°B malatsi mangwe le mangwe a le mabedi go ya ka maemo a bosa. Seelo sa sukiri se ka fokotsega morago ga pula kgotsa nosetso, fa maemo a bosa a a bothitho a oketsa lebelo la koketsego ya sukiri.

Boesiti

Boesiti mo diterebeng bo fokotsega fa ntse seêlô sa sukiri se oketsega. Mefeine yotlhe e tshwanetse go nna le seêlô se se rileng sa boesiti. Fa go se jalo, mofeine o tla nna ‘phaphathi’ le go tlhoka semelo. Mefuta e mebedi e e botlhokwa ya diesiti tsa mofeine ke tartaric le malic. Tartaric ke esiti-kgolo mo diterebeng, mme e tsenya letsogo mo tatsông le mo tshomarelong ya mofeine, fa malic ele esiti e e tlholegang ka tlhagô mo diterebeng. Esiti ya malic e ka thugwa ke bacteria ya malolactic go bopa esiti ya lactic le carbon dioxide. Dielo tsa boesiti di sweetswa mo laboratoreng, mme di supetswa ka gram/litre.

pH

pH ya mofeine ke sesupo sa toisego ya diesiti mo diterebeng. Fa pH e ya kwa tlase, boesiti jwa mofeine bo ya kwa godimo. Tatsô, boforeshe le botswakabele (jwa mefeine e mehibidu), di angwa mo go sa siamang ke pH e e kwa godimo ga 3,5-3,6. Eno e ka tlhaloswa jaaka mefeine e e ‘mamipi’. Mefeine e e dirwang gotswa mo diterebeng tsa pH e e kwa godimo e, ga di tsofale sentle mme di nna le ditatso tse di “tswileng” bonolo. Go meta pH go botlhokwa thata ka go ka sweetsa tatsô, tsepamo le mmala wa mofeine o mobibidu. Boesiti le pH ka bobedi di na le seabe se se botlhokwa mo goreng mofeine o ka bolokwa sebaka se se kanakang.

Mmala

Go nna teng ga mmala mo diterebeng tsa mofeine o mohibidu go simolola ka Sedimonthole/Ferikgong. Metswako ya mmala e a bopega - fela jaaka metswako ya tatsô - mo boalong jwa sele ka fa tlase ga letlapi la terebe. Mo bontsing jwa dijadi tsa mofeine o mohibidu, ke letlapi fela le le nnang le mmala, leungokobolwa le sala le le lesweu. Mmala wa mofeine o tswa gotswa mo letlaping mme eseng mo matuteng - matute mo bontsing jwa diterebe tse khibidu ana mmala. Fa matute a terebe a bediswa le matlapi a mahibidu, dibakammala di fetisetswa mo matuteng go dira ‘mofeine o mobibidu’. Mmala o ka sweetswa kwa laboratoreng, fela o ka bonwa mo tshimong ya morara ka go tšhwetla moretlwa le go forogotlha letlapi go bona fa mmala o tla tswa. Dijadi tsa mofeine o mosweu di serolwana kgotsa botala jo bo sedifetseng ka mmala.

Ditatsô

Ditlhopha di le pedi tsa ditatsô di fitlhelwa mo diterebeng tsa mofeine: ditatsô tsa tlhagô tsa diterebe le menkgo e e tsentsweng ke sebidisô ka motsi wa pediso. Ditatsô tsa tlhagô tsa diterebe di bopiwa ke terebe, jaaka tatsô ya muscat ya diterebe tsa hanepoot le muscadel. Ditatsô tse di bopiwang ka motsi wa pediso ga di latswege mo terebeng, fela di bopega fa sebidisô se tsenngwa mo matuteng go bedisa sukiri e e mo diterebeng.

Translated by Nchema Rapoo