Disetoroberi

©Glenneis Kriel

Disetoroberi di bopa karolo ya lolapa lwa rose. Karolwana ya leungokobolwa e e jegang ya semela ke leroba la sethunya, fa ‘dipeo’ tse di bonalang tse di maramareng boalo jwa moretlwa, tse di bitswang achenes, ele sebopelo. Peo nngwe le nngwe, ka leitlho le lengwe, e tota ele leungo.

Motlhodi wa leina ga o a tlhapa. Bangwe bare le kaya mokgwa wa semela wa go phatlhalala, tsela e se gasagasanang fa godimo ga lefelo-tlhagiso. Bangwe ba akanya fa e katswa ele umako ya lotlhaka lo se kileng sa bo se rekisetswa ka mo gare ga lona dingwagangwaga tse di fetileng lwa England, kgotsa kobelo e disetoroberi gantsi di tlhagisetswang mo go yona.

Disetoroberi di dirisitswe mo mabakeng a tsa kalafi ke Baroma ba bogologolo go boela morago kwa ngwageng wa 230 BC, go alafa sengwe le sengwe gotswa go khutsafalô goya go matlapana a philo. Ka dinako tsa bogologolo tala, e ne e bonwa jaaka setsosolosa mafolofolo a thobalano le jaaka letshwao la lerato ka ntlha ya sebopego sa yona sa pelo le mmala o mohibidu. Meakanyetso ya setoroberi, ka nako e, gantsi e ne e betlelwa mo dialetareng le kwa godimo ga kereke le dipilara tsa kereke go supa tshiamisô le bodiratshiamo.

Jaaka go kailwe ke David Trinklein wa University of Missouri, mongwe wa seemô se se kwa godingwana mo kgotleng ya ga Napoleon - Mohumagadi Tallien o ne a tumile ka go tlhapela mo disetorobering. Gatwe o ne a dirisa go fitlha go dikilograma di le lesome tsa disetoroberi ka motlhapo mongwe le mongwe.

Batlholegi ba kwa Amerika ba ne ba setse ba ja disetoroberi fa bakoloniale ba goroga. Temô e simolotse ka paka ya Renaissance kwa Yuropa, fela United States e tlhamile mofuta-pedi wa ntlha ka 1780.

Tlhagiso Boditšhabatšhaba

China ke motlhagisi yo o kwa setlhoeng wa setoroberi mo lefatsheng, e rwele go feta 40% ya tlhagiso, goya ka Tridge, setheo sa bokokoanyi-tshedimosetso sa boditšhabatšhaba. United States ke motlhagisi wa bobedi ka bogolo mme e rwele fa go ka dirang 15%, e selwa morago ke Mexico, Spain, Turkey le Egypt, e nngwe le nngwe e rwele 4 goya go 5% ya tlhagiso yotlhe.

Spain ke moromela-ntle yo o kwa setlhoeng, e rwele 23% ya palogotlhe ya thomelo-ntle, e selwa morago ke Mexico, e e rweleng 22%, United States, e e rweleng 18% le Netherlands, e e rweleng 10.2%.

Moromela-teng yo o kwa godimo ke United States, e tshotse go feta fela 20% ya diromelwa-teng, e selwa morago ke Canada, e e tshotseng 13% le Germany, e e tshotseng 10% le United Kingdom, e e tshotseng 8%.

Tlhagiso Selegae

©Louise Brodie

Mefuta ya ntlha ya setoroberi e ne e setse e tlisitswe mo Afrika Borwa ka 1656. Mokgatlho wa Bajadi ba Setoroberi ba Afrika Borwa o theilwe ka 1972 go tlamela bajadi ka serale se mo go sona dintlha tse di rileng di ka sekasekwang mo bomolemong jwa maloko a ona.

Tlhagiso e oketsegile go utlwala mo Afrika Borwa mo ngwagasomeng o o satswang go feta ka ntata ya letlhoko le le golang, fela e santse ele tlhwatlhwa-godimo mme e tlhoka bodiredi jo bo tseneletseng, mme seno se bakile gore e nne fela batlhagisi ba ba ka nnang 12 ba ba rwalang 90% ya tlhagiso yotlhe.

Tlhagiso

©Glenneis Kriel

Disetoroberi di diragatsa bontle mo dikgaolong tsa mariga a a tsididi le selemo se se bogareng mme di gola bontle mo mebung e e tswang metsi sentle ya botswatsheding jo bo kwa godimo. Bontsi jwa disetoroberi tsa Afrika Borwa di tlhagiswa kwa Brits - toropo ya kwa Bokone Bophirima, le kwa George, Paarl le Stellenbosch kwa Kapa Bophirima.

Mo go ka nnang halofo ya disetoroberi di tlhagisetswa kwa ntle, fa tse di setseng di tlhagisetswa ka fa tlase ka tshireletso. Seno ga se thuse fela go sireletsa sejalo seno sa boleng jo bo kwa godimo kgatlhanong le mabaka a tikologo, fela se taolosa setlha sa tlhagiso le go tokafatsa boleng jwa moretlwa. Go jalela ka fa tlase ga tshireletso fela go isa tlhwatlhwa ya tlhagiso kwa godimo thata.

Setlha sa Tlhagiso

©Glenneis Kriel

Ka go ikaega ka mofuta le kgaolo ya tlhagiso, disetoroberi di jalwa go tloga ka Mopitlwe go fitlha ka Moranang mme di kotulwa go simolola ka Seetebosigo go fitlha Sedimonthole mo Afrika Borwa.

Mefuta

©Glenneis Kriel

E e tlwaelegileng thata mo mefuteng ke mefuta-pedi ya setoroberi se se tlhaga sa Virginia, se se tlholegang kwa Amerika Bokone mme ele mofuta wa kwa Chile. Mefuta e e farologaneng ya setoroberi e a jalwa mo Afrika Borwa, mme bontsi jwa diresemela di ka fa tlase ga dithata tsa batsadisi, seno se raya gore balemi ba tshwanelwa ke go duelela tiriso kgotsa e nne maloko a setlhopha sa bajadi gore ba kgone go fitlhelela seresemela.

Mefuta ke ya ikemelanosi-go-letsatsi kgotsa ya letsatsi-khutswe. Mefuta ya ikemelanosi-go-letsatsi e thunya ka boyona go sa kgathalesege boleele jwa letsatsi, fa mefuta ya letsatsi-khutswe e tlhoka seelo se se rileng sa letsatsi gore e thunye. Gantsi e thunya ka dikgakologo kgotsa letlhabula.

Dithekiso

©Glenneis Kriel

Mo go ka dirang halofo ya disetoroberi tsa Afrika Borwa go rekiswa go le foreshe, fa gae. Tse di setseng di a phetolwa kgotsa di romelwa-ntle goya kwa dinageng tse dingwe tsa Afrika, tse di jaaka Swaziland, Namibia, Mauritius le Mozambique, kgotsa kwa dinageng tse di kwa Botlhaba-Gare tse di jaaka United Arabian Emirates, Qatar le Kuwait.

Ditiriso

Disetoroberi di kaiwa fa ele dijo tse di maatla ka ntlha ya go nna le vitamin, minerale, fibre le antioxidant tse di kwa godimo. Gape ‘peo’ ya setoroberi e humile ka Omega 3.

Disetoroberi di ka itumelelwa di le tala, tsa diriswa mo disalateng, mo go beikheng le mo yoghurteng kgotsa tsa phetolwa go dira dijeme, confiture, dinomaphodi kgotsa disirapo.

Leungo le matlhare di dirisetswa go alafa mefuta e e atologileng ya malwetse, e e farologanang gotswa go arthritis goya go letshoroma, makoa a mala le diphilo goya go phepafatso ya madi le tlhaêlô ya madi. Le ka diriswa gape jaaka segateledi go alafa boswata.

Translated by Nchema Rapoo