Go Dira Bolemirui ba Dilitšhi

© HL Halls and Sons Group

Dilitšhi e gape di bidiwa lychees (Litchi chinensis Sonn) ke leungo la boboatsatsi le le tlholegileng kwa China. Leungo le gola ka ditlhopha mo ditlhareng tse di kgolo le le tsayang dingwaga di le thataro go ya go di le robedi go tsena mo ntshokunong e e tletseng. Ditlhare tsa dilitšhi di tlhoka monola o montsi mo mmung o o eledisang metsi botoka. 

Setlhopha sa Bajadi ba Litšhi sa Aforika Borwa (SALGA) se tshegetsa le go tsamaisa ntshokuno ya litšhi go le go rekisa mo Aforika Borwa mme se ka thusa ka go gakolola ka mekgwatiriso ya tsamaiso ya litšhi.

Maemo a Bosa

Maemo a bosa a a gaisang a litšhi ke dikgaolo tse di nang le dilemo tse di telele tse di bolelo le tsa e ntsi pula le bongola jaaka leungo le na le metsi a a lekaneng a a tlhokegang. Dilitšhi di tlhoka mariga a makhutshwane, a a omileng a a tsididi (ka fa tlase ga 15-20ºc) mme e ka se kgone go itshokela serame. Dikumo tsa litšhi e e bonweng mo dikgaolong tse di ka selemo ka dithempereitšha tse di fa gare ga 25 - 30°C le bonolo bo bo nnye.

Go Jala Dilitšhi

Mefuta ya ditlhare tsa dilitšhi e e jwetsweng mo Aforika Borwa ke Mauritius (90% ya ntshokuno ya tsa bogwebi le mofuta wa setlhare wa mo gare ga setlha) McLean’s Red (ntshokuno e e ka fa tlase ga 7% ya bogwebi le mofuta wa kwa morago ga setlha). Mefuta e mennye e e dirisiwang mo intasetering ke Fay Zee laelang Siu, Wai Chee (ya morago jaana) le Early Delight (ya ntlhantlha).

Ditlhare tsa bašwa di tshwanetse go rekiwa go tswa go kwa mafelong a go godisa dimela a a tlotlegang mme di jalwe kwa tshimologo ya setlha sa pula. Bontsi jwa ditlhare tsa litšhi di phatlalatswa ka mowa. Dipatlisiso tsa Aforika Borwa di supa gore ditlhare tsa dilitšhi di lomeleditswe di ntsha botoka go feta ditlhare tse di jetsweng ka mowa.

Tshekatsheko ya mmu e e tseneletseng pele ga go jwala dilitšhi di tla bontsha tlhaelo ya kotla nngwe le nngwe kgotsa go feta. Se se ka fetolwa ka nako ya go baakanya mmu mme morago ga moo, ka nako ya go mela go ya ka tshekatsheko ya matlhare.

Dilitšhi di gola sentle mo mmung o o motlhaba mo tikologong e e leng tsiditsana mme ka go lekana le kwa dikgaolo tse di bollo tsa nmu wa mmopa. Ga di gole sentle mo mmung o o sa elediseng metsi sentle kgotsa mmu wa dillaga tse di sa sutlhelegeng. Nosetso e tshwanetse go diriwa go ya ka mofuta wa mmu. Sekao, ka bokhutswane, nosetso ya ka gale e tshwanetse go dirisiwa mo mmung wa motlhaba.

Bophara jwa go jala bo bo siameng bo tla ikaega ka dintlha tse di jaaka mofuta wa mmu le mofuta wa setlhare, mme mothamo o tswa kwa go 12 x 12 dimetara (65 ditlhare ka hektara) go ya kwa go 10 x 5 dimetara ( ditlhare tse 200 ka heketara) go ya ka dithulaganyo tse di tseneletseng. Mo dithulaganyong tsa seka-go tsenelela tsa go jala bophara bo ka nna 8 x 4 dimetara (312 ditlhare ka heketara), kgotsa go fitlha ka 6 x 4 dimetara mo dikgaolong tse di leng tsididitsana.

Ditlhare tsa litšhi di dithunya go fitlha go malatsi a le 21 ka nako ya dikgakologo tsa Aforika Borwa. Dithunya ka tshwanelo di dulafatsa ke dinotshe jaaka fa dinotshe di rotloetsa ditlhopha tsa maungo. Khansele ya Dipatlisiso ya Temothuo (ARC) e atlanegisa metshitshi e mebedi go ya go e mene ka heketara go bewa mo teng ga tshinghwana ya maungo, kgakala le pharakano ya batho.

 Leungo la litšhi le tsaya magareng ga malatsi a le 84 le 112 go mela, go ya fela ka mofuta wa setlhare le kgaolo ya ntshodikuno. Palogare ya boima ba maungo e mo magareng ga 16 le 35 g.

Setlhopha sa maungo (go tshola) se ka tokafadiwa ke go rotloetsa go dulafatsa, go tlamela ka dikotlonnye jaaka senke le boron, meitlamo, go laola disenyi le go lekanyetsa go nosetsa.

Disenyi le Malwetse a Dilitšhi

Motoutwane wa litšhi, ntsi ya maungo ya kwa Natala le motoutwane wa go itikolosa wa maaka ke disenyi tse tseneletseng tsa litšhi. Litšhi e na le sediko sa botshelo se tshwanang le seepa manoko a macadamia. Dijalo tse dingwe tsa monggae tsa motoutwane wa litšhi ya macadamia, Bauhinia, caesalpinia (dithunya tsa ditlhare tsa mopolamo) ditshedi tsa Acacia.
Disenyi tse dingwe tse di amang litšhi di akaretsa le seepa kutu ya dinematodese.

Ditshwene tsa vervet, dimamanthane, dinonyane, segolobogolo dinonyane-peba le dipeolwane di ka tlhola tatlhego ya kumo le tshenyo ya maungo.

Go bola ga morago ga thobo go tlhodiwa ke meouta di ka tlhola thsenyego ya maungo le khutshwafatso yabothselo jwa šelofo mme di ka lekanyediwa ka sebabole daeksaete go kubetsa morago ga go roba.

Translated by Lawrence Ndou