Dimmulubere

©Louise Brodie

Tlhago ya matota ya dimmulubere ga e itsege ka ntlha ya gore go na le mefuta ya ditshedi e e farologaneng mo lefatsheng lotlhe. Tlholega go Yuroasia le Amerika Bokone, dimmulubere di dirisitswe pele jaaka Segerika le dinako tsa Maroma ga mmogo le Maamerika a Tlholego jaaka dijo, melemo le sefetolammala.

Tlhopho ya sediriswa sa sejalo e simolotse fela ka nako ya bogareng go ya morago ga ka bo1800. Fa ntshokuno e ne e tlwaelegile mo dithekisong tsa selegae ka bo1900.

Ntshokuno ya Boditšhabatšhaba

Mo dingwageng tse di fetileng, ntshokuno ya mmulubere e ne e ntse e oketsega ka bonya go lepalepana le tlhokego e e oketsegang. Se se tliswa ke dipolelo tsa pholo go duela badiri go ja maungo a mantis a foreše. Tlhokego e ntse e gola ka gonne dimmurubele ke dijo tse di botlhofo tse di siameng tse di leng go le gonnye go nna matlakala, mme o dira tlaleletso ya sefitlholo sa disirele le diyokate.

Tlhabololo ya mefuta e mentšhwa e thusa bantshakuno go fitlhelela ditsholofelo tsa badirisi ka go tokafatsa tatso, e bonolo go uma, botshelo ba dišelofo ba moretlwa le boleng. Amerika, Yuropa le Mexico ke bantshakuno ba ba eteletseng pele.

Ntshokuno ya Selegae

©Louise Brodie

Ntshokuynoo ya mmulubere e nnye mo Aforika Borwa e bile e bonelwa pele go nna ka tsela e, mo dingwageng tse di latelang. Nngwe ya dikgwetlho tse di kgolo tsa intaseteri ke gore mefuta e a jalwang moo ga e a tshwanela go nna diromelwantle. Le fa go ntse jalo, mefuta e e mentšhwa e nna teng e e tla thusang go samagana le kgwetlho e.

Ntshokuno

Dimmulubere di tla mela mo mmung o o boteng o o eledisang metsi botoka, mmu o o nang le dibodi tse di kwa godimo mme ga jaana e ntshiwakuno kwa Kapa Bophirima, Foreisetata, Bokone Bophirima, Gauteng le Limpopo. Bokana bo bo ka nnang 80% ba sejalo e ntshiwakuno mo dikhutlwanapontshong, mme o o salang o ntshiwakuno mo masimong a a bulegileng.

Setlha sa Ntshokuno

Dimmulubere ke maungo a selemo, ka setlha sa go ntshokuno mo Aforika Borwa se simololang ka Ngwanatsele go ya ka kgaolo ya ntshokuno le mefuta e e farologaneng.

Mefuta e e Farologaneng

©Louise Brodie

Mefuta e e farologaneng e a jalwa, e e ka nnang gongwe tshegetso kgotsa mefuta e e farologaneng e e agiwang, ka dikgato tse di farologaneng tsa go nna mebutlwa. Tse di farologaneng tse di agiwang ka kakaretso di nna tsididi thata go feta tse di farologaneng tse di tshegetswang.

Dijalo tsa mmulubere di tsaya go fitlha dingwaga di le tharo go fitlhela go gola le go tswelela go ntshakuno le matswela go fitlha dingwaga di le somepedi. Ka 2018, dimmulubere tse di ka nnang 52% tse di jetsweng mo Aforika Borwa e ne e le kwa tlase ga dingwaga di le tharo ka bošwa le go feta 40% e ne e le tse digolo go feta dingwaga di le supa, jaaka go tlhagisitswe ke Mokgatlho wa Bantshakuno ba Aforika Borwa.

Thekiso

©Louise Brodie

Mokgatlho wa Bantshakuno ba Aforika Borwa o tlhalosa gore Aforika Borwa e ntshakuno tse di ka nnang ditone tse 225 tsa moretlwa ka 2018, e e leng 48% e rometsweng ntle, 41% e ne ya rekisiwa mo gae le 11% e ne ya diragadiwa. Go feta 90% ya diromelwantle di ile kwa Yuropa le kwa Botlhabagare.

Ditiriso

Dimmulubere di tsewa jaaka dijo tsa maleba, ka gonne di humile ka dibithamini A, C le E, dimenerala, tse di jaaka potasiamo, makanesiamo le kalasiamo, gammogo le tlhale le leokwane. Dikotla tsotlhe tseno go dumelwa gore di thusa go thibela malwetse a pelo.

Dimmulubere di ka nna tsa itumelelwa di le foreše, di dirisiwa mo dijong tse di bakilweng, di tsidifaditswe kgotsa di diragaditswe go dirisiwa mo diphuting, matute, diteye, diyokate le dijamo. Medi e itsege e thusa go alafa letshololo le mala a mahibidu. Fa dinsthiwa tsa matute di itsiwe di sireletsa letlalo kgatlhanong le ditshwaetso le go tsofala go sa le gale.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Lawrence Ndou