Dilitšhi

© Luc Viatour

Litšhi kgotsa lychee jaaka ga gape e bidiwang (Litchi chinensis) ke ya tlholego kwa dikgaolong tse di bothito tsa borwabotlhaba jwa China mme e ntse e jwalwa go tloga ka 2000 Morago ga Loso lwa Jeso. Leungo le gola ka ditlhopha tse di repileng, kwa ditlhareng tse di kitlaneng tse melang ka bonya tse di nnang di talafetse fa gare ga dimetara di le 9 go ya go 30 kwa godimo. Ditlhare tse di leng sediko a a leng magolo jaaka e le kwa godimo.

Maungo a bohibidu ba setoroberi, bopinki kgotsa bopinki-borokwa ka mmala fa a butswitse, sebopego se se motopo, sebopego sa pelo kgotsa go ka nna sediko ka sebopego. Maungo a litšhi a tlhaolwa jaaka maungo a letlapa. Mmele o botshe, wa monko le go bonalala e khupeditswe ka letlalo le le obogang bonolo, la bokgopa le le magwata. Peo ya litšhi e ka nna motopo kgotsa e swabile le popego ya ’loleme la kgogo’. 

Litšhi e e amana le rambutan le longan, maungo a le mabedi a mokgopha o o tshwanang, le le tumileng kwa Asia. Rambutan e khupeditsweng ka mebitlwa e bohibidu le botala mme e na le tatso e e lebebe mebitlwa fa longan (‘leungo le leitlho le drokeno’) le na le mmala o o borokwa bo bo borethe le tatso ya kuku.

Bolemirui ba Litšhi

China ke montshakuno o mogolo go feta wa dilitšhi, fa Aforika Borwa e le montshakuno o monnye mme o o botlhokwa mo kgaolong ya borwa. Intaseteri ya litšhi ya Aforika Borwa e agilwe mo mefuteng e le mmalwa e e lebisitsweng mo nako e le nnye ya go roba - go tsweng magareng a Diphalane go ya go Tlhakole - ka kgolo ka Sedimonthole.

Ditlhare tsa litšhi ke tse di kgolo tse di nnang di le tala mme di rata maemo a botšarara mo mmung o o bongola o o eledisang metsi botoka.

Ke leungo le le ntshang ka tatelano, go ra gore le ntshakuno dijalo tse dikgolo ngwaga o le mongwe mme e le thobo e nnye nako e e tlang.

Ditiriso tsa Dilitšhi

Leungo la litšhi le bonolo go obolwa le peo e thelela ka bonolo kwa ntle ga botshe, monko, mokgopa o o senang bofitlha. Maungo a a mannye a a nang le dikotla a jewa a le foreše, le ka dirwa matute, go nna dijamo, dimonamone le go tsenywa mo metomong. Le fa go le jalo, leungo le itsiwe jaaka ka go latlhegelwa ke monko fa le le mo metomong.

Matute a dilitšhi a foreše matute a tswaka sentle le matute a namune le kalaka mme a tshwanetse go dirisiwa ka bonako. Go atolosa botshelo jwa šelofo ba matute a litšhi, ditshomarelo jaaka potasiamo meta-bisulphate di ka dirisiwa.

Veine ya litšhi e ka dirwa ka go dirisa tšhotlho ya maungo, ka go e bidisa ka sebediso go ntsha waene ya dikotla tse di ka nnang diteng tsa nnotagi tsa 11% le monko wa rosa.

Dilitšhi tse di obotsweng di ka gatsetsiwa di feletse, le kgotsa kwa ntle ga peo, go somarela tatso ya tlhago. Maungo a ka nna a gatsetswa ka go nna sirapa mme e tla nna mo maemong a a siameng mo dikgweding di le 12 fa e tsidifaditswe ka bonako le go bewa ka fa -25℃..

Dilitšhi tse di Omisitsweng

Dilitšhi di ka omisiwa le gale fela le ka dirwa ka mo sekaleng sa kgwebo mo Aforika Borwa. Metsi a latlhega mo thulaganyong, mme dikotla tsotlhe di a bolokwa. Ka nako ya thulaganyo eno, letlalo le a thatafala mme boloka popego ya yona le mmala ka ntlha ya kalafi e e nang le taoksaete ya sebabole. Taoksaete ya sebabole le yona e tokafatsa go nna le morabana mo letlalong le go tokafatsa thulaganyo ya go oma. Le fa go le jalo, mokgopa o a swaba. Dikilogeramo tse di ka nnang 4.5 tsa mokgopa wa dilitšhi di tla go naya kilogerama e le nngwe ya dilitšhi tse di omileng. Botshelo ba šelofo ba dilitšhi tse di omisitsweng ke dikgwedi di le thataro.

Go Somarela Dilitšhi tse di Foreše

Litšhi e foreše gape e k somarelwa ka go inaela maungo a a obotsweng mo gare ga motswako wa letswai wa 30% - go tshwara filimi e tshweu go dikologa leungo. Morago ga ura e le nngwe, tlosa maungo tlosa filimi e tshweu. Ditso tsa kwa Asia, bogolosegolo kwa filosofing ya seChina, go dumelwa gore e tlosa filimi e tshweu mo leungong la litšhi go tla fokotsa ‘molelo’. Mo lebakeng le, ‘molelo’ o kaya nngwe ya dilo di le tlhano tsa tlhago tsa botshelo. Molelo o supa matla a a matlhagatlhaga le phatshimo ya semowa. Mo godimo ga moo, ‘molelo’ gape o ka bonwa e le go na le letshoroma, tatlhegelo ya boroko, go opiwa ke tlhogo le lenyora. Gape go atlenegisiwa go natha go le mmalwa ga nama kgotsa sopo ya nama pele fa o ja dilitšhi go ‘fokotsa molelo’. Katlanegiso e nngwe ke gore sa feteng dilitšhi di le 10 di tshwanetse go jewa ka nako e le nngwe.

Mesola ya Dilitšhi

Dilitšhi di kwa godimo ka diphepafatso, bithamine B2 (riboflavin), potasiamo le koporo. Go lekanyetswa gore dilitšhi di le supa di lekana le diteng tsa bithamine C ya namune le 100% ya mogolo go e ja e e atlanegisitsweng letsatsi le letsatsi.

Dilitšhi di na le hypoglycin mme e ka fokotsa maemo a madi a sukiri. E ka nna kotsi fa dilitšhi tse di sa butswan di jewa ka mogodu o o lolea. Dilitšhi di humile ka dipolyphenol (diphepafatso), go akaretsa diproanthocyanidin. Dilo tse di ka thusa go thibela kankere le bolwetse jwa pelo.

Translated by Lawrence Ndou