Dikuno tsa Abokado

©Photo courtesy of the California Avocado Commission

Diabokado gantsi di jewa di le foreše ka popego ya tlholego mme di ka diriwa go ntsha oli le tšhotlho. Ka 2018, ntshokuno ya Aforika Borwa ya diabokado e ne e le mo tsamong ya ditone di le 170 000, e leng gore halofo (86 000 ya ditone) di rometswe kwa Yuropa le UK. Bokana ka 40% bo ne ba rekisiwa mo mmarakeng wa selegae mme nngwe e ka nnang 10% e ne ya diriwa go nna oli ya abpokado le tse di thogilweng.

Oli ya Abokado

Diteng tsa oli ya diabokado ke tsa bobedi fela mo go motlhware le fa gongwe go nna e kgolo.

Diteng tse di buduleng tsa diabokado di ka diriwa go ntsha oli e tala, oli e e tlhotlhilweng, le oli ya abokado e e seditsweng ka botsididi; se se dirisiwa mo ditlolong le dijo. Oli ya abokado e ka nna gone jaaka e e sekilweng ka tlaleletso gape e ka tsenywa tatso, sekao le konofole kgotsa ratsuru. Kwa ntle ga tiriso ya yona mo disalateng le metswakio, e na le ntlha e e kwa godimo ya mosi wa 250 °C se se dirang gore e nne e e siametseng go gadika le go besa.

Oli ya abokado ke motswedi wa diesiti tsa mafura a omega-3, di na le diesiti tsa mafura tse di sa tswakwanywang tse di jaaka esiti ya oleiki e e leng ya thibela thurugo e e senang kholesterolo. Gape e sa ntse e na le mmalafatsi wa dijalo e e seng fela motswedi wa tlhago wa maknesiamo mme gape e thusa mmele go rebola ditshipi tse di bokete.

Oli ya abokado ke oli e e nonneng ka bithamine e e nang le bithamine A, B1, B2 le D, mafura a amino, lesithini mme gape ka go segolobogolo e akgolelwa ka dithoto tsa yona tsa lokwane leo le kgoreletsang oksideišene ya dithoto ka ntlha ya maemo a a kwa godimo a bithamine E. E tshwanetse masisi, mo letlalong le l esentsweng ke letsatsi gape e ka thusa go fokotsa mathata a letlalo jaaka mosweswe le bolwetsi jwa letlalo.

Oli ya abokado e phuteletswe mo mabotlolong a galase go ya go rekisiwa le oli e e leng teng ka bontsi mo metomong ya dilatara tsa 210.

Tšhotlho ya Abokado

©Westfalia Fruit

Diabokodo di a diriwa go tlhama guacamole - e e leng e inetsweng, kgotsa abokado e e thugilweng/tšhotlho. Kgatelelo e e kwa godimo e ka dirisiwa go ntsha tšhotlho, mme kwa morago kuno e e puthetsweng le go kgatlhiswa kwa go 18°C go ntsha. Tšotlho e e kgatlhisitsweng e na le botshelo ba dišhelofo jwa go fitlha go dingwaga tse 2 le go tsenywa mo setsibifatsing malatsi a botshelo jwa mo dišhelofong morago ga go gakoloswa. Gakolosa mo tsamaong ya bosigo botlhe ka mo setsidifatsing.

Tšhotlho ya abokado e ka nna ya tsenywa tatso ya tamati, eiye, ratsuru khorianda le diloki jaaka dipherefere. Dipakete tsa kwa mabenkeleng di bewa mo ditshelong tsa polasetiki le mo dikgetsaneng tsa polasetiki ka dikuno tsa bontsi di phuthetswe go fitlha go 3 kg. Bontsi jwa dikuno tsa abokado e e thugilweng le motswako wa kinelo ya abokado tse di tswang mo Aforika Borwa di kannwe jaaka Kosher le Halaal.

Abokado e e Tsidifaditsweng

©Westfalia Fruit

Diabokado tse dudule di a obolwa, di ntshiwa peo le go segiwa go nna dikarolwana kgotsa diboloko. Dikarolwana tse tsa diafokado ka jalo di a inelwa mo motswakong wa esiti ya eskobiki le sitrik esiti pele ka fa e tsidifadiwa ka bonako (IQF). Kuno e e tsenywa mo dikgetsaneng tsa polasetiki.

Translated by Lawrence Ndou