Dikgang tsa ga Nkoko ka ga Kgatelelô-Maikutlô

Alicia Mdaka o arogana kgang ya gagwe ya kgatelelô-maikutlô le gore dikamano tsa gagwe le Grandmothers Against Poverty and Aids (GAPA) di mo thusitse jang.

Go Tsenya Lesedi

©Eric Miller

Ke ne ka patlama mo bolaong ke ikhunile, ke le bogatsu ka kutlôbotlhoko. Fao, mo lefifing la phaposi ya me, ke letleletse lefifi le le mo go nna gore le tsoge le mphekeetse, mme ke ne ka sweetsa go ipolaya. Tsela e e bonolo e ne ele go patlama mo seporong se se gaufi le legae la me kwa Khayelitsha mme ke emele setimela gore se tle. Kwa bofelong, ke tla nna le boikhutsô.

Fela go ne ga se nne jalo ka gonne, ka motsotso oo, morwa wa me Anthony o ne a tla go kokota mo lebating la me. Mme o ne a fetola kakanyo ya me ya go ipolaya go ya go ile. E ne ele ngwaga wa 2001, mme ka sebaka ke ne ke retelelwa ke go dira sepe ntle le go lela, le go lela, le go lela gape. Ke ne ke lapisitswe ke kutlôbotlhoko e e ageletseng dingwaga-ngwaga.

Ke ne ke sa tlhole ke batla botshelo jonô jwa ga Alicia Mdaka, botshelo jo a neng a se kake a bo itlhophela, fa fela a ne a kgonne go tlhopha. Ke ne ke bo tlhoile jotlhe, mme ke ne ke itlhoile gore ke gaetswe mo go jona, fela ke ne ke sa bone tsela e nngwe ya gotswa mo go jona.

Ga ise o bone Mmê wa me?

©Eric Miller

Ka jalo ke ne ka notlela lebati la kwa pele, ka tswala digaretene mme ka iphitlha mo lefifing la ntlo ya me. Mme, ka letlhabaphefo, go ne ga tla lentswe la ga Anthony a bua le moagisani, mosadimogolo yo leina la gagwe ke sa le gopoleng ga jaana. ‘Ga ise o bone mmê wa me?’, o ne a botsa. ‘Nyaa’, mosadimogolo o ne a fetola, ‘Ke bone ditlogolo, Thuthukani le Julliet, ba ya sekolong, fela ke kgalenyana. Ga ke itse gore o kae.’ ‘Ke mo reketse dipitsa le dipane tse di ntle tse ntšha.’, o ne a bua.

Lentswe la gagwe le le boleta le le bonolo okare tsotlhe di siame mo lefatsheng. ‘Ke lekile go bula lebati la gagwe fela le notletswe. Ke akanya gore ke tlile go roba lôkô, gore ke beye dipitsa le dipane tseno ka mo gare. Ke tla baakanya lebati morago.’ Seo se ne sa dira gore ke emelele. Ke ne ka tabogela kwa lebating la kwa pele mme ka le notlolola.

Fa ele gore o tlile go thuba lebati, bogolo ke boloke matsapa a gagwe mme ke boloke le lebati. ‘Nyaa, o seke wa roba sepe, ke a go bulela’. Ke ne ka goeletsa le go mo bulela. O lebile sefatlhego sa me se se rurugileng gangwe mme are, “Mmê, go ntse go diragala eng? Ke gore eng o lela?’ Ke ne ka tshwanela ke gotswa ka nnete.

Mo dikgwetlhong tsotlhe tsa lapa la me, Anthony ke ênê yo o ntseng a leka ka natla go thusa. Fa a ne a santse a dula le nna, o ne a tle a direle ditlogolo difitlholo mo mesong, mme o ne a tlisa madinyana a a rileng fa gae fa a ne a dira. O na le pelo e ntle mme ke a mo tshepa. ‘Anthony, nka se kgone go tswelela’, ke ne ka mo raya.

‘Ga ke kgone go akanya tsela e nngwe ntle fela le go sala barwadiaka morago. Ke batla go nna le bona. Ke batla go ya kwa lefelong le le botoka.’ ‘Ga ke itse gore nka go bolelela seno jang ka bonolo – Ntse ke patlame fano ke akanya ka tsela e nka khutlisang tseno tsotlhe.’ O ne a ntsaya ka seatla, a nkisa kwa sofeng mme fa re sena go dula fatshe a nteba mo matlhong.

Ga ise nke a ntshe leitlho mo go nna. ‘Oa itse ke eng?’ O ne a bua. ‘O ne o le mo dikotsing di le tharo tsa sejanaga, wa gobala mo go tsona tsotlhe, fela Modimo o go bolokile. O nnile le go swa mhama makgetlhô a le mararo mme Modimo o go bolokile. O a itse gore ke goreng?’ ‘O ne a itse gore tsatsi lengwe o tlile go tsaya bokgaitsediaka Olive le Prudence, mme bana ba bona ba tla sala.

O ne a go tlhoka gore o tlhokomele bana bano. Ba a go tlhoka, ma.’ ‘Fa o tsamaya jaanong, go tlile go diragala eng ka bona? E tlile go nna selo se se maswe, se se maswe thata. O tshwanetse go emisa go akanya ka tsela enô.’ Mafoko a gagwe e ne okare ke metsi a a tsididi a a ntlhapisang, a ntsenya letshogô la gore ke tsoge.

Mo kutlôbotlhokong ya me, ditlogolo tsa me di nyeletse mo tlhaloganyong ya me. Fela di ne di tshela – di tshela fa ke ne ke sa eletse go tshela – ka ditsholofelo le diketsaetsego tse ke di gopolang sentle fa le nna ke ne ke santse ke le monnye. Kwa bokhutlong, Anthony o ne are, ‘Amen.’ ‘A re rapele’, ke ne ka mo raya. Re ne ra khubama ka mangole mme ka lela thata, ke ntshetsa Modimo se se mo pelong ya me. O ne a retologela kwa go nna.

‘Ma, o seke wa dira seno gape, ka kopô. Ke kopa gore o seke wa akanya seno gape.’ Ke ne ka bula lebati la kwa pele mme ka bula le digaretene gore lesedi le tsene ka mo gare. E ne ele bokhutlô jwa dikeledi ka tsatsi leo. E setse ele dingwaga di le di ntsi ga jaana fa e sale ke batlile go ipolaya mme dilo di santse di le thata. Ke santse ke tsaya melemô ya go retibatsa kgatelelô-maikutlô tsatsi le letsatsi, le dipilisi tse di nthibelang gore ke seke ka swa mhama gape.

Fela malatsi anô dipilisi ga se tsona fela tse di ntataisang. Malatsi ano rona bonkoko re simolola go lemoga se se diragalang mo matshelong a rona mme re thusana gore re tie, kwa kerekeng ya me le kwa mokgatlhong o re o tlhamileng mmogo, Grandmothers Against Poverty and Aids, o re o bitsang GAPA.

Bokgaitsediaka ba GAP ba nkgothatsa le go nkgomotsa. Fa e ne e se ka bona, nkabe ke sule ga jaana; ga gona pelaelo ka ga seo. Re lelapa le le golo la bonkoko ba ba tshegetsanang, re ntshana kgatelelô ya tlhaloganyo, ebile re rutana go tshega gape.

Translated by Nchema Rapoo